2021
Go gola mo Molawaneng wa Tshenolo
Firikgong 2021


“Go gola mo Molawaneng wa Tshenolo,” Liahona, Firikgong 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2021

Go gola mo Molawaneng wa Tshenolo

Ke lo rotloetsa go tsaya dikgato tse di maleba go utlwa Morena botoka kgapetsa kgapetsa gore le amogele tshedimoso e A batlang go le e neela.

Setshwantsho
sejwalo

Senepe go tswa mo Ditshwantshong tsa Getty

Ka Lwetse 30, 2017, go latela karolo ya motshegare ya khonforense ya kakaretso, Ka tsena kwa sepateleng go lekola leloko le le rategang la khoramo Mogolwane Robert D. Hales. O ne a robaditswe mo sepatele e sale a kubugelwa ke bolwetsi jwa pelo malatsi a se kae a a fetileng.

Re ne ra nna le tekolo e e itumedisang, e bile o ne a lebega a tokafala. O ne a hema ka bo ene, mo e neng e le sesupo se se molemo.

Mo maitseboeng ao, le fa gontse jalo, Mowa wa bua mo pelong le tlhaloganyo ya me gore ke tshwanetse go boela kwa sepateleng ka Sontaga. Mo karolong ya phakela ya khonforense ya kakaretso ka Sontaga, maikutlo a a nang le maatla a boa. Ka ikutlwa gore ke tlole dijo tsa motshegare mme ke itlhaganelele kwa bolaong jwa ga Mogolwane Hales, ka pela fela morago ga go wela ga karolo ya phakela, seo ke se ke se dirileng.

Fa ke goroga, Ka bona gore Mogolwane Hales o gateletswe. Ka kutlo botlhoko, a re tlogela morago ga metsotso e e 10 ke sena go goroga, fela ke itumelela gore ke ne ke le fa thoko ga gagwe le mosadi wa gagwe, Mary, le barwa ba bone ba babedi fa a tlogela botshelo jo bo ka kwano.

Ke itumela jang gore tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo e nthotloeditse go dira sengwe seo nkabeng ka gope ke sa se dira. Ke itumetse jang ka boammaaruri jwa tshenolo le gore magodimo gape a bulegile.

Ngwaga ono go ithuta ga mong le mo tlelaseng e tla nna ka Dithuto le Dikgolagano. “Ditshenolo tse tsa selegodimo le dipolelo tse di tlhotlheleditsweng” di ka segofatsa botlhe bao ba ba di ithutang le go dira mo ditaelong tsa tsone Di laletsa “batho botlhe gongwe le gongwe go utlwa lentswe la Morena Jeso Keresete,”1 gonne ka boammaaruri “lentswe la Morena le go batho botlhe” (Doctrine and Covenants 1:2).

Kotsi, Lefifi, Tsietso

Senama le semowa ke matsubutsubu a karolo ya botshelo mo lefatsheng, jaaka segajaja sa COVID-19 se re gakolotse. Ka nako pele ga Go tla ga gagwe ga Bobedi, Mmoloki o boletse pele ka malatsi a pitlagano e kgolo. O ne a re, “Go tla nna le leuba, le dikgogodi, le dithoromo tsa lefatshe, mo mafelong mangwe le mangwe” (Joseph Smith—Matthew 1:29).

Ditlhatlhelo tse di ntseng jalo tsa pitlagano ke di koketsego tsa lefifi le tsietso tse di re dikologileng. Jaaka ga Jeso a boleletse barutwana ba Gagwe, “Boikepo bo tla ntsifala” pele ga go boa ga Gagwe (Joseph Smith—Matthew 1:30).

Satane o gwanta le masomo a gagwe mme o kgatlhanong le tiro ya Morena le bangwe ba rona ba re leng mo go yone. Ka ntlha ya dikotsi tse di oketsegang tse di re lebaganeng, tlhoko ya rona ya kaelo ya selegodimo ga e ise e nne kgolo jaana, mme maiteko a rona go utlwa lentswe la ga Jeso Keresete—Mmueledi wa rona, Mmoloki, le Morekolodi—ga ise a tlhokege thata jaana.

Jaaka ke buile go le pele morago ga go bitswa jaaka Poresidente ya Kereke, Morena o iketleeleditse go re senolela tlhaloganyo ya Gagwe. Seo ke tshegofatso ya Gagwe mo go rona.2

Mo malatsing a rona, O re solofeditse, “Fa o kopa, o tlaa amogela tshenolo mo tshenolong, kitso mo kitsong” (Doctrine and Covenants 42:61).

Ke a itse O tla fetola dikopo tsa rona.

Ka fa re Mo Utlwang ka teng

Go itse ka fa Mowa o buang ka teng go botlhokwa gompieno. Go amogela tshenolo ka bong, go bona dikarabo, le go amogela tshireletsego le kaelo, re gakologelwa mokgwa o Moporofeti Joseph Smith a o re o beetseng.

Lantlha, re inwetsa ka borona mo dikwalong tse di boitshepo. Go dira jalo go bulela ditlhaloganyo tsa rona le dipelo go dithuto le boammaaruri jwa ga Mmoloki. Mafoko a ga Keresete “a [re] bolelela dilo tsotlhe tse [re] tshwanetseng go di dira” (2 Nephi 32:3), segolo bogolo mo malatsing a dipelaelo le ditlhobaelo.

Mo go latelang re a rapela. Thapelo e tlhoka tshimologo, ka jalo re a ikokobetsa fa pele ga Modimo, re batla lefelo le le didimetseng kwa re ka yang teng kgapetsa kgapetsa, mme re tshollele dipelo tsa rona kwa go Ene.

