2022
Kgolagano ya Bosakhutleng
Phalane 2022


“Kgolagano ya Bosakhutleng,” Liahona, Phalane 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phalane 2022

Ke Kgolagano e e Sakhutleng

Botlhe ba ba dirileng kgolagano le Modimo ba na le phitlhelelo ya mofuta o o kgethegileng wa lorato le kutlwelobotlhoko.

Setshwantsho
setshwantsho sa ga Jeso Keresete

Morena Jeso Keresete, ka Del Parson

Mo lefatsheng le le kgautlhantsweng ke dintwa le medumo ya dintwa, tlhokego ya boammaaruri, lesedi, le lorato le le itshekileng la ga Jeso Keresete e kgolo go feta pele. Efangele ya ga Keresete ke kgalalelo, mme re segofaditswe go e ithutuntsha le go tshela ka fa dikaelong tsa yone. Re itumelela sebaka sa rona go e abelana—go paka ka boammaaruri jwa yone gongwe le gongwe kwa re teng.

Ke buile kgapetsa ka botlhokwa jwa Kgolagano ya ga Aberahama le go phuthiwa ga Iseraele. Fa re amogela efangele mme ra kolobediwa, re tsaya mo go rona leina le le boitshepo la ga Jeso Keresete. Kolobetso ke kgoro e e isang kwa go nneng bajaboswa ba ba kopaneng mo ditsholofetsong tse di neetsweng bogologolo ke Morena go Aberahame, Isake, Jakoba le kokomane tsa bone.1

“Kgolagano e ntšha ya bosakhutleng”2 (Dithuto le Dikgolagano 132:6) le kgolagano ya ga Aberahame di tshwana fela—tsela tse pedi tsa go tlhalosa kgolagano ya Modimo e e dirilweng ke banna le basadi ba nama le madi ka dinako tse di farologaneng.

Letlhalosi ya bosakhutleng le supa gore kgolagano e e sale e ntse go tswa kwa motheong wa lefatshe! Togamaano e e adilweng ka Lekgotla le Legolo kwa Legodimong e akaretsa temogo e e phepa ya gore rotlhe re tla tloswa mo boleng teng jwa Modimo. Le fa go le jalo, Modimo o re solofeditse gore O tlaa re neela Mmoloki yo o tlaa fenyang manokonoko a go Wa. Modimo o boleletse Atamo morago ga kolobetso ya gagwe:

“Wena o ka fa thulaganyong ya yo o neng a sena tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa dingwaga, go tswa bosakhutleng jotlhe go ya bosakhutleng jotlhe.

“Bona wena o mongwe le nna, morwa Modimo; mme jaana botlhe ba ka nna barwaake” (Moses 6:67–68).

Atamo le Efa ba amogetse ditao tsa semowa tsa kolobetso ba simolola lenaneo la go nna bangwe le Modimo. Ba tsene mo tseleng ya kgolagano.

Fa wena le nna re tsena mo tseleng eo, rena le tsela e ntšha ya botshelo. Ka jalo re dira botsalano le Modimo e e Mo letlang go re segofatsa le go re fetola. Tsela ya kgolagano e re gogela go boela kwa go Ene. Fa re letla Modimo go nna teng mo matshelong a rona, kgolagano eo e re gogela gautshwane le gautshwane le Ene. Dikgolagano tsotlhe di ikaeletse go tlama. Di dira botsalano ka dikgolagano e e sakhutleng.

Lorato le le Kgethegileng le Kutlwelobotlhoko

Fa re re dirile kgolagano le Modimo, re tlogela bo rona ka bo senang bokhutlo. Modimo o ka se phuaganye botsalano jwa Gagwe le bao ba dirileng tshwaragano e e ntseng jalo le Ene. Tota, botlhe ba ba dirileng kgolagano le Modimo ba na le phitlhelelo ya lorato le le kgethegileng le kutlwelobotlhoko. Mo puong ya Sehebero, kgolagano e ya lorato e bidiwa hesed (חֶסֶד).3.

