Liahona
Boitumelo jo Bosafeleng jwa go Tshela Efangele
Tlhakole 2024


“Boitumelo jo Bosafeleng jwa go Tshela Efangele,” Liahona, Tlhakole 2024.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2024

Boitumelo jo Bosafeleng jwa go Tshela Efangele

Boitumelo jwa go itshoka bo tla ka go itshoka mo efangeleng ya ga Jeso Keresete le go thusa ba bangwe go dira mo go tshwanang.

Setshwantsho
Atame le Efa ka Tshimo ya Etene e le kwa morago

The Garden of Eden [Tshimo ya Etene], ka Grant Romney Clawson; Leaving the Garden of Eden [Go tswa mo Tshimong ya Etene], ka Joseph Brickey

Tlhaloso e khutshwane e e tlhamaletseng ya maikaelelo a matshelo a rona e ka bonwa mo dithutong tsa boperofeti tsa ga Lehi ka ga tshimologo ya botshelo jwa batho mo lefatsheng. Mo tshimong ya Etene, Atame le Efa ba tshedile mo seemong sa bosenang-molato. Fa ba ne ba setse mo seemong seo, ba ka bo ba “[sena] boitumelo, gonne ba ne ba sa itse bohutsana; ba sa dire molemo, gonne ba ne ba sa itse sebe” (2 Nefi 2:23). Jaana, jaaka Lehi a tlhalositse, “Atame o wele gore batho ba ka nna teng, mme batho ba teng, gore ba ka nna le boitumelo” (2 Nefi 2:25; le gone bona Moše 5:10–11).

Jaaka re gola mo lefatsheng le le weleng, re ithuta pharologanyo ma gareng ga molemo le bosula ka se re se rutiwang le ka se re se itemogelang. Re “utlwa bogalaka, gore [re] ka itse go dira molemo” (Moše 6:55) Boitumelo bo tla jaaka re gana bogalaka mme re oketse go otla le go tshegetsa thata go dira molemo.

Go batla Boitumelo

Ka ntlha ya lorato la Gagwe le le itekanetseng go rona, Rara wa rona wa Legodimo o tlhaga go abelana boitumelo jwa Gagwe jo bo itekanetseng le rona, gotlhe jaanong le ka bosakhutleng. Se e ntse e le kgothatso ya Gagwe mo sengwe le sengweng go tswa kwa tshimologong, go akaretsa togamaano ya Gagwe e e galalelang ya boitumelo le setlhabelo sa Morwa wa Gagwe Yo o Tsetsweng a le Esi go re rekolola.

Modimo ga a leke go pateletsa boipelo le boitumelo mo go rona, mme o re ruta ka fa re ka bo bonang. Le gone o re bolelela kwa boipelo bo ka se bonweng—“boikepo [ga se ebile] ga bo ise bo ke bo nne boitumelo” (Alema 41:10). Ke ka ditaelo tsa Gagwe gore Rara wa rona wa Legodimo a re senolele tsela e isa boipelong.

Poresidente Russell M. Nelson o e tlhalositse ka tsela e:

“Mme fano ke boammaaruri jo bogolo: le fa lefatshe le gatelela gore thata, dithoto, go itsege, le itloso bodutu ya nama di tlisa boitumelo, ga go a nna jalo! Ga di kake! Se di se tlisang ga se sepe mme lehuti mo boemong jwa ‘go segofadiwa le seemo sa boitumelo sa bao [ba] ba tshegetsang ditaelo tsa Modimo’ [Mosia 2:41].

“Boammaruri ke gore go lapisa mo gontsi thata go batla boitumelo kwa o ka se kitlang o bo bona teng! Le fa go ntse jalo, fa o ikgolaganya le Jeso Keresete mme o dira tiro ya semowa e e tlhokegang go fenya lefatshe, Ene, mme Ene fela, o na le thata ya go go tsholetsa go feta kgogedi ya lefatshe le.”1

Jaana, boipelo jo bosafeleng bo bonwa mo go tshegetseng ditaelo tsa Modimo, mme ditaelo tsa Modimo di bonwa mo efangeleng ya ga Jeso Keresete. Mme ke tshwetso ya rona. Fa mo makoweng a rona re palelwa mo nakong go tshegetsa ditaelo tsa Modimo, re ka fetoga, ra gana bogalaka, ka gangwe gape re sale molemo morago. Lorato la Modimo ga le dire sebe maipato—seo e ka nna gore boutlwelobotlhoko bo ka tsietsa tshiamo—mme ka Tetlanyo ya Gagwe, Jeso Keresete o naya thekololo go tswa mo sebeng:

“Amuleke … a re … gore Morena e le ruri o tlaa tla go rekolola batho ba gagwe, mme gore ga ana go tla go ba rekolola ba le mo dibeng tsa bone, mme go ba rekolola go tswa mo dibeng tsa bone.

