2023
Mowa o o Boitshepo O ka Re Thusa
Seetebosigo 2023


“Mowa o o Boitshepo O ka Re Thusa,” Liahona, Seetebosigo 2023.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2023

Mowa o o Boitshepo O ka Re Thusa

Setshwantsho
monna a ntse fa fatshe a lebeletse tlhabo ya letsatsi

Mowa o o Boitshepo ke leloko la boraro la Bomodimo. Dikwalo tse di Boitshepo le gone di mo kaya jaaka Mowa, Mowa o o Boitshepo, kgotsa Mogomotsi. Jaaka re ithuta go reetsa lentswe la Gagwe, O tlaa re pakela ka Jeso Keresete mme a re thuse go ithuta boammaaruri jwa efangele.

Leloko la Bomodimo

Rara wa Legodimo, Jeso Keresete, le Mowa o o Boitshepo ke Bomodimo. Ba a re rata mme ba dira ka kutlwano go diragatsa togamaano ya poloko. Lentswa Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba na le mebele ya nama le marapo, Mowa o o Boitshepo ga o na one. Ke mowa.

Setshwantsho
setshwantsho sa galase e e maretsweng sa ga Rara le Morwa

Mosupi wa ga Rara le Morwa

Mowa o o Boitshepo “ o supa ka ka Rara le Morwa” (2 Nefi 31:18). Se se raya gore re ka amogela bopaki jwa ga Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ka Mowa o o Boitshepo.

O paka ka Boammaaruri

Mowa o o Boitshepo o paka ka boammaaruri botlhe. O tlaa re thusa go itse gore efangele—go akaretsa togamaano ya poloko, ditaelo tsa Modimo, Tsosoloso, le tetlanyo ya ga Jeso Keresete—di boammaaruri. O tlaa nonotsha bopaki jwa rona jaaka re tswelela re rapela, re tshegetsa ditaelo, le go ithutuntsha efangele.

Setshwantsho
seatla se tshwere kampase

O a re Kaela le go re Sireletsa

Mowa o o Boitshepo o ka re kaela mo ditshwetsong tsa rona le go re sireletsa mo phatseng tsa senama le semowa. O tlaa re thusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa rona fa re rapela mme re leka go dira mo go siameng. O tlaa re goga ka metlha “go dira molemo” (Doctrine and Covenants 11:12).

O a re Gomotsa

Mowa o o Boitshepo nako tse dingwe o kaiwa jaaka “Mogomotsi” (Johane 14:26). O ka re tlatsa “ka tsholofelo le lorato le le itekanetseng” (Moroni 8:26) fa re tshwenyegile, re hutsafetse, kgotsa re tshogile. Jaaka A re thusa go utlwa lorato lwa Modimo, re ka fenya go nyema marapo mme ra nonotshiwa mo ditekong tsa rona.

Neo ya Mowa o o Boitshepo

Morago ga go kolobediwa, re amogela neo ya Mowa o o Boitshepo mo taong e e bidiwang tlhomamiso. Fa re sena go amogela neo e, re ka nna le mopati o o sa fetogeng wa Mowa o o Boitshepo fa fela re tshela ka tshiamo.

Setshwantsho
mosadi a bala dikwalo tse di boitshepo

Setshwantsho ka J. Kirk Richards

Ka Fa Re Utlwang Mowa o o Boitshepo ka Teng

Mowa o o Boitshepo o buisana le batho ka ditsela tse di farologaneng. Se se ka akaretsa maikutlo a kagiso,a a gomotsang kgotsa ponatshego ka ga se re ka se buang kgotsa go se dira. Jaaka re rapelela kaelo le go reetsa dithotloetso tsa Gagwe, re ka ithuta ka fa a buang le rona ka teng.

Gatisa