Liahona
Fepa Mowa wa Gago ka go Rapela ka Metlha
Moranang 2024


“Fepa Mowa wa Gago ka go Rapela ka Metlha,” Liahona, Moranang. 2024

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2024

Fepa Mowa wa Gago ka go Rapela ka Metlha

Re tlhoka dikotla tsa semowa ka go buisana le Rara wa rona wa Legodimo, tshegofatso e re nang le yone gongwe le gongwe le ka gale.

Setshwantsho
Enose a rapela

Setshwantsho sa modiragatsi a tshameka Enos ka Matt Reier

Rotlhe re kile ra ikutlwa re tshwerwe ke tlala. Mala a logaba ke tsela ya mmele ya go re bolelela gore o tlhoka dikotla. E bile fa re tshwerwe ke tlala, re itse se re tlhokang go se dira—go ja.

Mewa ya rona le yone e na le ditsela tsa go re itsese fa re tlhoka dikotla tsa semowa. Fela go lebega go le motlhofo mo go rona go itlhokomolosa tlala ya semowa go feta tlala ya senama.

Fela jaaka go na le mefuta e mentsi ya dijo tse re ka di jang fa re tshwerwe ke tlala, go na le dilo tse di farologaneng tse re ka di dirang go fenya tlala ya rona ya semowa. Ka sekai, re ka “ja mafoko a ga Keresete” (2 Nefi 32:3) mo dikwalong le go tswa mo mafokong a baperofeti. Re ka ya kerekeng ka metlha le go ja sakaramente (bona Dithuto le Dikgolagano 59:9). Re ka direla Modimo le bana ba Gagwe (bona Mosia 2:17).

Mme go na le motswedi o mongwe wa dikotla tsa semowa o re nang le one ka dinako tsotlhe, ka nako e nngwe le e nngwe ya matshelo a rona, go sa kgathalesege maemo a rona. Re ka buisana le Rara wa Legodimo ka metlha ka thapelo.

“Mowa wa me o tshwarwe ke tlala”

Fa moperofeti Enose a tsoma diphologolo mo sekgweng, a akanya ka “mafoko a gantsi [a] neng a utlwa ntate wa [gagwe] a a bua ka ga botshelo jo bosakhutleng, le boipelo jwa baitshepi.” Mafoko a “a nwela kwa teng mo pelong ya [gagwe]” (Enose 1:3).

Ka go nne Enose o ne a le mo boemong jo jwa semowa, a ikutlwa a tlhoka thata: “Mowa wa me wa tshwarwa ke tlala” a rialo (Enose 1:4; go gateletswe).

Enose o dirile eng fa a utlwa tlala e ya semowa, le tlhoko le la kotla ya semoya? “Ke ne ka khubama fa pele ga Modiri wa me,” a bolela, “mme ke ne ka lelela go ene ka thapelo e kgolo le topo ka boikokobetso ka ntlha ya mowa wa me” (Enose 1:4).

Bogolo jwa tlala ya semowa ya ga Enose bo ne bo boitshega mo a rapetseng “letsatsi lotlhe … mme fa bosigo bo tla [o] ne a nna a tsholeletsa lentswe la [gagwe] godimo mo le neng la goroga kwa magodimong” (Enose 1:4). Kwa pheletsong, Modimo a araba thapelo ya gagwe le go mo itshwarela dibe. Enose a ikutlwa gore molato wa gagwe o ne wa ntshiwa. Mme kotla ya semowa ya gagwe ga e a felela fa.

O ithutile ka maatla a tumelo mo go Jeso Keresete, mme a tshololela mowa wa gagwe otlhe mo boemong jwa batho ba gagwe—le baba ba gagwe tota. O dirile dikgolagano le Morena le go iponela ditsholofetso go tswa go Ene. Mme morago ga thapelo e kgolo ya ga Enose, o ne a ya gareng ga batho ba gagwe ka seperofito ka ga dilo tse di tlaa tlang, e bile a paka ka dilo tse ke di utlwileng le go di bona. (Bona Enose 1:5–19.)

Ga se thapelo nngwe le nngwe e e tlaa arabiwang ka tsela e e gakgamatsang, mme maitemogelo a rona ka thapelo a santse a ka nna le bokao e bile a ka fetola botshelo. Re ka ithuta dithuto dingwe tsa botlhokwa ka maitemogelo a ga Enose ka thapelo. Ka sekai:

  • Maiteko a go tshela ka bo jotlhe efangele go ka go thusa go lemoga tlala ya rona ya semowa.

