2022
Sakaramente: Tsela ya go Gakologelwa Mmoloki
Moranang 2022


“Sakaramente: Tsela ya go Gakologelwa Mmoloki,” Liahona, Moranang. 2022

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2022

Sakaramente: Tsela ya go Gakologelwa Mmoloki

Setshwantsho
mokwalo wa tsiboso

Selalelo Sa Bofelo, ka Simon Dewey

Mo bosigong pele ga A bapolwa, Jeso Keresete o kopane le Baaposetole ba gagwe mo Selalelong sa Bofelo. Koo A ba naya sakaramente e le lantlha. O tlhaloseditse gore e ne e le tsela ya bone ya go Mo gakologelwa. Sakaramente ke tao kwa re jang senkgwe le go nwa metsi go gakologelwa Tetlanyo ya ga Keresete. Senkgwese emetse mmele wa ga Keresete, mme metsi a emetse madi a Gagwe.

Re tsaya sakaramente Sontaga sengwe le sengwe ka nako ya bokopano jwa sakaramente. Re opela sefela fa ba ba tshwereng boperesiti ba kgaoganya borotho ditokinyana.

Ba ba tshwereng boperesiti ba ba kgaoganyang borotho ba bua dithapelo tse di faphegileng. Dithapelo tse di bonwa mo go Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79. Dithapelo tse di re gakolola ka tsholofetso e re e dirileng le Rara wa Legodimo le se A re se solofeditseng.

Ba bangwe ba ba tshwereng boperesiti ba fetisetsa sakaramente mo malokong a wate kgotsa lekala. Fa re tsaya sakaramente, re gakologelwa Mmoloki le setlhabelo sa Gagwe mo go rona Re ikana gape go tshegetsa dikgolagano (ditsholofetso) tse re di dirileng le Rara wa Legodimo.

Setshwantsho
mosetsana a a ja borotho ka nako ya bokopano jwa sakaramente

Re a sisibala fa sakaramente se segofadiwa le go fetisiwa. Ke nako ya rona go akanya ka ga botshelo le dithuto tsa ga Jeso Keresete le Tetlanyo. Re ka akanya gape ka fa re ka salang sekai sa Gagwe morago ka teng.

Gatisa