Hesed ga e na selekanyo sa Sekgoa se se lekaneng. Baranodi ba Thanolo ya Baebele ya King James ba tshwanetse ba bo ba ne ba tshwere bothata go tla ka hesed ka Sekgoa. Gantsi ba ne ba tlhopa “bopelonomi jwa lorato.” Se se tshwere gotlhe mme e seng bokao jwa hesed. Dithanolo tse dingwe di ne tsa neelwa, jaaka “kutlwelobotlhoko” le “bomolemo”. Hesed ke lefoko la mofuta o fela o o tlhalosang kgolagano ya botsalano e mo go yone batsaakarolo botlhe ba tshwanetseng go nna boikanyego mongwe go yo mongwe.

Lenyalo la selesetiale ke botsalano jwa kgolagano e e ntseng jalo. Monna le mosadi ba dira kgolagano le Modimo le bone ka bongwe go nna boikanyego le go tshepega mongwe go yo mongwe.

Hesed ke mofuta o o kgethegileng wa lorato le kutlwelobotlhoko e Modimo a e utlwang le go e neela botlhe ba ba dirileng kgolagano le Ene. Mme re buseletsa ka hesed kwa go Ene.

Setshwantsho
banyalani ba basha kwa ntle ga tempele

Fa Nna le wena re setse re dirile kgolagano le Modimo, botsalano jwa rona le Ene bo nna gautshwane thata go gaisa pele ga kgolagano ya rona. Jaanong re tshwaragantswe mmogo.

Setshwantsho ka Jerry L Garns

Gonne Modimo o na le hesed le bao ba ikgolagantseng le Ene, O tla ba rata. O tla tswelela go dira le bone le go ba fa sebaka sa go fetoga. O tla ba itshwarela fa ba ikwatlhaya. Mme fa ba ka timela, O tla ba thusa go bona tsela ya go boela kwa go Ene.

Fa Nna le wena re setse re dirile kgolagano le Modimo, botsalano jwa rona le Ene bo nna gautshwane thata go gaisa pele ga kgolagano ya rona. Jaanong re tshwaragantswe mmogo. Ka ntlha ya kgolagano ya rona le Modimo, ga A kitla a lapa mo maitekong a Gagwe go re thusa, mme ga re kitla re fetsa bopelotelele jwa kutlwelobotlhoko ya Gagwe mo go rona. Mongwe le mongwe wa rona o na le lefelo le le kgethegileng mo pelong ya Modimo. O na le tsholofelo e tona mo go rona.

O itse phatlalatso ya kgale e Modimo o e neetseng Moperofeti Joseph Smith. E tlile ka tshenolo. Morena o rile go Joseph, “Tsholofetso e ke ya gago le wena, ka gore o wa ga Aberahame, mme tsholofetso e dirilwe kwa go Aberahame” (Dithuto le Dikgolagano 132:31).

Ka jalo, kgolagano ya bosakhutleng e e tsosolositwe e le karolo ya Tsosoloso e kgolo ya efangele mo botlalong jwa yone. Akanyang ka se! Kgolagano ya Lenyalo le le dirilweng mo tempeleng le tshwaragantswe ka tlhamalalo mo kgolaganong ya ga Aberahame. Mo tempeleng banyalani ba itsisiwe ka ditshegofatso tsotlhe tse di beetsweng thoko go dikokomane tse di boikanyego tsa ga Aborahame, Isake, le Jakobe.

Fela jaaka Atame, Nna le wena re tsena mo tseleng ya kgolagano ka kolobetso. Re bo re tsena mo go yone ka botlalo kwa tempeleng. Ditshegofatso tsa kgolagano ya ga Aberahame di neelwa mo ditempeleng tse di boitshepo. Ditshegofatso tse di re letla, ka nako ya tsogo mo baswing, go “ja boswa, jwa dithata tsa bogosi, bogolo le diphenyo go ‘kgalalelo ya bosakhutleng le kgalaletso mo dilong tsotlhe’ [Dithuto le Dikgolagano 132:19 ].”4

