2023
Go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete
Phukwi 2023


“Go abelana Efangele ya ga Jeso Keresete,” Liahona, Phukwi 2023.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2023

Go Abelana Efangele ya ga Jeso Keresete

Setshwantsho
mosetsanyana ka dikwalo tse di boitshepo di butswe mo diropeng

Fa re akanya ka ditshegofatso tse re di amogelang ka ntlha ya gore re maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, re batla go abelana efangele le ba re ba ratang. Re ka abelana bopaki jwa rona jwa boammaaruri ka mafoko a rona le sekai sa rona. Re ka rapelela tlhotlheletso go itse yo re ka abelanang le ene le se re ka se buang.

Setshwantsho
Jeso a ya go monna yo o nang le bogole

Rata ba Bangwe

Karolo e e botlhokwa ya go abelana efangele ke go rata ba bangwe. Fa re supa lorato go ba bangwe ka ditiro tsa Bokeresete, re abelana efangele ya ga Jeso Keresete—nako tse dingwe re sa bue sepe. Mme fa ba bangwe ba itse gore ka boammaaruri re a ba kgathalela, ba ka nna le tshekegelo e e fa go dingwana go utlwa dikakanyo tsa rona ka efangele. (Bona Gary E. Stevenson, “Rata, Abelana, Laletsa,” Liahona, Motsheganong 2022, 84–87.)

Abelana mo go Tlwaelesegile le ka Ditsela tsa Tlholego

Re ka abelana se re se ratang ka ga efangele. Fa re dira se jaaka karolo ya go tshela ga rona ga letsatsi le letsatsi, ga go ka ke ga nna thata kgotsa go sa jese diwelang. Ka sekai, re ka bua le ba malwapa a rona le ditsala ka se re se dirang ka letsatsi la Tshipi. Kgotsa re ka ba bolelela ka boitumelo jo re bo utlwang fa re direla ba bangwe. (Bona Dieter F. Uchtdorf, “Tiro ya Boanamisa Tumelo: Kabelano ya se se mo pelong ya gago ,”Liahona, Motsheganong 2019, 15–18.)

Laletsa ba Bangwe go Ikopanya le Rona

Re ka laletsa ba bangwe go ithuta go fitisa ka efangele. Ka sekai, re ka ba laletsa go tla Kerekeng kgotsa tirelo, go bala Buka ya ga Momone, go lebelela setshwantsho sa motshikinyego sa Kereke, kgotsa go etelwa ke baanamisa efangele. Maitemogelo a a ka ba thusa go utlwa Mowa le go batla go ithuta go fitisa

Setshwantsho
Bomme ba babedi ba bagolwane bantse ba bua

Botsa ka Maitemogelo a Bone

Morago ga ditsala le maloko a lelwapa a ne a tlile kerekeng kgotsa ba nnile le thuto le baanamisa efangele, re ka ba botsa ka maitemogelo a bone. Dingwe tsa dithuto tsa efangele di ka tswa di le dintšha mo go bone, ka jalo re ka araba dipotso tse banang le tsone. Re ka supa lorato la rona le kemo nokeng mo maitekong a bone a go tla go Keresete.

Tlaleletsa mo Ditumelong tsa Bone

Re tseela kwa godimo le go tlotla ditumelo tsa ba bangwe, ebile re leka go tlaleletsa mo tumelong e ba setseng ba na le yone. Ka sekai, tsala e e boneng kgomotso mo dikwalong tsa Baebele le gone o ka bona kgomotso mo dithutong tse re di abelanang go tswa mo Bukeng ya ga Momone.

Setshwantsho
Basetsanyana ba thusa mme yo mogolwane go tlola tsela

Thusa Maloko a Masha a Kereke

Fa batho ba nna maloko a Kereke, re ka ba thusa go nonotsha tumelo ya bone. Re ka nna ditsala tsa bone, ra araba dipotso tsa bone, le go ba ema nokeng fa ba amogela dipitso. Re ka ba rotloetsa go tswelela ba sala Jeso Keresete morago le go ithuta ka efangele ya Gagwe.

Setshwantsho
bagolwane ba ba babedi ba kanamiso efangele le rre ba lebeletse mogala wa letheka mmogo.

Direla Thomo ya kanamiso efangele ya Nako e e Tletseng

Mo go tlaleletseng go abelana efangele mo matshelong a rona a letsatsi le letsatsi, Maloko a Kereke a ka bidiwa go dira ele baanamisa efangele ba nako e e tletseng. Fa ba ipaakantse, makolwanyane ba ka direla go tloga ba le dingwaga tse 18. Basetsanyana le ba bagolwane le bone ba ka direla. O ka bona tshedimosetso e e fitisang mo go ChurchofJesusChrist.org/callings/missionary.

Gatisa