2023
Malwapa ke a Bosakhutleng
Firikgong 2023


“Malwapa ke a Bosakhutleng,” Liahona,

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2023

Malwapa ke a Bosakhutleng

Setshwantsho
lelwapa le le nyenyang

Lelwapa ke setlhopa sa motheo sa setšhaba le Kereke. Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo a dumela gore malwapa a ka nna a bosakhutleng. Re dira go thatafatsa malwapa a rona mo lefatsheng. Le gone re na le tumelo gore re ka amogela tshegofatso ya lelwapa la bosakhutleng.

Lelwapa la Modimo

Batho botlhe ke barwa mowa kgotsa barwadi ba batsadi ba legodimo. Rotlhe re karolo ya lelwapa la Modimo. Rotlhe re na le tlholego ya selegodimo le bowelo. Fa re tshela ka tshiamo, re ka boa go tshela le Rara wa rona wa Legodimo re le karolo ya lelwapa la Gagwe ka bosaengkae.

Setshwantsho
banyalani ba basha kwa ntle ga tempele

Ditshwantsho tsa lenyalo ka Joseph Kaluba

Malwapa a Bosakhutleng

Fa monna le mosadi ba nyalane mo tempeleng mme ba tshegetsa dikgolagano tsa bone, lenyalo la bone le tlaa nna la bosakhutleng. Tao e ya tempele e bidiwa kano. Bana ba ba tshotsweng morago ga batsadi ba bone ba sena go kaniwa ba tsholelwa mo kgolaganong eo. Bana ba ba tshotsweng pele batsadi ba bone ba kanwa ba ka kanwa mo go bone mo tempeleng gore e ka nna lelwapa la bosaengkae. Maloko a Kereke ba dira ditso tsa lelwapa le tiro mo tempeleng gore ba ka kanwa mo malwapeng a bone botlhe go ya ka ditshika tsotlhe. Tshegofatso ya lelwapa la bosakhutleng e dirwa ka ntlha ya ga Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe.

Lenyalo

Lenyalo fa gare ga monna le mosadi le tlhomilwe ke Modimo. Efangele ya ga Jeso Keresete e ruta banna le basadi go tshepagala le go nna boikanyego mo dikgolaganong tsa bone tsa lenyalo. Ba tshwanetse go nna boammaruri mo dikakanyong, lefokong le mo tirong. Lenyalo ke kopanelo e e lekanang, mme banyalani ba tshwanetse go kgothatsana, gomotsana, le go thusana.

Setshwantsho
batsadi le losea

Batsadi le Bana

Modimo o laetse Atamo le Efa go nna le bana. Baeteledipele ba Kereke ba rutile gore taelo e e santse e le mo tirisong. Bomme le borre ba dira mmogo go godisa bana ba bone ka lorato le tshiamo (bona Dithuto le Dikgolagano 68:25–28). Bana ba rutiwa go tlotla le go obamela batsadi ba bone (bona Ekesodo 20:12).

Go ruta le go Ithuta

Batsadi ba ruta bana ba bone go rata Modimo le go obamela ditaelo tsa Gagwe. Botshelo jwa lelwapa bo re neela sebaka sa go utlwa boitumelo le go ithuta bopelotelele le go sa nne pelotshetlha. Dipopego tse di re thusa go nna thata jaaka Modimo le go re baakanyetsa go tshela ka boitumelo re le malwapa ka bosaengkae.

Go Thatafatsa Malwapa

Go tsaya natla, boineelo, le bopelotelele go aga lelwapa le le atlegileng. Melwana ya efangele jaaka tumelo, thapelo, boitshwarelo, lorato, tiro, le tshameko e e phepa di ka re thusa go fitlhelela boitumelo mo botshelong jwa lelwapa. Le gone re ka amogela tshenolo ya motho go itse ka fa re ka thatafatsang malwapa a rona ka teng.

Setshwantsho
setshwantsho sa ga Jeso Keresete

Setshwantsho sa ga Keresete, ka Heinrich Hofmann

Ditshegofatso tse di teng go Botlhe

Ga se mongwe le mongwe yo o nang le sebaka sa go nna karolo ya lelwapa le le eletsegang fano mo lefatsheng. Mme Modimo o re solofeditse gore mongwe le mongwe yo o tshegetsang ditaelo tsa Gagwe o tlaa amogela ditshegofatso tsotlhe tsa lelwapa la bosakhutleng. Re ka mo tshepa ra ba ra nna le tumelo mo nakong ya Gagwe.

Gatisa