Kwa bokhutlong jwa mokwalo wa Kgolagano e Kgologolo, re bala ka tsholofetso ya ga Malaki ya gore Elija o tla “lebisa dipelo tsa borre kwa baneng, mme dipelo tsa bana kwa go borre” (Malaki 4:6). Mo Iseraele wa bogologolo, bokao jo bo ntseng jalo go borre bo ka bo bo akareditse borre, Aborahame, Isake, le Jakobe. Tsholofetso e e tlhalosega sentle fa re bala mokwalo oo farologaneng wa thanolelo ya temana e Moroni ae nopoletseng Moporofeti Joseph Smith: “ Ene [Elija] o tla tlhomaa mo dipelong tsa bana ditsholofetso tse di dirilweng mo go borrabone, mme dipelo tsa bana di tla fetogela kwa go borraabone” (Joseph Smith—History 1:39). Borre bao ka boammaaruri ba akaretsa Aborahame, Isake le Jakobe. (Bona Dithuto le Dikgolagano 27:9-10.)

Setshwantsho
setshwantsho sa ga Jeso Keresete

Bao ba dirang dikgolagano tse di boitshepo mme ba di tshegetsa ba solofetswa botshelo jo bosakhutleng le kgalalelo ya bosakhutleng. Jeso Keresete ke motlhomamisitse wa dikgolagano tseo.

Dintlha go tswa go Christ and the Rich Young Ruler, ka Heinrich Hoffmann

Jeso Keresete: Pinagare ya Kgolagano

Setlhabelo sa tetlanyo sa Mmoloki se thusa Rara go diragatsa ditsholofetso tse a di solofeditseng bana ba Gagwe Ka ntlha ya gore Jeso Keresete ke “tsela, le boammaaruri, le botshelo,” go latela gore “ga go na motho ope yo o tlang kwa go Rara, fa e se ka [Ene]” (Johane 14:6). Go diragatswa ga kgolagano ya ga Aborahame go bonala sentle ka ntlha ya Tetlanyo ya Mmoloki wa rona, Morena Jeso Keresete. Jeso Keresete o mo legareng la kgolagano ya ga Abrahame.

Kgolagano e Kgologolo ga se buka e e boitshepo fela, e bile gape ke buka ya ditso. O gakologelwa o bala ka lenyalo la ga Sarai le Aberame. Ka gore ba ne ba sena bana, Sarai a fa lelata la gagwe , Hagare, go nna mosadi wa ga Aberame le gone, kafa taolong ya Morena. Hagare a belega Ishemaele 5 Aberame o ratile Ishemaele, mme e ne e sa tshwanela go nna ngwana yo ka ene kgolagano e neng e ka fetisiwa . (Bona Genesise 11: 29-30; 16:1, 3, 11; Dithuto le Dikgolagano 132:34.)

Jaaka tshegofatso ee tswang kwa Modimong, le phetolo go tumelo ya ga Sarai,6 o ne a ima mo dingwageng tsa botsofe jwa gagwe gore kgolagano e kgone go fetisiwa ka enemorwaae, Isake (bona Genesise 17:19). O ne a tsholetswe mo kgolaganong.

Modimo o file Sarai le Aberame maina a masha—Sara le Aborahame (bona Genesise 17:5, 15). Go fiwa ga maina a masha ao go tshwaya tshimologo ya botshelo jo bo bosha le isago e ntšha ya lolwapa le.

Aberahame o ratile Ishemaele le Isake ka bobedi. Modimo o boleletse Aberahame gore Ishemaele o tla ntsifadiwa mme a nne morafe o motona (bona Genesise 17:20). Ka nako e le nngwe, Modimo o ne a tlhamalatsa gore kgolagano ya bosakhutleng e tlaa diragadiwa ka Isake (bona Genesise 17:19).

Botlhe ba ba amogelang efangele ba nna karola ya mola wa ga Aborahame. Mo go Bagalatia re bala:

“Ka bontsi jwa lona lo kolobeditswe mo go Keresete le beilwe mo go Keresete.

“… Le bangwe fela mo go Jeso Keresete.

“Mme fa le le mo go Keresete, le peo ya ga Aberahame, ba ja boswa ka fa tsholofetsong” (Bagalatia 3:27-29).

Ka jalo, re ka nna ba ja boswa ba kgolagano lefa e ka nna ka go tsalwa kgotsa ka go godisiwa ke batsadi ba eseng ba rona.

