2020
Go abelana Lesedi la Mmoloki ka Keresemose
Sedimonthole 2020


“Go abelana Lesedi la Mmoloki ka Keresemose,” Liahona, Sedimonthole 2020

Setshwantsho
go direla

Senepe sa botsalo ka Niltza Beatriz Santillan Castillo; senepe sa mpho go tswa mo ditshwantshong tsa ga Getty

Melawana ya go Direla, Sedimonthole 2020

Go abelana Lesedi la Mmoloki ka Keresemose

Akanyetsa ba o ba direlang. O ka ba thusa jang go nna gaufi le Keresete Keresemose e?

Jaaka fa re gakologelwa Mmoloki Jeso Keresete ngwaga otlhe, Keresemose ke paka e re ipelelang mpho e kgolo e e kileng ya neelwa: “Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo kalo a neela Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi” (Johane 3:16). Fa re direla ka Keresemose, le rona re ka naya dimpho tse di ka thusang ba bangwe go atamela gaufi le Mmoloki. Go go ntle thata go ikakanyetsa re tshwana le mpho e e neetsweng ke Rara wa Legodimo.

Ke Santse ke Itumelela Mpho ka lerato

Susan Hardy, California, USA

Fa ke ne ke le dingwaga di le 11, morutintshi wa me wa Sekolo sa Sontaga, Mokaulengwe Deets, o boleletse tlelase ya rona gore fa re ka tshwara ka tlhogo Melawana ya Tumelo le go mo tlhalosetsa gore e raya eng, o tlaa re rekela sete ya rona ya dikwalo tse di boitshepho.

Mokaulengwe le Kgaitsadi Deets e ne e le bobedi jo bo botlana, e le gone fela ba simololang go intsha mmogo. Ke ne ke sena bonnete fa Mokaulengwe Deets a ka kgona go rekela mongwe mpho. Mme ka swetsa gore fa a akanya gore Melawana ya Tumelo e ne e le botlhokwa mo go lekaneng go e tshwara ka tlhogo, ke tlaa tsaya kgwetlho.

Fa ke sena go wetsa yotlhe e le 13, nako ya feta mme ka lebala ka ga tsholofetso ya gagwe.

Ke gone, ka Letsatsi la Keresemose, ka amogela mophuthelwana o o nang le leina la me mo go sone. Ka o bula mme ka fitlhela sete ya dikwalo tse di boitshepo tsa me, ka karata e e nthotloetsang go di bala ka gale. E ne e le ka 1972, mme go fitlhelela gompieno ke santse ke na le dikwalo tse di boitshepho tseo. Di botlhokwa thata mo go nna.

E ne e se tlhwatlhwa ya mpho fela mme bopelonomi jo a bo supileng mo go nna le setlhabelo se a ne a rata go se ntirela se se ntlogetseng ka keletso e kgolo go ithuta lefoko la Modimo. Ke leka go sala morago sekai sa ga Mokaulengwe Deets sa go direla ka go neela bao ba ba gautshwane le nna dimpho tse di nang le bokao, ke solofela gore ke ka segofatsa matshelo a ba bangwe jaaka a segofaditse jwa me.

Taletso go Tsaya Karolo

Richard M. Romney, Utah, USA

Fa bao ba dirang lenaneo la go kopanya batho la Keresemose la wate ya rona a nkopa go lekola mongwe wa leloko yo o seng matlhagatlhaga le go mo laletsa go tsaya karolo mo lenaneong, ke tlaa amogela gore ke ne ke tshogile. Ke ne ke kopane le Darren gangwe fela go le pele, fa a ne a tsere karolo mo tirong ya wate ya pele. O ne a rwele mogala o o rwalwang mo tlhogong wa sethuthu mo phatlheng ya gagwe Moriri wa gagwe o moleele o mosweu o ne o bofetswe kwa morago ga tlhogo, o ne a na le ditedu tse ditshweu tse di godileng, mme matsogo a gagwe a ne a bipilwe ke dithatuu.

Jaanong, ke patilwe ke leloko la komiti, ke ne ke eme fa mojakong wa ga Darren, ke ipotsa gore o tlaa reng. O ne a re kopa gore re tsene, mme ra mmolelela gore ke ka ntlha ya eng re ne re le koo. O rile, “Ao, ke ka rata go dira seo!”

