2021
Ditso tsa Lelwapa di Thusa Bagologolwane ba Rona
Sedimonthole 2021


“Ditso tsa Lelwapa di Thusa Bagologolwane ba Rona,” Liahona, Sedimonthole 2021

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2021

Ditso tsa Lelwapa di Thusa Bagologolwane ba Rona

Ditso tsa lelwapa ke go lemoga le go ithuta ka ga maloko a lelwapa la. Re kokoanya dintlha ka ga bagologolwane ba rona gore re tle re ba direle kwa tempeleng.

Setshwantsho
fetola mokwalo

Malwapa ke karolo ya konokono ya thulaganyo ya ga Rara wa Legodimo ya boitumelo. O diretse malwapa tsela ya goya goile. Jaaka fa re dira ditso tsa lelwapa le tiro ya tempele, re thusa go tlisa mmogo maloko a lelwapa la rona,a a tshelang le a a tlhokafetseng. (“Tiro ya Tempele” e kaya go ikamogella ditlhomo tsa semowa tsa tempele, jaaka go kanelwa go molekane wame, le go direla bagologolwane ba rona ditlhomo tsa semowa kwa tempeleng.)

Ditso tsa Lelwapa le Tiro ya Tempele

Motho mongwe le mongwe yoo tshedileng kgotsa o tlaa tshelang mo lefatsheng o tlhoka ditlhomo tsa semowa tsa efangele. Fa bagologolwane ba rona ba sa kgona go bona sebaka,re ka ba direla ditlhomo tsa semowa kwa tempeleng. Nngwe ya ditlhomo tseo tsa semowa ke go kannwa go maloko a lelwapa. Go “kanwa” go raa gore re tla nna le bokgoni jwa go tshela go ya go ile le malwapa a rona fa re siame. Re ka kanelwa go malwapa a rona fela mo ditempeleng.

Ditshegofatso tsa Tiro ya Ditso tsa Lelwapa

Setshwantsho
lelwapa

Ditso tsa lelwapa di ka re thusa go nonotsha dikamano tsa rona le maloko a lelwapa aa tshelang. Jaaka fa re abelana dipolelo, ditshwantsho, le digopotso tse dingwe mmogo re nna le kamano le lelwapa. Gape re nonotsha lerato le re nang le lone mmogo. Baporofeti le bone ba re solofeditse gore fa re dira ditso tsa malwapa go tla re atametsa go Jeso Keresete.

Go bona Bagologolwane ba Rona

Setshwantsho
dikgatiso ka Se-Chaena

Rara wa Legodimo o batla re kanelwa go malwapa a rona a jaanong le go bagologolwane ba rona. Pele fa re ka kannwa go bagologolwane ba rona, re tlhoka go bona le go boloka dintlha ka ga bone. Fela ditso tsa lelwapa di feta go batlisisa fela maina, letlha, le lefelo. Fa re ithuta ka ga bagologolwane ba rona, re tla ikutlwa re golagane le bone.

Gatisa