Setshwantsho
batho ba phuthaganetse tirelo ya kolobetso

Fa re dira kgolagano le Modimo, re fudugela ruri mo lefelong le le sa itlhaloseng. Modimo o ka se phuaganye botsalano jwa Gagwe le bao ba dirileng tshwaragano e e ntseng jalo le Ene.

Morwa wa ga Isake le Rebeka Jakobe one a tshololetswe mo kgolaganong. Ka tlaleletso,o tlhopile go tsena ka tetlelelo ya gagwe. Jaaka o itse, leina la ga Jakobe lene la fetolelwa kwa go Iseraele (bona Genesise 32:28), go kaya gore “letla Modimo go fenya” kgotsa “yoo fenyang le Modimo.”7

Mo go Ekesodo re bala gore “Modimo a gakologelwa kgolagano ya gagwe le Aborahame, le Isake, le Jakobe” (Ekesodo 2:24). Modimo o boleletse bana ba Iseraele, “Fa le ka obamela lentswe la me tota, mme la tshegetsa kgolagano ya me, ka jalo le tlaa nna letlotlo le le rategang mo go nna” Ekesodo 19:5).

Lefoko le “letlotlo le le rategang” le ranotswe go tswa mo Seheberong segullah, go raya gore selwana sa tlhwatlhwa— “letlotlo.”8

Mo bukeng ya ga Duteronome e bolela ka botlhokwa jwa kgolagano. Baaposetole ba Kgolagano e ntšha ba itse ka kgolagano e. Petere o ne a fodisa monna wa bogole mo direpodi tsa tempele, a ruta balebedi ka ga Jeso. Petere are “Modimo wa ga Aborahame le wa ga Isake, le wa ga Jakobe, Modimo wa borraetsho, o segofaditse Morwae Jeso” (Ditiro 3:13).

Petere a tswala molaetsa wa gagwe ka go bolelela bareetsi ba gagwe, “Lo bana ba baperofeti, mme lo ba kgolagano e Rara a e dirileng le borraalona, are go Aberahame, Le mo peong ya gago lotso lotlhe lwa lefatshe lo tlaa segofadiwa” (Ditiro 3:25). Petere o ba tlhaloseditse gore karolo ya go tla ga Keresete ene ele go diragatsa kgolagano ya Modimo.

Morena o neetse thero ee tshwanang kwa bathong ba Amerika wa bogologolo. Koo, Keresete yo o tsogileng mo baswing o boleletse batho gore tota ke bo mang. O rile:

“Lo bana ba baperofeti; mme lo ba ntlo ya Iseraele; mme lo ba kgolagano e Rara a e dirileng le borraalona, a re go Aberahame: Le mo peong ya gago lotso lotlhe lwa lefatshe lo tlaa segofadiwa.

“Rara ka a ntsositse go lona pele, mme a nthomile go lo segofatsa mo go fetoleng mongwe le mongwe wa lona go tswa mo boikeping [jwa] lona; le se ka ntlha ya gore lo bana ba kgolagano” (3 Nefi 20:25–26).

A o bona bokao ba se? Bao ba tshegetsang dikgolagano tsa bona le Modimo ba tlaa nna boikgapo ba mewa mo itshireletsong-sebe! Bao ba tshegetsang dikgolagano tsa bone ba tlaa nna le thata ya go iphapa mo kgatelelong e e tsweletseng ya lefatshe.

Setshwantsho
monna a tsaya selalelo

Bao ba tshegetsang dikgolagano tsa bona le Modimo ba tlaa nna boikgapo ba mewa mo itshireletsong-sebe! Bao ba tshegetsang dikgolagano tsa bone ba tlaa nna le thata ya go iphapa mo kgatelelong e e tsweletseng ya lefatshe.

Tiro ya go Anamisa Efangele: Go abelana Kgolagano

Morena o laotse gore re gase efangele le go abelana kgolagano. Ke ka moo re nang le banamisa efangele. O eletsa gore mongwe le mongwe wa bana ba Gagwe a nne le sebaka go itlhopela efangele ya ga Mmoloki le go simolola mo tseleng ya kgolagano. Modimo o batla go kopanya batho botlhe go kgolagano e a e dirileng le Aberahame bogologolo.