O ne a dira tiro e ntle, a thusa go dira tiro gore e nne le bokao go ba le bantsi. Nako e khutswane morago, mopati wa me wa go direla le nna ra kopiwa go lekola Darren ka gale. O ne ka metlha a lebega a itumeletse go re bona, mme re ne re nna le dipuisano dingwe tse di itumedisang. Ke lebogela gore tlhotlheletso ya go mo laletsa go tsaya karolo mo lenaneong la tiro ya wate e tlisitse botsalano jo bo itumedisang.

Go direla ba Bangwe ka Keresemose

Fa ke dilo dingwe tse o ka di dirang go netefatsa gore bao o ba direlang ba tlaa itse gore o akantse ka bone, bogolo thata ka nako e ya ngwaga.

  1. Nako dingwe go letsa kgotsa molaetsa wa mogala wa lotheka o dira dikgakgamatso. Go simolola puisano fela ka “Dumela, o tsogile jang?” go ka dira pharologanyo.

  2. Tsenela meletlo ya bone fa go tshwanela. Keresemose e ka nna nako e kgolo go ithuta ka ga ditumelo tse di tshwanang. Fa o abelana ditumelo o bo o reetsa ba bangwe, o ipha monyetla go tlhaloganya go feta.

  3. Ba rapelele ka maina. Lopa Rara wa Legodimo go go thusa go akanya ka ditsela tsa go ba atametsa gaufi le Morwa wa Gagwe.

  4. Dimpho tse di sa reng sepe gantsi di gakologelwa botoka. Dimpho ga di a tshwanela go nna magasigasi gore di ratwe. Mpho ya nako, mpho ya go reetsa, go abelana senepe kgotsa kgopolo—tse tsotlhe di ka nna dimpho go tswa pelong.

  5. Naya mpho ya bopaki. Ba kope go abelana le wena lorato la bone la Mmoloki, mme ithaope go abelana le bone lerato la gago go Ene.

  6. Laletsa ba bangwe go tsenelela tirelo ya Keresemose. Batho ba bangwe ba batla go obamela mme ga ba itse kwa ba ka yang teng. Ba laletse go tla go obamela le wena.

  7. Tlatsa legae la bone ka kagiso. A ba itse gore baanamisa efangele ba na le molaetsa o o tlhaolegileng wa Keresemose o ba ka o abelanang, o o tlaa ba tlisetsang tsholofelo le lorato mo dipelong tsa bone.

Go direla Botlhe jaaka Phutego

Matlhoko a phuthego nngwe le nngwe ga a tshwane. Ba bangwe ba sologelwa molemo ka go rulaganya tiro e kgolwane. Diphutego dingwe di ka sologela molemo mo sengweng se se nnye ebile se le motlhofo. Bao ba ba amegang mo go direng le go rulaganya ditiro ka thapelo ba elatlhoko ka fa ba ka direlang matlhoko a a leng teng.

  • Maloko go tswa mo mamapong a mararo mo Paris, France, ba thusitse go tshegetsa maitiso a Light the World a a neng a akaretsa tshupo ya talente le tshupo ya moaparo. Ba baakantse dilo tse di neng tsa neelwa batshabi le batho ba ba itemogelang go tlhoka legae.

  • Lomapo la Charlotte North Carolina Central la direla morafe tiragalo ya “Christmas around the World” ka go kopanya batho go ipelela Keresete ka dijo, ditshupetso tsa setso sa mafatshe sa Keresemose, mmino, diporojeke tsa tirelo, le botsalo jwa bana.

  • Maloko a Lomapo la Vero Beach Florida a kopana mo kgalolong ya morafe ya gore ke ka ntlha ya eng ba ipelela Keresemose. Ditshamekisi di ne tsa abelwa mekgatlho ya dithuso ya morafe. Khwaere ya bana ba Poraemari ya diragatsa mme dikereke tse dintsi di ne di na le metlaagana e e supang tshedimosetso.

  • Lomapo la Jacksonville Florida South la neela Savior of the World bontlha jwa motshameko jwa morafe.

Gatisa