2023
Go Ipaakanyetsa go Tsena Tempele
Sedimonthole 2023


“Go Ipaakanyetsa go Tsena Tempele,” Liahona, Sedimonthole,2023.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2023

Go Ipaakanyetsa go Tsena Tempele

Setshwantsho
batho ba tsamaya mo Tempeleng ya Ogden Utah

Setshwantsho sa Tempele ya Ogden Utah ka Mark Brunson

Mo ditempeleng tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo re ka amogela dikgolagano tse di boitshepo le ditao tsa rona le bagologolo ba rona. Re tsena tempele go supa lorato lwa rona le ditebogo mo go Rara wa Legodimo le Jeso Keresete. Re ka ipaakanyetsa go tsena tempele ka go ithuta le ka go tshela efangele ya ga Jeso Keresete. Ka ga kitso thata ka ditempele, bona mokwalwana wa Motheo wa Efangele “Tiro ya Tempele” mo kgatisong ya Phalane 2021 ya Liahona.

Setshwantsho
mafoko a a kwantle ga Tempele ya Durban South Africa

Setshwantsho sa Tempele ya Durban South Africa ka Matthew Reier

Ntlo ya Morena

Ditempele di bidiwa “ntlo ya Morena.” Ke mafelo a a boitshepo kwa re ka utlwang Mowa wa Modimo le lorato lwa Gagwe mo go rona. Le gone ke mafelo a re ka dirang dikgolagano le go amogela ditao tse di tlhaolegileng tseo di tlaa re baakanyetsang go nna le botshelo jo bo sa khutleng. (Dikgolagano ke ditsholofetso tse di boitshepo fa gare ga Rara wa Legodimo le bana ba Gagwe.) Go nna boikanyego mo dikgolaganong tsa rona le go amogela ditao go re thusa go nna le kamano e e tlhaolegileng le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.

Setshwantsho
banana ba eme kwantle ga Tempele ya Guayaquil Ecuador

Setshwantso sa Tempele ya Guayaquil Ecuador ka Janae Bingham

Ke mang yo o ka tsenang Tempele?

Maloko a Kereke a ka dira dikolobetso tsa baswi go simolola ngwaga e ba nnang 12. Leloko le ka amogela endaomente fa a le kgotsa a ka nna 18, e nnile leloko la Kereke bonnye jwa ngwaga e le nngwe, mme a eletsa go dira le go tshegetsa dikgolagano tsa tempele (bona General Handbook: Serving in The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints, 27.2.2, ChurchofJesusChrist.org). Monna le mosadi ba ba setseng ba amogetse endaomente ya tempele ba ka kaniwa (nyadisiwa) ka bosakhutleng mo tempeleng.

Dikgolagano le Ditao

O tla dira dikgolagano le go amogela ditao mo tempeleng. “Go tsena mo kamanong ya kgolagano le Modimo go re bofelela mo go Ene ka tsela e e dirang sengwe le sengwe ka ga botshelo motlhofo” (Russell M. Nelson, “Overcome the World and Find Rest,” Liahona, Nov. 2022, 97). Tao ke tiragalo e e boitshepo ya nama e e dirwang ka taolo ya boperesiti. Ditao di na le bokao jo bo tseneletseng jwa semowa. Sekai, fa o tsaya karolo mo taong, o supetsa Modimo gore o rata go amogela le go tshegetsa dikgolagano tsa Gagwe.

Ipaakanyo ya Motho ka bongwe

Ipaakanye semowa ka go sala morago dithuto tsa ga Jeso Keresete le ka go tshegetsa dikgolagano tse o di dirileng le Modimo ka kolobetso. O ka ithutuntsha gape ka didirisiwa tsa Kereke, jaaka dikwalo tse di boitshepo le dipuiso tsa khonferense ya kakaretso. Temples.ChurchofJesusChrist.org di neela kitso ka ga se o ka se solofelang fa o tsena tempeleng. Gape e akaretsa dintlha thata ka ga dikgolagano tsa tempele, ditao, le dikao.

Setshwantsho
kwa ntle ga Tempele ya Nauvoo Illinois

Setshwantso sa Tempele ya Nauvoo Illinois ka Eve Tuft

Tshwantshiso

Morena gantsi o ruta ka go dirisa dikao. Sekai, kolobetso—go tsena kwa tlase ga metsi le go tswa gape—go tshwana le wena o mogologolo o swa le wena o mosha a tsalwa gape (bona Baroma 6:3–6). Ditao tsa tempele di supa kwa go Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe. Go ka nna thata go tlhaloganya tshwantshiso yotlhe lantlha fa o ya tempeleng, mme o ka tswelela ka go ithuta fa o boela kwa tempeleng go ya ka botshelo jwa gago.

Rekomente ya Tempele

Go tsena mo tempeleng, o tlhoka go bo o iketleeditse mme o tshwanela. O ka amogela rekomente ya go tsena mo tempeleng morago ga potsolotso le bishopo kgotsa poresidente wa lekala mme le poresidente ya lomapo kgotsa thomo. Baeteledipele bano ba tla a go botsa setlhopa sa dipotso go rurifatsa gore o tshela ka efangele ya ga Jeso Keresete. Baeteledipele ba gago ba ka bua le wena ka dipotso tse pele ga nako.

Go boela kwa Tempele go thusa Bagologolo ba Gago

Rara wa Legodimo o batla bana ba Gagwe botlhe ba dira dikgolagano le Ene le go amogela ditao tse di boitshepo. Ditao tsena, jaaka kolobetso le endaomente, di tshwanetse go dirwa mo tempeleng tsa bao ba ba tlhokafetseng ba sa amogela efangele. O ka boela kwa tempeleng go dira ditao tsa maloko a gago a lelwapa a a tlhokafetseng.

Gatisa