2023
Ditshegofatso tsa Boperesiti
Mopitlo 2023


“Ditshegofatso tsa Boperesiti,” Liahona, Mop. 2023.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2023

Ditshegofatso tsa Boperesiti

Setshwantsho
Keresete a tlhoma Baaposetole ba ba Lesome le bobedi

Keresete a Tlhoma Baaposetole ba ba Lesome le bobedi, ka Harry Anderson

Tshegofatso ya boperesiti e neelwa ka tlhotlheletso ke motshegetsi wa Boperesiti jwa ga Melekesiteke. Ditshegofatso tsa Boperesiti di dira gore bana botlhe ba Modimo ba ka amogela thata ya Gagwe, phodiso, kgomotso, le kaelo.

Boperesiti

Boperesiti ke thata le taolo ya Modimo. Banna ba ba tshwanelang ba ba tshegetsang Boperesiti jwa ga Melekesiteke ba dira mo leineng la ga Jeso Keresete fa ba neela ditshegofatso tsa boperesiti. Jaaka ba neela ditshegofatso tse, ba sala morago sekao sa Mmoloki sa go segofatsa ba bangwe.

Setshwantsho
Diatla di bewa mo godimo ga tlhogo

Setshwantsho ka David Winters

Ka fa Ditshegofatso Di Neelwang ka teng

Ditshegofatso tsa Boperesiti di neelwa ka go baya diatla. Motshegetsi wa Boperesiti jwa ga Melekesiteke o baya diatla tsa gagwe mo tlhogong ya motho yo o amogelang tshegofatso. Ke gone a neele tshegofatso jaaka Mowa o kaela. Bao ba ba neelang ditshegofatso le bao ba ba di amogelang ba dira tumelo mo Modimong le go tshepha go rata ga Gagwe le nako.

Go fa Leina le go Segofatsa Bana

Morago ga ngwana a sena go tsholwa, motshegetsi wa boperesiti o mo neela leina le tshegofatso (bona Doctrine and Covenants 20:70). Se gantsi se diragala mo kopanong jwa go itima dijo le bopaki. Ngwana lantlha o neelwa leina. Ke gone motshegetsi wa boperesiti a neele ngwana tshegofatso.

Setshwantsho
mosimane yo o lwalang a amogela tshegofatso ya boperesiti

Setshwantsho ka Welden C. Andersen

Ditshegofatso tsa Molwetsi

Batshegetsi ba Boperesiti jwa ga Melekeseteke ba ka neela batho ba ba lwalang ditshegofatso. Mefuta e ya tshegofatso e na le karolo tse pedi: tlotso ka leokwane le go kana tlotso. Lantlha, motshegetsi wa boperesiti o rothisetsa lerothodi la leokwane le le tshwaetsweng, kgotsa le segofaditswe, mo tlhogong ya motho mme a neele thapelo e khutshwane. Ke gone motshegetsi yo mongwe wa boperesiti a kane tlotso mme a neele motho tshegofatso jaaka a kaelwa ke Mowa o o Boitshepo.

Ditshegofatso tsa Kgomotso le Kaelo

Batshegetsi ba Boperesiti jwa ga Melekeseteke ba ka neela ditshegofatso tsa kgomotso le kgakololo go maloko a lelwapa le ba bangwe ba ba di kopang. Rre yo o tshegeditseng Boperesiti jwa ga Melekeseteke o ka naya bana ba gagwe ditshegofatso tsa ga rre. Se se ka thusa bogolo thata fa bana ba lebaganwe ke dikgwetlho tse di tlhaolegileng.

Go lomolola Maloko fa ba Direla mo Dipitsong

Fa maloko a Kereke ba amogela dipitso, ba neelwa tshegofatso fa ba lomololwa go direla. Moeteledipele wa boperesiti o ba segofatsa ka taolo go dira mo pitsong. Moeteledipele wa boperesiti le gone o ba neela tshegofatso go ba thusa mo tirelong ya bone.

Setshwantsho
mosadi a bala tshegofatso ya gagwe ya bopatiriaka

Setshwantsho ka Shauna Stephenson

Tshegofatso ya Bopatiriaka

Leloko lengwe le lengwe le le tshwanelang le ka amogela tshegofatso ya bopatiriaka. Tshegofatso e e neela kaelo go motho go tswa kwa go Morena. E ka naya kaelo le kgomotso botshelo jotlhe jwa motho. Le gone e bolelela motho losika la gagwe mo ntlong ya Iseraele. Ke fela mopatiriaka yo o tlhomilweng yo a ka neelang mofuta o wa tshegofatso.

Gatisa