  • Tlala ya rona ya semoya e ka kgona e bile e tshwanetse go re baya ka mangole go kopa thuso mo go Rara wa Legodimo.

  • Go rapela Rara wa Legodimo go kgona go re thusa go kgotsofatsa tlala ya rona ya semowa—le tse dingwe.

  • Re kgona go rapela gongwe le gongwe, nako nngwe le nngwe.

  • Thapelo e kgona go re thusa go ikotlhaya.

  • Thapelo e kgona go nonotsha tumelo ya rona mo go Jeso Keresete.

  • Re ka ikamogelela bopaki jwa motho gore Rara wa Legodimo o a re utlwa le go itse ka rona.

  • Bopaki le thata tse re di amogelang go tswa mo thapelong di kgona go re thusa go dira le go nonotsha ba bangwe.

Setshwantsho
Mogolwane Soares e le mosimane

Maitemogelo a me ka Maatla a Thapelo

Jaaka Enose, ke ithutile dithuto dingwe tse di tshwanang go tla ka maitemogelo a me. Batsadi ba me ba tsene Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo fa ke ne ke le mosimanyana, e bile ka kolobediwa fa ke ne ke le dingwaga tse di boferabobedi. Ka metlha ke ne ke na le maikutlo a a molemo, a a bothitho mo pelong ka ga Rara wa Legodimo le ka ga Jeso Keresete, efangele ya Gagwe e e tsosolositsweng, le Kereke ya Gagwe. Fela e ne e se go fitlha ke na le dingwaga tse di 16 ka tla ka rapela ka ga boammaaruri jwa dilo tse.

Bishopo wa me yo o neng a tlhotlheleditswe o ne a nkopa gore ke rute tlelase ya basha ya Sekolo sa Sontaga. Ke ne ke tshwanetse go ruta thuto ka fa re ka amogelang bopaki jwa efangele ka thapelo. Taelo e e tswang go Bishopo e e dirile gore ke akanyetse mo go boteng go fetisa ka ga bopaki jwa me. Ke ne ke tsere nako go ithutuntsha ka Buka ya ga Momone e bile ka metlha ke ikutlwa gore Kereke ke ya nnete. Ke ne ka metlha ke dumetse mo go Mmoloki Jeso Keresete, mme ke ne ke ise ke tsenye mo pelong tsholofetso ya ga Moroni e e bonwang mo go Moroni 10:4–5. Ke ne ke ise ka gope ke rapele ka ga boammaaruri jwa efangele.

Ke gopola ke ikutlwa mo pelong gore fa e le gore ke ya go ruta basha ba ka fa ba ka amogelang bopaki go tswa ka thapelo, ke tshwanetse ka rapelela bopaki le nna. Mowa wa me wa tshwarwa ke tlala—gongwe ka tsela e e farologaneng le ya ga Enose, mme lemororo ke ikutlwetse letlhoko la semowa.

Jaaka ke ne ke baakanyatsa thuto, ka khubama ka fa Rara wa Legodimo keletso ya pelo ya me go tlhomamisa boammaaruri jo ke neng ke bo ikutlwa mo teng. Ke ne ke sa solofela ponatshego epe e kgolo. Fela fa ke botsa Morena gore a efangele e boammaaruri, go tlile mo pelong ya me maikutlo a a monate thata—lentswe le le iketlileng, le le kwa tlase le ntlhomamisetsa gore e boammaaruri le gore ke tshwanetse ka tswelela ke dira se ke ntseng ke se dira.

Maikutlo a a ne a le maatla mo ke neng ke ka seke ka itlhokomolosa karabo e mme ke ka re ga ke itse. Ke tlhotse letsatsi leo lotlhe ke ikutlwa ke itumetse thata. Tlhaloganyo ya me e ne e le kwa magodimong ke akantse ka bontle jwa maikutlo a a mo pelong ya me.

Letsatsi la Sontaga le le latelang, ka ema fa pele ga barutwa ka nna ba bararo kana bone, ba neng botlhe ba le bannye mo go nna. Ka pakela go bone gore Rara wa Legodimo o tlaa araba dithapelo tsa bone fa ba na le tumelo.

Setshwantsho
Mogolwane Soares

Thapelo e e arabilweng e Mogolwane Soares a e amogetseng e le mosimanyana e mo letleletse go fa bopaki—jaaka moanamisa efangele (fa godimo), ntate le monna, le mo aposetole—gore Rara wa Legodimo o araba dithapelo tse di filweng ka tumelo.

