2022
Go Wa E ne e le Karolo ya Togamaano ya Modimo
Ferikgong 2022


“Go Wa E ne ele Karolo ya Togamaano ya Modimo,” Liahona, Ferikgong 2022

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Ferikgong 2022

Go Wa E ne ele Karolo ya Togamaano ya Modimo

Ka ntlha ya go Wa, re tlamega go tla mo lefatsheng mme letsatsi lengwe re ka boela go tshela le Rara wa rona kwa Legodimong.

Setshwantsho
Atamo le Efa

Atamo le Efa mo Tshimong ya Etene, ka Robert T.Barrett

Mo Tshimong ya Etene, Modimo o laetse Atamo le Efa go se je leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula. Ke gone A ba bolela gore “Le ka ikgethela ,… mme, gakologelwang gore Ke a go iletsa” (Moshe 3:17). Satane a raela Efa go ja leungo la setlhare. A mmolelela gore ”Lo tla a nna jaaka medimo, lo itse molemo le bosula” (Moshe 4:11). A ja leungo mme ke gone a le abelana le Atamo. Modimo a ba tlosa mo Tshimong ya Etene.

Go Wa

Setshwantsho
Atamo le Efa

Atamo le Efa ba Lelekiwa mo Tshimong, ka Gary L. Kapp, e ka se kopololwe

Fa Atamo le Efa ba tloga mo Tshimong ya Etene, ba ne ba sa tlhole ba le mo boleng teng jwa Modimo. Kgaogano e go tswa mo Modimong e bidiwa loso lwa semowa. Go tlogela tshimo gape go raya gore Atamo le Efa ba nna batho ba ba swang mme jaana ba ne ba kgona go swa. Le fa Atamo le Efa ba ne ba sa tlhole ba na le Modimo mme ba ne jaanong e le batho ba ba swang, ba ne ba itumetse ebile ba na le tsholofelo fa ba bona gore ba ka tswelela (bona Moshe 5:10–11). “Atamo o ole gore batho ba ka nna teng; mme batho ba teng, gore ba ka nna le boipelo” (2 Nefi 2:25).

Nako ya go Lekwa

Fa re tsholwa, re tshela ntleng ga Modimo, fela jaaka Atamo le Efa ba dirile morago ga go Wa. Satane o re raela go tsaya dikgetho tse di maswe. Dithaelo tse di re letlelela go lekwa le go tlhopa fa gare ga molemo le bosula (bona Alema 12:24). Nako nngwe le nngwe e re leofang mme re sa ikwatlhaye, re golela kgakala le Rara wa Legodimo. Mme fa re ikwatlhaya, re atamela gaufi le Rara wa rona o o kwa Legodimong.

Loso la Nama

Setshwantsho
mabitla

Lefatshe le bopetswe rona (bona 1 Nefi 17:36). Go Wa go dirile gore go kgonagale gore Atamo le Efa ba tshegetse taelo ya Modimo go nna le bana, go re letlelela go tla mo lefatsheng ka mmele wa nama. Mebele ya rona letsatsi lengwe e tlaa swa , mme mewa ya rona e tlaa tswelela e tshela. Mebele le mewa ya rona di tlaa kopana gape fa re tsoswa.

Bolokilwe ke Jesu Keresete

Setshwantsho
Tsogo ya ga Jeso Keresete

Tsogo, ka Harry Andersen

Ka thata ya tefetso ya ga Jeso Keresete, re ka fenya loso la nama le semowa. Ka ntlha ya gore Jeso Keresete o tsogile mongwe le mongwe yo o tsholwang mo lefatsheng o tlaa tsoga mme a tshele ka bosenang bokhutlo. MMe gonne Keresete o bogetse dibe tsa rona, re ka ikwatlhaya mme ra itshwarelwa gore re ka nna gape le Rara wa rona yo o kwa Legodimong.

Gatisa