“Mme o na le thata e a e neetsweng go tswa kwa go Rara go ba rekolola go tswa mo dibeng tsa bone ka ntlha ya boikotlhao; ke gone ka moo o rometse baengele ba gagwe go bolela mafoko a dipeopele tsa boikotlhao, jo bo ba tlisang mo thateng ya Morekolodi, go bona poloko ya mewa ya bone” (Helamane 5:10–11; kgatalelo e tlalaleditswe).

Jeso a re:

“Fa lo tshegetsa ditaelo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me, le e leng jaaka ke tshegeditse ditaelo tsa ga Rara, mme ke nna mo loratong lwa gagwe.

“Dilo tse ke di buile mo go lona, gore boitumelo jwa me bo ka nna mo go lona, mme gore boitumelo jwa lona bo ka tlala” (Johane 15:10–11).

Se ke se Lehi a se utlwileng mo torong ya gagwe jaaka a utlwa leungo la setlhare sa botshelo—se se emetseng lorato la Modimo. O ne a re, “Jaaka ke e ja leungo la sone la tlatsa mowa wa me ka boitumelo jo bogolo jo bo feteletseng” (1 Nefi 8:12; le gone bona 11:21–23).

Lehi le gone o senotse tsela ya bobedi e re ka tlisang boipelo mo matshelong a rona fa a re, “ke gone, ka simolola go eletsa gore lelwapa la me le tshwanetse go ja [leungo] le lone” (1 Nefi 8:12).

Setshwantsho
seatla se fitisa leungo go seatla se sengwe, ka setlhare ko morago

Tree of Life [Setlhare sa Botshelo], ka Kazuto Uota

Thusa ba Bangwe go Bona Boipelo

Jaaka batho ba ga Kgosi Benjamine, re “tletse ka boipelo” fa re amogela boitshwarelo jwa dibe tsa rona le go itemogela “kagiso ya segakolodi” (Mosia 4:3). Re utlwa gape fa re leba kwa ntle le go batla go thusa maloko a lelwapa le ba bangwe go amogela boipelo jo bo tshwanang le kagiso.

Jaaka lekawana, Alema o ne a batla boitumelo mo sengwe le sengwe se se ganetsang efangele ya ga Jeso Keresete. Morago ga go kgalemelwa ke moengele, o tlile tsela e telele go tswa mo “bogalakeng” go “molemo” ka boikotlhao “gaufi le loso” (Mosia 27:28) le letlotlo la letlhogonolo la Mmoloki. Dingwaga moragonyana, Alema a bolelela ka boitumelo go morwawe Hilamene:

“Mme o, a boipelo, mme a lesedi le le gakgamatsang le ke neng ka le bona; ee, mowa wa me o ne o tletse ka boipelo jo bo feteletseng fela jaaka go ne go ntse setlhabi sa me! …

“Ee, mme go tswa nakong eo le go fitlhelela jaanong, ke dirile ke sa eme, gore ke ka kgona go tlisa batho mo boikotlhaong; gore ke tle ke ba tlise go utlwa boipelo jo bo feteletseng jo ke neng ke bo utlwile. …

“Ee, mme jaanong bona, O morwaaka, Morena o mpha boipelo jo bogolo jo bo feteletseng mo leungong la ditiro tsa me;

“Gonne ka ntlha ya lefoko [efangele ya ga Jeso Keresete] le a le nkabetseng, bona, bontsi bo tsetswe ke Modimo, mme ba utlwile jaaka ke utlwile” (Alema 36:20, 24–26).

Mo tiragalong e nngwe, Alema a paka:

“Se ke kgalalelo ya me, gore gongwe ke ka nna sedirisiwa mo diatleng tsa Modimo, go tlisa mowa mongwe mo boikotlhaong; se ke boipelo jwa me.

