2022
Ke eng Re Ntsha tsa Bolesome
Sedimonthole 2022


“Ke eng Re Ntsha tsa Bolesome,” Liahona, Sed.2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2022

Ke eng Re Ntsha tsa Bolesome

Setshwantsho
madi a tlhatlhagane

Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba neela bongwe mo lesomeng jwa tuelo ya bone go Kereke. Se se bidiwa tsa bolesome. Madi a dirisiwa go tsweledisa tiro ya Kereke go ralala lefatshe.

Tsa bolesome ke eng?

Nngwe ya ditaelo tsa Modimo ke go ntsha tsa bolesome, mo e leng bongwe mo lesomeng la tuelo ya rona, go Kereke ya Gagwe. Fa re ntsha tsa bolesome, re supa malebogo go Modimo a ditshegofatso tsa rona. Re supa gore re tshepa Morena le gore re rata go Mo obamela mo dilong tsotlhe.

Setshwantsho
Batho ba tlisa dithoto kwa go Melekiseteke jaaka tuelo ya tsa bolesome

Melekiseteke—Motlhokomedi wa Ntlo ya polokelo, ka Clark Kelley Price

Dithuto tsa Kgolagano e Kgologolo

Batho ba Modimo ba ntshitse tsa bolesome e sa le ka dinako tsa Kgolagano e Kgologolo. Sekai, Aberahame o ntshitse tsa bolesome (bona Genesise 14:18–20). Molao wa tsa bolesome o ne le gone wa rutwa ke baporofeti ba bogologolo, go akaretsa Moshe le Malaki (bona Lefitiko 27:30–34; Nehemia 10:35–37; Malaki 3:10).

Tsosoloso ya Molao wa tsa Bolesome

Ka 1838, Moporofeti Joseph Smith o ne a botsa Morena gore maloko a Kereke ba ka duela tsa bolesome jang. Karabo ya Morena e gatisitswe mo Dithuto le Dikgolagano 119, e e leng gore maloko a tshwanetse go neela bongwe mo lesomemg la dikoketso tsa bone go Kereke (bona temana 4). Baeteledipele ba Kereke ba rutile gore “koketso”e raya tuelo.

Setshwantsho
Batho ba dumedisana ka diatla fa mongwe a fitisa enfolopo go yo mongwe

Setshwantsho ka Jamie Dale Johnson

Ka fa go Ntshiwang tsa Bolesome ka teng

Re ka ntsha tsa bolesome ka go tlatsa foromo ya mpho mo maranyaneng kwa donations.ChurchofJesusChrist.org. Kgotsa re ka tlatsa foromo ya pampiri mme ra neela madi go leloko la bobishopo kgotsa boporesidente jwa lekala. Madi otlhe a romelwa kwa ntlo kgolo ya Kereke, kwa baeteledipele ba Kereke (Boporesidente jwa Ntlha, Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, le Bobishopo ba ba Okametseng) ba tsayang ditshwetso ka thapelo ka fa a ka dirisiwang ka teng.

Ditshegofatso

Morena o solofeditse gore bao ba ba ntshang tsa bolesome ba tlaa segofala ka lobaka lono fela le semowa. Tsa bolesome le gone di segofatsa bana botlhe ba Modimo ka monyetla wa go ithuta ka ga Gagwe le go gola mo efangeleng.

Setshwantsho
Tempele ya Salt Lake

Ka fa Madi a Tsa bolesome a Dirisiwang ka teng

Madi a tsa bolesome a dirisiwa go aga Kereke ya Morena go ralala lefatshe lotlhe. Se se akaretsa go aga ditempele le dikago tse dingwe tsa Kereke, go gatisa dikwalo tse di boitshepo le didirisiwa tse dingwe, go duelela dikwele tsa Kereke, le go thusa ka ditso tsa lelwapa le tiro ya boanamisa efangele.

Kitsiso ya tsa bolesome

Gangwe mo ngwageng, Maloko a Kereke ba kopana le bishopo (kgotsa poresidente wa lekala) go mmolelela gore ke bantshi ba tsa bolesome ka botlalo.

Tsa Bolesome e Duelela Eng

Setshwantsho
Tempele ya Oakland California

Setshwantsho sa Oakland California Temple ka Longin Lonczyna Jr.

Setshwantsho
dikgatiso tsa Buka ya ga Momone ka dipuo tse di farologaneng
Setshwantsho
ntlo ya bophuthegelo

Gatisa