2021
Boperesiti ke Thata ya Modimo
Phatwe 2021


“Boperesiti ke Thata ya Modimo,” Liahona, Phatwe 2021

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Liahona Phatwe 2021

Boperesiti ke Thata ya Modimo

Modimo o re segofatsa ka thata ya boperesiti. Ditshegofatso tsa boperesiti di teng go mongwe le mongwe.

Boperesiti ke thata ya Modimo. O dirisa thata e go segofatsa bana ba Gagwe botlhe le go ba thusa go boa go nna le Ene. Modimo o neetse bana ba Gagwe thata ya boperesiti mo lefatsheng. Ka thata e, baeteledi pele ba baperesiti ba ka etelela pele Kereke, mme ba tshegetsa boperesiti ba ka dira ditao tse di boitshepo, jaaka kolobetso, e e ka re thusang go atamela kwa Modimong. Monna mongwe le mongwe le mosadi yo ka tshwanelo a amogelang ditao tsa boperesiti mme ba tshegetsa dikgolagano (ditsholofetso tse di boitshepo) ba na le tshwanelo ya thata ya Modimo.

Setshwantsho
sakaramente

Thata ya Boperesiti E ne ya Neelwa Joseph Smith

Fa Jeso Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a etelela Kereke ya Gagwe pele ka thata ya boperesiti. O ne le gone a neela thata e Baaposetole ba Gagwe. Mo dingwageng tse di lekgolo morago ga ba sena go swa, maloko a le mantsi a ne a tswa mo Kerekeng. Ba ne ka go sa siamang ba fetola efangele le tsela e Kereke e neng e dira. Boperesiti jwa Modimo bo ne bo sa tlhole bo le mo lefatsheng. Ka 1829, Jeso a romela Johane wa Mokolobetsi le Baaposetole Petere, Jakobe, le Johane go neela Joseph Smith boperesiti. Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke yone fela mo lefatsheng e e nang le taolo e go tswa kwa Modimong.

Setshwantsho
tsosoloso ya Boperesiti jwa ga Melekiseteke

Lentswe la ga Petere, Jakobe, le Johane, ka Linda Curley Christensen and Michael T. Malm

Dilotlele tsa Boperesiti

Dilotlele tsa Boperesiti ke taolo go kaela tiriso ya boperesiti, jaaka go neela tetla go dira ditao. Jeso Keresete o na le dilotlele tsotlhe tsa boperesiti. Poresidente ya Kereke ke ene fela motho mo lefatsheng yo o ka dirisang dilotlele tsa boperesiti go kaela Kereke yotlhe. Ka fa tlase ga kaelo ya gagwe, ba bangwe ba ka dirisa dilotlele dingwe go dira tiro ya Modimo. Baeteledi pele jaaka bobishopo le boporesidente ba lomapo ba dirisa dilotlele tsa boperesiti go etelela pele mo wateng tsa bone le dimapo. Ka ntlha ya gore dipitso tsa go direla di tswa mo baeteleding pele ba ba nang le dilotlele tsa boperesiti, banna le basadi ba ba direlang mo dipitsong ba dirisa taolo ya boperesiti jaaka ba dira ditiro tsa bone.

Boperesiti jwa ga Melekiseteke le Boperesiti jwa ga Arone

Boperesiti bo na le dikarolo tse pedi: Boperesiti jwa ga Melekiseteke le Boperesiti jwa ga Arone. Ka Boperesiti jwa ga Melekiseteke, baeteledi pele ba Kereke ba kaela ditiro tsa semowa tsotlhe tsa Kereke, jaaka tiro ya boanamisa efangele le tiro ya tempele. Boperesiti jwa ga Arone Boperesiti jwa ga Melekiseteke Bo dirisiwa go dira ditao jaaka kolobetso le sakaramente.

Setshwantsho
kolobetso

Ditshegofatso tsa Boperesiti

Ka dikgolagano le ditao, Modimo o dira ditshegofatso tsa boperesiti go nna teng mo baneng botlhe ba Gagwe. Ditshegofatso tse di akaretsa kolobetso, neo ya Mowa o o Boitshepo, sakaramente, le ditao tsa tempele. Banna le basadi ba ba endailweng mo tempeleng ba amogela neo ya thata ya boperesiti jwa Modimo ka dikgolagano tsa bone. Le rona re ka amogela ditshegofatso tsa boperesiti jwa go fodisa, kgomotso, le kaelo.

Setshwantsho
Banyalani ba basha kwa tempeleng

Dikwalo tse di boitshepo tsa Reng ka ga Boperesiti?

Boperesiti jo bo neng bo le teng mo malatsing a bogologolo ke jone jo bo teng jaanong (bona Moses 6:7).

Dilotlele tsa boperesiti di thusa go rurifatsa gore re dira tiro ya Morena ka tsela e e rulagantsweng Doctrine and Covenants 42:11

Banna ba ba nang le boperesiti ba ka bo dirisa “fela mo melawaneng ya tshiamo” (Doctrine and Covenants 121:36).

Dingwe tsa ditiro tsa bao ba ba nang le boperesiti di tlhalosiwa mo Doctrine and Covenants 20:38–67.

Gatisa