Ke kamoo, tiro ya boanamisa efangele e leng karolo ee botlhokwa ya go phutha Iseraele. Go phuta ke tiro ee botlhokwa thata ee diragalang mo lefatsheng gompieno. Ga go na sepe se se ka amanngwang le bogolo bo. Ga go na sepe se se ka amanngwang le botlhokwa bo. Baanamisa efangele ba Morena—barutwa ba Gagwe—ba tlhwaafetse mo kgwetlong e kgolo, tsela e kgolo, tiro e kgolo mo lefatsheng gompieno.

Fela go na le segolo—segolo tota. Go na le tlhokego e kgolo ya go gasa efangele mo bathong ba ba ka kwa ga sesiro. Modimo o batla mongwe le mongwe, mo matlhakoreng otlhe a sesiro, go itumelela ditshegofatso tsa kgolagano ya Gagwe. Tsela ya kgolagano e buletswe botlhe. Re ikuela go mongwe le mongwe go tsamaya le rona mo tseleng eo. Ga gona tiro epe e nngwe e e akareditseng botlhe. Ka gore “Morena o kutlwelobotlhoko go botlhe ba ba ratang, mo boammaaruring jwa dipelo tsa bone, ba bitsa leina la gagwe le le boitshepo” (Helamane 3:27).

Ka gonne Boperesiti jwa Melekiseteke bo tsosolositswe, bomme le borre ba ba tshegeditseng kgolagano ba na le tetlelelo ya “ditshegofatso tsotlhe tsa semowa” tsa efangele (Dithuto le Dikgolagano 107:18; botlhokwa bo gateletswe).

Kwa tshwaelong ya Tempele ya Kirtland ka 1836 ka fa tlase ga taelo ya Morena, Elija a tlhagelela. Maikaelelo a gagwe? “Go fetolela … bana go borraabone” (Dithuto le Dikgolagano 110:15). Elias le ene a tlhagelela. Maikaelelo a gagwe? Go tlhoma Joseph Smith le Oliver Cowdery “paka ya efangele ya ga Aborahame, a re mo go rona le peo ya rona le dikokomane tsa rona morago ga rona di tlaa segofala” (Dithuto le Dikgolagano 110:12). Ka jalo, Morena o tlhomile taolo ya bopereseti go Joseph Smith le Oliver Cowdery le thata go diragatsa ditshegofatso tse di kgethegileng tsa kgolagano ya ga Aborahame go ba bangwe.9

Mo Kerekeng, re tsamaya tsela ya kgolagano gotlhe ka bongwe le ka seopo sengwe. Fela jaaka manyalo le malwapa ba abelana letlhakore le le kgethegileng la tshwaragano e e bopang lorato le le kgethegileng, fela jalo botsalano jo bosha bo bo tlhamilweng fa re itshwaraganya ka kgolagano ee tlhamaletseng go Modimo wa rona.

Se e ka nna se Nefae a neng a se kaya fa a re Modimo “o rata botlhe ba ba tla mo dirang Modimo wa bone” (1 Nefae 17:40). Se ke sone sa gore ke goreng, jaaka karolo ya kgolagano, kutlwelobotlhoko e e kgethegileng le lorato—kgotsa hesed—e leng teng go botlhe ba ba botsalano jo bo atamelaneng le go re tshwaraganya le Modimo, le “go ya dikokomaneng tse di sekete” ( Diteromo 7:9).

Go dira kgolagano le Modimo go fetola botsalano ba rona le Ene ka bosakhutleng. E re segofatsa ka selekanyo se se okeditsweng sa lorato le kutlwelobotlhoko.10 Go ama seo re leng sone le gore Modimo o ka re thusa jang gore re nne se re ka nnang sone. Re solofeditswe gore re, gape, re ka nna “letlotlo le le sa tlhwaelegang” mo go Ene (Pesalema 135:4).

Ditsholofetso le Ditshiamelo

Bao ba dirang dikgolagano tse di boitshepo ba bo ba di tshegetsa ba solofetswa botshelo jo bosakhutleng le kgalalelo ya bosakhutleng, “dimpho tsa Modimo tse dikgolo go di feta tsotlhe” (Dithuto le Dikgolagano 14:7). Jeso Keresete ke motlhomamisetsi wa dikgolagano tseo (bona Bahebere 7:22; 8:6). Batshegetsi ba dikgolagano ba ba ratang Modimo ba Mo letla go fenya mo dilong tsotlhe mo matshelong a bone ba Mo dira thotloetso e e maatla mo matshelong a bone.