“Mme bonang, fa ke bona bontsi jwa bakaulengwe ba me ba ikotlhaile ka boammaaruri, ba tla go Morena Modimo wa bone, jaanong foo botho jwa me bo tlala ka boipelo(Alema 29:9–10).

Alema a tsamaya go bolelela boipelo jo bo feteletseng jo a bo utlwileng fa ba bangwe ba nna le katlego mo go tliseng mewa go Keresete:

“Mme ga ke ipele mo go katlegong ya me ke le nosi, mme boipelo jwa me bo tletse thata ka ntlha ya go kgona ga bakaulengwe ba me [barwa Mosaeya], ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Nefi.

“Bonang, ba dirile mo go feteletseng, mme ba tlisitse pele maungo a mantsi; mme go tlaa nna gogolo jang katso ya bone!

“Jaanong, fa ke akanya ka go kgona ga ba bakaulengwe ba me, botho jwa me bo isiwa kgakala, le mo kgaoganong ya jone le mmele tota, jaaka go ne go ntse, jalo go gogolo boipelo jwa me” (Alema 29:14–16).

Re ka bona boitumelo jo bo tshwanang jaaka re rata ba bangwe ka “lorato lo lo itshekileng lwa ga Keresete” (Moroni 7:47; bona le gone temana 48), re abelana boammaaruri jo bo tsosolositsweng le bone, mme re ba laletse go phuthega le batho ba kgolagano.

Setshwantsho
Mmoloki mo Gethesemane

O My Father [Rara Wa Me], ka Simon Dewey

Boitumelo mo Gare ga Pitlagano

Ga re a tshwanela go tshoga gore diteko le dikgwetlho tse re tlaa lebaganang le tsone mo nameng di tlaa re itsa kgotsa tsa senya boitumelo jwa rona. Alema e ne e le mongwe yo tirelo ya gagwe e neng ya mo leka tota. O ne a boga mo kgolegelong, malatsi a a atologileng a tlala le lenyora, go betswa, matshosetsi mo botshelong jwa gagwe, le gangwe le gape go sotlilwa le go ganwa. Mme jalo, mo gotlhe ga “komediwa mo boitumelong jwa ga Keresete” (Alema 31:38). Gongwe go boga ga ga Alema gore dirile boitumelo jo bo latelang go nna bogolo.

Poresidente Nelson o re gakolola gore boitumelo bo tsere karolo mo go bogeng ga Mmoloki— “gonne boitumelo jo bo neng bo le fa pele ga gagwe [O] ne a itshokela mokgoro” (Bahebera 12:2).

“Akanya ka seo! Gore a kgone go itshokela maitemogelo a botlhoko go feta a a kileng a itshokelwa mo lefatsheng, Mmoloki wa rona o ne a lebelela boitumelo!

“Mme ke bofe boitumelo jo bo neng bo beilwe fa pele ga Gagwe? E le ruri bo ne bo akaretsa boitumelo jwa go phepafadiwa, fodisiwa, le go re nonotsha; boitumelo jwa go lefetsa dibe tsa bao botlhe ba tlaa ikwatlhayang, boitumelo jwa go kgonisa gore nna le wena re boele gae—re le phepa le go itekanela—go tshela le Batsadi ba rona ba Legodimo le malwapa.

“Fa re lebelela boitumelo jo bo tla tlang kwa go rona, kgotsa bao re ba ratang, re ka itshokela gone jaana se eketeng se a re hupetsa, botlhoko, tshosa, se sa siama, kgotsa se sa kgonege?”2

Boitumelo jwa go itshoka bo tla ka go itshoka mo efangeleng ya ga Jeso Keresete le go thusa ba bangwe go dira mo go tshwanang. Boitumelo jwa go itshoka bo tla fa re nna mo loratong la Modimo, obamela ditaelo tsa Gagwe le go amogela matlhogonolo a Mmoloki. Mo tseleng ya efangele, go na le boitumelo mo loetong le boitumelo kwa bokhutlong. Efangele ya ga Jeso Keresete ke tsela ya boitumelo jwa letsatsi le letsatsi.

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Overcome the World and Find Rest,” Liahona, Nov. 2022, 97.

  2. Russell M. Nelson, “Joy and Spiritual Survival,” Liahona, Nov. 2016, 83.

Gatisa