2021
Bomodimo Ke Eng?
Seetebosigo 2021


“Bomodimo ke eng?,” Liahona, Seetebosigo 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2021

Bomodimo Ke Eng?

Rara wa Legodimo, Jeso Keresete, le Mowa o o Boitshepo ke batho ba bararo ba ba farologaneng ka boikaelelo bo le bongwe.

Setshwantsho
Ponatshegelo ya Ntlha

Dintlha go tswa go Ponatshegelo ya Ntlha, ka Jon McNaughton

Mokamedi wa pampiri ya dikgang o kile a botsa Moporofeti Joseph Smith se maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo a se dumelang. Mo karabong, Moporofeti a kwala mekwalo e le 13 ya tumelo e re e bitsang Mekwalwana ya Tumelo. Mokwalo wa ntlha wa re, “Re dumela mo Modimong, Rara wa Bosakhutleng, le mo go Morwawe, Jeso Keresete, le mo Moweng o o Boitshepo” (Articles of Faith 1:1). Bano ba bararo ba dira se re se bitsang Bomodimo.

Modimo, Rara wa Bosakhutleng

Modimo o na le mmele o o tsositsweng wa nama le marapo. Ke Rara wa mewa ya rona. O rata mongwe le mongwe wa bana ba Gagwe ka botlalo. Modimo o itekanetse, o na le thata yotlhe, mme o itse sengwe le sengwe. O siame, o kutlwelobotlhoko, e bile o pelonomi. Re tshedile re le mewa le Modimo pele ga re tsalwa. O re rometse mo lefatsheng go ithuta le go gola. Keletso e kgolo ya Modimo ke gore ngwana mongwe le mongwe wa Gagwe a boele go nna le Ene gape morago ga re sena go swa. Modimo o re ruta gore re tshwanetse go sala Jeso Keresete morago gore re boele kwa boleng teng jwa Modimo.

Setshwantsho
Jeso Keresete a Rera mo Lefatsheng la Mowa

Keresete a Rera mo Lefatsheng la Mowa, ka Robert T. Barrett

Jeso Keresete

Jeso Keresete le ene o na le mmele o o tsositsweng wa nama le marapo. Ke Morwa wa motsalwa pele wa Modimo. Pele ga re tsalwa, Modimo o mo itshenketse go nna Mmoloki wa rona. Se se raya gore Jeso o tlile mo lefatsheng go nna sekao sa rona, go ruta efangele ya Gagwe, go lefetsa dibe tsa rona, le gore falotsa mo losong. Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, re ka itshwarelwa dibe tsa rona fa re ikwatlhaya. Jeso Keresete le ene o bogile dilo di le dintsi gore O ka tlhaloganya mme a re thusa. Jeso Keresete a swa mme a tshela gape, go dira gore go kgonege gore mongwe le mongwe a tshele gape.

Setshwantsho
phitlho ya ga Keresete

Senepe go tswa go Ditshwantsho tsa Getty

Mowa o o Boitshepo

Mowa o o Boitshepo ke leloko le le lengwe la Bomodimo le le senang mmele o o tshwaregang. Ke mowa. Mowa o o Boitshepo o kgona go bua ka tlhamalalo le mewa ya rona. O re pakela gore Modimo ke wa nnete le gore Jeso Keresete ke Mmoloki wa rona. Mowa o o Boitshepo o dira e le morongwa wa Modimo go re neela maikutlo a lorato, kaelo, kgotsa kgomotso. Fa re kolobediwa re bo re tlhomamisiwa, re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Morago ga kolobetso ya rona, Mowa o o Boitshepo o ka nna le rona ka metlha fa re tshegetsa ditaelo tsa Modimo.

Setshwantsho
Ponatshegelo ya Ntlha

Ponatshegelo ya Ntlha, ka Walter Rane

Ponatshegelo ya Ntlha ya ga Joseph Smith

Ka morago ga nako e e rileng batho ba ntse ba tsietsega ka ga Bomodimo. Batho ba ganana ka gore Modimo, Jeso Keresete, le Mowa o o Boitshepo ba ntse jang. Le ke lebaka le lengwe la gore Ponatshegelo ya Ntlha eo Joseph Smith a neng a na le yone e ne e le botlhokwa thata. O bone gore Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba na le mebele mme ke batho ba babedi ba ba farologaneng.

Setshwantsho
Reeditse

Reeditse, ka Michael Jarvis Nelson

Ba Farologane mme ba Tshwaragane

Dikwalo tse di boitshepo le baporofeti ba gompieno ba re ruta gore Modimo, Jeso Keresete, le Mowa o o Boitshepo ke batho ba bararo ba ba farologaneng ka boikaelelo bo le bongwe fela: bosasweng jwa rona le botshelo jwa rona jwa bosakhutleng (bona Moses 1:39). Jaaka maloko a setlhopha sele sengwe, Ba dira mmogo go re thusa letsatsi lengwe le lengwe. Re ka ikutlwa re le gaufi le bone fa re ikwatlhaela dibe tsa rona mme re itshenkela tshiamo.

Dikwalo tse di boitshepo ka ga Bomodimo

  • Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba bongwefela mo boikaelelong (bona Johane 10:30).

  • Rara wa Legodimo o buile le Morwa wa Gagwe (bona Mathaio 3:16-17).

  • Jeso Keresete o buile le Rraagwe (bona Johane 11:41).

  • Jeso Keresete o re rapeletse go nna bangwefela letsatsi lengwe (bona Johane 17:11).

  • Joseph Smith o bone Rara wa Legodimo le Jeso Keresete (bona Joseph Smith—History 1:17).

  • Mowa o o Boitshepo o paka gore Jeso Keresete ke Mmoloki wa rona (bona Johane 15:26).

Gatisa