Go tswa foo, bopaki jo bo ne jwa nna mo go nna. E nthusitse go dira ditshwetso, bogolo jang mo dinakong tsa ke lebaganeng le dikgwetlho. Thapelo e ka letsatsi leo, mmogo le bosupi jo bongwe jo ke bo amogetseng mo dingwageng, e ntetleletse go pakela batho, ka go tlhatswega pelo, gore ba ka kgona go amogela dikarabo go tswa go Rara wa Legodimo fa ba ka rapela ka tumelo. Se se ntse se le boammaaruri jaaka ke fa bopaki ke le moanamisa efangele, ke le mogolwane wa Kereke, ke le ntate le monna, le fela jaaka ke le Moaposetole gompieno.

Ka ga Leng le Eng ka Thapelo

Go ntse jalo, ga re rapele fela fa re utlwa tlhokego ya semowa e e kgethegileng. Jaanong, re tshwanetse ra rapela leng? E bile, re tshwanetse ra rapelela eng? Karabo e khutshwane ke gore nako nngwe le nngwe le ka sengwe le sengwe.

Modimo Ke Rara yo o kwa Legodimong. Go itse se go fetola ka fa re rapelang ka teng. Moperofeti Joseph Smith o rutile gore: “Go nna le kitso ka ga Modimo, re simolola ka go itse go mo atamela, le ka fa re ka mo kopang ka teng gore re ka amogela karabo. … Fa re iketleeleditse go tla kwa go Ene, O iketleeditse go tla kwa go rona.”1

Rara wa Legodimo ka metlha o iketleeleditse go re reetsa gape o batla re mo rapela ka metlha le ka metlha. Re tshwanetse go “rerisanya le Morena mo ditirong tsotlhe tsa [rona]” (Alema 37:37) le go rapela mo mosong, tshokologong, le bosigo. Re tshwanetse ra rapela kwa lwapeng, kwa tirong, kwa sekolong—gongwe le gongwe kwa re ka tswang re le teng le mo go sepe fela se re se dirang (bona Alema 34:17–26.).

Re tshwanetse go rapela mo malwapeng a rona (bona 3 Nefi 18:21). Re tshwanetse go rapela re “ntsha lentswe le mo pelong tsa [rona], mo pontsheng le mo bothokong” (Dithuto le Dikgolagano 81:3). Le “fa [re] sa lelele go Morena, a dipelo tsa [rona] di tlale, di gogetswe ntle mo thapelong go ene ka tswelelo go boitekanelo jwa [rona], le gape go boitekanelo jwa bao ba ba mo tikologong ya [rona]” (Alema 34:27). Gape re tshwanetse go rapela Rara mo leineng la ga Jeso Keresete (bona 3 Nefi 18:19–20).

Setshwantsho
Joseph Smith e le mosimanyana

Setshwantsho sa ga Joseph Smith ka Walter Rane, e ka se kopololwe

Go atamela Rara wa rona wa Legodimo

Rara wa rona wa Legodimo o batla go re segofatsa. E bile O tlaa—fa re kopa. Moperofeti Joseph Smith o rutile gore, “Gakologelwa gore ka go tllhoka go kopa re ka se amogele sepe; ka jalo, kopa ka tumelo, mme o tlaa amogela ditshegofatso jaaka Modimo a bona go tshwanela go go di fa.”2

Dithapelo tsa rona tsa ka metlha le ka metlha ke karolo e e botlhokwa ya dijo tse di lekalekaneng tsa semowa tse di tla nonotshang mowa wa rona o o tshwerweng ke tlala. Go buisana le Rara wa rona wa Legodimo ka thapelo go teng e bile go a amogelwa gongwe le gongwe le ka gale.

Nngwe ya ditemana tsa me tse ke di ratang di ruta ka fa re tshwanetseng go atamela Rara wa rona wa Legodimo fa re khubama go rapela: “Nna boikokobetso; mme Morena Modimo wa gago o tla go goga ka seatla, e bile a go neele karabo ya dithapelo tsa gago” (Dithuto le Dikgolagano 112:10). Fa re le boikokobetso le kobamelo, Rara wa Legodimo o tla nna le rona. O tla re goga ka seatla. O tla re tlhotlheletsa ka gore re ye kae le se re ka se dirang.” O tla araba dithapelo tsa rona go ya ka thato ya Gagwe, tsela, nako, le go itse ka botlalo gore ke eng se se re siametseng.

Re tshwanetse ra gakologelwa se le go anaanela ditshono tsa go atamela setilo sa bogosi jwa Modimo le go amogela ditshegofatso ka seatla sa Gagwe.

Dintlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2011), 40, 41

  2. Teachings: Joseph Smith, 131.

Gatisa