Mo matsatsing a a rona re motlotlo go amogela ditshegofatso tsa bopatiriaka le go ithuta ka kgolagano ya rona le bapatiriaka ba bogologolo. Ditshegofatso tseo di tlisa lesedinyana la gore kwa pele go ntse jang.

Setshwantsho
Jeso a bua le Petere

Ka ntlha ya kgolagano ya rona le Modimo, ga A kitla a lapa mo maitekong a Gagwe go re thusa, mme ga re kitla re fetsa bopelotelele jwa kutlwelobotlhoko ya Gagwe mo go rona.

Lovest Thou Me More Than These? ka David Lindsley

Pitso ya rona jaaka ba kgolagano ya Iseraele ke go netefatsa gore maloko a Kereke a lemoga boitumelo le tshwanelo e e amanang le go dira dikgolagano le Modimo. Ke pitso go rotloetsa mongwe le mongwe monna le mosadi, mosimane le mosetsana, yo o tshegetsang-kgolagano go abelana efangele le go bao ba ba tlang gaufi le thotloetso ya bona. Ke pitso go tshegetsa le go ema nokeng baanamisa efangele, ba ba rometsweng kwa pele ka ditaelo tsa go kolobetsa le go thusa go phuta Iseraele, gore rotlhe re tle re nne batho ba Modimo mme A nne Modimo wa rona (bona Dithuto le Dikgolagano 42:9.).

Monna mongwe le mongwe le mosadi yo o tsenelang a amogelang ditao tsa boperesiti mme a tshegetsa dikgolagano le Modimo o na le tshwanelo ya thata ya Modimo. Re tsaya leina la Modimo mo go rona ka bongwe. Mme gape re tsaya Leina la gagwe re le batho. Go nna le phisego ya go dirisa leina le le siameng la Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke tsela e e botlhokwa gore jaaka re le batho re itseela leina la Gagwe mo go rona. Boammaaruri, ditiro tsotlhe tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo le maloko a yone di supa hesed ya Modimo.

Ke eng Iseraele ene e phatlaladitswe? Ka ntlha ya gore batho ba robile ditaelo tsa Modimo ba kgobotletsa baporofeti ka matlapa. Rara yo o lorato mme a utlwile botlhoko a fetola ka go phatlalatsa Iseraele kgakala le ka bophara.11

Lefa go ntse jalo, O ba phatlaladitse ka tsholofetso ya gore letsatsi lengwe Iseraele e tla phuthegela gape kwa go Ene.

Morafe wa ga Juda o ne o filwe boikarabelo go baakanyetsa lefatshe go tla gape ga Morena. Go tswa mo morafeng oo, Marea o ne a bitswa go nna mmaagwe Morwa wa Modimo.

Morafe wa ga Josefa, go tswa mo go ene le barwawe Asenathe, Eferraime le Manase (bona Genesise 41:50-52; 46:20), o filwe boikarabelo go etelela pele go phuta Iseraele, go baakanyetsa lefatshe go Tla Gape ga Morena.

Mo go senang nako hesed botsalano, go mo tlholegong gore Modimo o ka batla go phuta Iseraele. Ke Rara wa rona wa Legodimo! O batla mongwe le mongwe wa bana ba Gagwe—mo matlhakoreng otlhe a sesiro—go utlwa molaetsa wa tsosoloso ya efangele ya ga Jeso Keresete.

Tsela ya Lorato

Tsela ya kgolagano ke tsela ya lorato—bontle jwa hesed, ka kutlwelobotlhoko le go kgathalela go thusa ba bangwe. Go ikutlwa lorato leo go a golola le go tsholetsa maikutlo. Boitumelo jo bogolo jo re ka bo lemogang ke go komediwa ke lorato go Modimo le bana botlhe ba Gagwe.

Go rata Modimo go feta motho ope kgotsa sengwe fela sepe ke seemo se se tlisang kagiso ya nnete, kgomotso, go itshepa, le boitumelo.