Morena a re, “Atamelang kwa go nna mme ke tlaa lo atamela; mpatleng ka tlhwaafalo mme lo tlaa mpona; kopang, mme lo tlaa amogela; kokotang, mme lo tlaa bulelwa” (Doctrine and Covenants 88:63).

Go atamela gaufi le Morena go tlisa kgomotso le thotloetso, tsholofelo le pholo. Ka jalo, re rapela mo leineng la Gagwe ka matshwenyego a rona le makoa a rona, dikeletso tsa rona le bao re baratang, dipitso tsa rona le dipotso tsa rona.

Ka jalo re a reetsa.

Fa re ka nna re khubame lobakanyana morago ga go rapela, dikakanyo, maikutlo, le kaelo di tlaa tla mo tlhaloganyong ya rona. Go kwala ditlhotlheletso tseo go tlaa re thusa go gakologelwa ditiro tse Morena a batlang re di dira.

Setshwantsho
mosadi a ithutontsha

Jaaka re boeletsa tsamaiso e, re tlaa, mo mafokong a Moperofeti Joseph Smith, “gola mo molawaneng wa tshenolo.”3

Itekanelo go Amogela Tshenolo

Go itlhabolola bokgoni jwa rona go lemoga tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo le go oketsa bokgoni jwa go amogela tshenolo go tlhoka boitekanelo. Boitekanelo ga bo tlhoke itekanelo e e feletseng, fela bo tlhoka gore re leke go oketsa boitsheko.

Morena o solofela maiteko a tsatsi le letsatsi, go tokafala ga tsatsi le letsatsi, go ikwatlhaya ga tsatsi le letsatsi. Boitekanelo bo tlisa boitsheko, mme go itsheka go re kgontsha Mowa o o Boitshepo. Jaaka fa re tsaya “Mowa o o Boitshepo jaaka mokaedi wa [rona]” (Doctrine and Covenants 45:57), re fitlhelela tshenolo ka bong.

Fa sengwe se re emisa go bula kgoro ya kaelo ya selegodimo, re tlhoka go ikwatlhaya. Go ikwatlhaya go re letlelela go bula kgoro go ka utlwa lentswe la Morena mo go tlhamaletseng kgapetsa kgapetsa.

“Mokgele o tlhamaletse,’’ ga ruta Mogolwane David A. Bednar wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi. “Fa sengwe se re se akanyang, bonang, utlwang, kgotsa re se dira se re katosa go Mowa o o Boitshepo, ke gone re tshwanetse go emisa go akanya, bona, utlwa, kgotsa go dira selo seo. Fa seo se se tlosang bodutu, sekai, se re katosa mo Moweng o o Boitshepo, ke gone itloso bodutu eo e se ya rona. Gonne Mowa ga o kake wa nna fa go ditlhapa, seemo sa go tlhoka botho, kgotsa go sa ikatega, ke gone go tlhamaletse dilo tseo ga se tsa rona.”4

Fa boo babedi ba oketsa boitsheko le kobamelo, ka go ikitsa dijo, ba batla ka tlhoafalo, ba ithutontsha dikwalo tse di boitshepo le mafoko a baperofeti ba ba tshelang, le tiro ya temple le ya ditso tsa losika, magodimo a tlaa bulega. Morena, ka jalo, o tlaa diragatsa tsholofetso ya Gagwe: “Ke tlaa go abela bontlha bongwe jwa Mowa wa me, o o tla sedifatsang tlhaloganyo ya gago” (Doctrine and Covenants 11:13).

Re ka tlhoka go nna pelotelele, fela Modimo o tlaa bua le rona ka tsela ya Gagwe le ka nako ya Gagwe.

Mowa wa go Tlhaloganya

Jobe o boletse, “Go na le mowa mo mothong: mme tlhotlheletso ya Mothatayotlhe e ba neela go tlhaloganya” (Job 32:8). Mo ngwageng o mošha o, ke lo rotloetsa go tsaya dikgato tse di tlhokegang go utlwa Morena botoka kgapetsa kgapetsa gore le amogele tshedimosetso e a batlang go le e neela.

Pele ga go re tlogela ga Mogolwane Hales ka letsatsi leo la Diphalane ka 2017, o ne a baakantse puiso e khutshwane ya khonforense ya kakaretso e a sa kgonang go e neela. Mo puisong eo, o ne a kwadile, “Tumelo ya rona e re baakanyetsa go nna mo boleng teng jwa Morena.”5

Fa re amogela tshenolo, re tsaya nako mo boleng teng jwa Modimo jaaka A re senolela tlhaloganyo ya Gagwe, thato, le lentswe mo go rona (bona Doctrine and Covenants 68:4). A re diriseng tumelo ya rona, ka go Mmitsa, re tshela mo go itekanetseng ga tsholofetso ya tlhotlheletso ya Gagwe, mme re dira mo kaelong e re e amogelang.

Dintlha

  1. Ketapele ya Dithuto le Dikgolagano

  2. Bona Russell M. Nelson, “Revelation for the Church, Revelation for Our Lives,” Liahona, Motsheganong 2018, 94.

  3. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 132.

  4. David A. Bednar, “That We May Always Have His Spirit to Be with Us,” Liahona, Motsheganong 2006, 30.

  5. Mo go Neil L. Andersen, “The Voice of the Lord,” Liahona, Ngwanaatsele. 2017, 125.

Gatisa