Liahona
Tiro e Kgolo ya Morena le Monyetla o Mogolo wa Rona
Phukwi 2024


“Tiro e Kgolo ya Morena le Monyetla o Mogolo wa Rona,” Liahona, Phukwi 2024.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2024

Tiro e Kgolo ya Morena le Monyetla o Mogolo wa Rona

Fa re rata, re abelana, ebile re laletsa, re dira le Morena go thusa mowa mongwe le mongwe o o rategang go tla kwa go Ene.

Setshwantsho
basadi ba babedi ba bua jaaka ba tsamaya mo seterateng

Moperofeti mongwe le mongwe mo tebalebelong e ya bofelo, o rutile maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo go abelana efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete. Mo botshelong jotlhe jwa me, dikai tse di mmalwa di tla mo tlhaloganyong:

Poresidente David O. McKay (1873–1970), moperofeti wa bonana jwa me, o boletse, “leloko lengwe le lengwe ke moanamisa efangele.”

Poresidente Spencer W. Kimball (1895–1985) o rutile, “Letsatsi la go isa efangele kwa mafelong a mantsi le batho le teng jaanong,” le “re tshwanetse go lelefatsa kgato ya rona” mo go abelaneng efangele le ba bangwe.

Poresidente Gordon B. Hinckley (1910–2008) o rile: “Tiro ya rona e kgolo, bo bogolo boikarabelo jwa rona mo go thuseng go bona bao re ba rutang. Morena o re neetse taelo ya go ruta sebopiwa se sengwe le sengwe efangele. Sena se tlaa tsaya maiteko a [rona] a a botoka thata.”

Mme Poresidente Russell M. Nelson o rutile: “Tiro ya Boanamisa Efangele ke karolo ya botlhokwa ya go phutha mo gogolo ga Iseraele. Go phuta ke tiro e e botlhokwa thata e e diragalang mo lefatsheng gompieno. Ga go na sepe se se ka amanngwang le bogolo bo. Ga go na sepe se se ka amanngwang le botlhokwa bo. Baanamisa efangele ba Morena—barutwa ba Gagwe—ba tlhwaafetse mo kgwetlhong e kgolo, ntlha e kgolo, tiro e kgolo mo lefatsheng gompieno.”

Ke ne ka itse sena ka bo nna fa ke le moanamisa efangele yo mmotlana mo Thomong ya Borithani. Ke na le bonnete jwa yone gompieno. Ke le Moaposetole wa Morena Jeso Keresete, ke paka gore menyetla e gongwe le gongwe go thusa ba bangwe go tla kwa go Keresete ka go supa lorato, go abelana ditumelo tsa rona, le go ba laletsa go kopana le rona go itemogela boitumelo jwa efangele ya ga Jeso Keresete.

Tiro e Tswelela Pele

Ke ne ka nna le tshwanelo ya go nna mo thomong mo Lephateng la Baanamisa Efangele la Kereke fa kgatiso ya pele ya Preach My Gospel e ne e itsisiwe ka 2004, mme gape fa kgatiso ya bobedi e e neng e gololwa ka 2023. Ke dumela gore Preach My Gospel e segofaditse tiro ya boanamisa efangele ka tsela e kgolo.

E ntsha Preach My Gospel e akaretsa sengwe le sengwe se re se ithutileng ga e sale 2004, kaelo e e tlhotlheleditsweng go tswa mo malokong mangwe le mangwe a Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, le phetogo tse di dirilweng tsa go abelana efangele mo metlheng ya digital. Dingwe tsa diphetogo tsena di feletse mo katlegong e kgolo.

Re bone gore go abelana efangele ka mokgwa o o bonolo, o o tlwaelegileng, le wa tlholego ka melawana ya “lorato, kabelano, taletso” go segofatsa mo gogolo bogosi. Jeso Keresete o ne a abelana efangele ka tsela ena fa a ne A tshela mo lefatsheng. O abelane botshelo jwa Gagwe le lorato la Gagwe mme a laletsa botlhe go tla kwa go Ene (bona Mathaio 11:28). Go rata, go abelana, le go laletsa jaaka A dirile ke tshegofatso e e ikgethegileng le boikarabelo jwa leloko lengwe le lengwe la Kereke.

Simolola ka lorato

Mo Tshimong ya Gethesemane le mo mokgorong, Jeso Keresete o ne a itseela dibe tsa lefatshe mo go Ene mme a boga bohutsana jotlhe le “matlhoko le dipogisego le diteko tsa mefuta mengwe le mengwe” (Alema 7:11). Se sa “[Mo] dira, … yo o mogolo wa botlhe, go roroma ka ntlha ya setlhabi, le go tshologa madi ka phatlha nngwe le nngwe” (Dithuto le Dikgolagano 19:18). Ka Tetlanyo le Tsogo, Jeso Keresete o dirile gore poloko le kgalalelo ya bosakhutleng di kgonege mo go botlhe.

Go sokologela kwa go Mmoloki le go tlhatlhanya tsotlhe tse a di re diretseng di dira mo go rona pelo e e tletseng lorato la Gagwe. A bo A sokololela dipelo tsa rona mo go ba bangwe mme o re laela go ba rata (bona Johane 13:34–35) le go abelana le bone efangele (bona Mathaio 28:19; Mareko 16:15). Fa bao ba re pota-potileng ba ka utlwa gore re ba rata ka nnete le go ba tlhokomela, ba tlaa bulela dipelo tsa bone melaetsa ya rona, fela jaaka Kgosi Lamoni a ne a bula pelo ya gagwe go amogela efangele ka ntlha ya lorato le tirelo ya ga Ammone (bona Alema 17–19).