Tsela ya kgolagano ke fela ka ga botsalano ba rona le Modimo—ya rona hesed botsalano le Ene. Fa re tsena mo kgolaganong le Modimo, re dirile kgolagano le Ene yo o tlaa tshegetsang lefoko la Gagwe ka metlha. O tlaa dira gotlhe mo A ka go kgonang, kwantle le go kgoreletsa boitshenkelo jwa rona, go re thusa go tshegetsa tsa rona.

Buka ya ga Momone e simolola le go wela ka kgolagano ya bosakhutleng. Go tswa mo letlhareng la setlhogo go fitlha kwa pheleletsong ya bopaki jwa ga Momone le Moroni, Buka ya ga Momone e dira dikao ka kgolagano (bona Momone 5:20; 9:37). “Go tla pele ga Buka ya ga Momone ke sesupo mo lefatsheng lotlhe gore Morena o simolotse go kgobokanya Iseraele le go diragatsa dikgolagano tse A di dirileng go Aberahame, Isake, le Jakobe.”12

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me, re biditswe ka nako ee botlhokwa ya ditso tsa lefatshe go ruta lefatshe ka bontle le thata ya kgolagano ya bosakhutleng. Rara wa Rona wa Legodimo o Re tshepa ka pelo yotlhe go dira tiro e tona e.

Molaetsa o o filwe kwa koferenseng ya kakaretso ka kopano ya baeteledipele ka Mopitlwe 31, 2022.

Dintlha

  1. Bona Russell M. Nelson, “Children of the Covenant,” Ensign, Motsheganong 1995, 34.

  2. Kgolagano e ntšha ya bosakhutleng ke botlalo jwa efangele ya ga Jeso Keresete. E akaretsa ditao tsotlhe le dikgolagano tse di tlhokega mo poloko ya rona (bona Dithuto le Dikgolagano 66:2). E “ntšha” gangwe le gape fa Morena a e ntšhafatsa kgotsa a e tsosolosa, mme ke “ya bosakhutleng” ka gore ga e fetoge.

  3. Puisano e e tseneletseng kaga hesed le kgolagano ya bosakhutleng e bonwa mo go Kerry Muhlestein, God Will Prevail: Ancient Covenants, Modern Blessings, and the Gathering of Israel (2021).

  4. Russell M. Nelson, mo go “Special Witnesses of Christ,” Liahona, Moranang 2001, 7.

  5. Lefoko la Sehebere Ishmael le raya gore “Modimo oa utlwa” (Thanodi ya Baebele,“Ishemaele”).

  6. “Ka tumelo Sara ka bo ene o amogetse thata ya go bopa peo, mme a belega ngwana a setse a fetile dingwaga tsa go belega, ka gore o mo atlhotse ka tumelo yo o solofeditseng” (Bahebere 11:11).

  7. Thanodi ya Baebele, “Iseraele.”

  8. Bona Thanodi ya Baebele, “Tlwaelegang”; “Thanodi ya Sehebere le Chaldee.” Strong’s Exhaustive Concordance of the Bible (1984), 82, lefoko 5459.

  9. Bona Russell M. Nelson, “Thanks for the Covenant” (Brigham Young University devotional, Nov. 22, 1988), 4, speeches.byu.edu.

  10. “Kgolagano nngwe le nngwe le Modimo e fa sebaka sa go mo atamela. Go mongwe yoo tsayang nakonyana mo go se a se utlwileng ka lorato la Modimo, go nna le tshwaragano eo e diriwa thata mme botsalano bo le gautshwane ke neo e o ka se e kakobeng” (Henry B. Eyring, “Making Covenants with God” [Brigham Young University fireside, Sept. 8, 1996], 3, speeches.byu.edu).

  11. “Morena o ne gape a dirisa phatlalatso e ya batho ba ba tlhopilweng ba Gagwe mo merafeng yotlhe ya lefatshe go segofatsa merafe eo” (Tshupetso kwa dibukeng tse di boitshepo, ”Iseraele,” scriptures.ChurchofJesusChrist.org; bona gape Jacob 5:1‑8,20).

  12. Russell M. Nelson, “The Future of the Church: Preparing the World for the Savior’s Second Coming,” Liahona, Moranang, 2020, 9.

Gatisa