Fa re abelana efangele, a re simololeng ka lorato. Fa re fitlhelela kwa go ba bangwe ka lorato—re gakologelwa gore ke barwa le barwadi ba rona le bana ba ba ratwang ba ga Rara wa rona wa Legodimo—menyetla e tla re bulegela go abelana seo re itseng gore ke boammaaruri.

Tlhwaafala mme o abelane

Go ne go se ope yo o neng a ineetse go abelana efangele go feta Poresidente M. Russell Ballard (1928–2023). Mo puong ya gagwe ya bofelo ya khonferense ya kakaretso, o ne a paka, “Nngwe ya dilo tse di galalelang le tse di gakgamatsang tse mongwe le mongwe mo lefatsheng leno a ka di itseng [ke] gore Rara wa Legodimo le Morena Jeso Keresete ba iponaditse mo letsatsing le la bofelo le gore Joseph [Smith] o godisitswe go tsosolosa efangele ka botlalo e e sa khutleng ya ga Jeso Keresete.”

Botshelong botlhe ba gagwe, le go ya ka bogolo jwa lefatshe, Poresidente Ballard o ne a tlhwaafetse mo go abelaneng molaetsa ona wa botlhokwa le botlhe. O ne a re kgothatsa go dira sone seo. O rutile gore re abelane efangele “ka go nna baagisanyi ba ba molemo le ka go tlhokomela le go supa lorato.” Ka go dira jalo, re “supa efangele mo matshelong a rona, mme … re supa mo go [ba bangwe] ditshegofatso tse efangele e di neelang.” Gape re “paka ka seo [re] se itseng ebile re se dumela le se [re] se utlwang.” Poresidente Ballard o rutile, “Bosupi jo bo itshekileng … bo ka isiwa ke thata ya Mowa o o Boitshepo mo dipelong tsa ba bangwe ba ba bulegileng go bo amogela.”

Go abelana efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete e ne e le keletso e kgolo ya pelo ya ga Poresidente Ballard. Re ka tlhwaafala—jaaka a ne a tlhwaafetse—mo go abelaneng efangele gotlhe ka lefoko le tiro. Ga re na go itse gore ke mang mo gareng ga rona yo o ka tswang a batla lesedi la efangele mme a sa itse kwa a ka le bonang teng (bona Dithuto le Dikgolagano 123:12).

Setshwantsho
banna ba babedi ba tsamaya mo disetepising

Naya Ditaletso tse di tswang mo Pelong

Mo go thuseng ba bangwe go tla kwa go Keresete, re ba laletsa go itemogela boitumelo jo Mmoloki le efangele ya Gagwe e bo tlisang. Re ka dira se ka go ba laletsa go tla tirong, go bala Buka ya ga Momone, kgotsa go kopana le baanamisa efangele. Gape re ka ba naya taletso e e tswang mo pelong go tsenelela bokopano jwa sakaramente le rona.

Re tsenelela bokopano jwa sakaramente beke le beke go, “obamela Modimo le go ja sakaramente go gakologelwa Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe.” Ena ke nako e e tshwanetseng ya gore batho ba utlwe Mowa, ba atamele gaufi le Mmoloki, le go nonotsha tumelo ya bone mo go Ene.

Fa re ntse re batla ditsela tsa go rata, go abelana, le go laletsa, go dira lenaneo ga rona le maiteko a rona di tshwanetse go akaretsa go thusa batho go tsenelela bokopano jwa sakaramente. Fa ba ka amogela taletso ya rona le go tsenelela bokopano jwa sakaramente, ba ka kgona thata go tswelela pele mo tseleng ya kolobetso le tshokologo. Ke dumela ka pelo ya me yotlhe gore katlego e kgolo e tlaa tla fa re laletsa ba bangwe go tla bokopanong jwa sakaramente le go ba thusa go lemoga ditshegofatso tse ba ka di bonang ka go dira jalo.

Morena o Tlaa Re Kaela.

Ga re kitla re itse gore ke dikatlego dife le dikgwetlho tse re tlaa nnang le tsone fa re ntse re rata, re abelana, le go laletsa. Barwa Mosia “ba ne ba tswela pele go tswa toropong go ya toropong, le go tswa ntlong nngwe ya kobamelo go ya go e nngwe, … mo gare ga Balamane, go rera le go ruta lefoko la Modimo mo gare ga bone; mme jaana ba simolola go nna le katlego e kgolo.” Ka maiteko a bone, “dikete di ne tsa tlisiwa mo kitsong ya Morena,” mme ba bantsi “ba ne ba sokologa … [mme] ga ba ise ba ke ba we” (Alema 23:4–6).

Fa sena se sa kitla se nna maitemogelo a rona ka metlha, Morena o tshepisitse gore O tlaa dira le rona gonne mowa mongwe le mongwe o botlhokwa mo go Ene. Fa re baya tshepo ya rona mo go Morena le go tsena mo tirelong ya Gagwe, O tlaa re kaela gore re ka abelana efangele ya Gagwe le ba bangwe jang ka go ba rata, go abelana botshelo jwa rona le bopaki le bone, le go ba laletsa go kopana le rona go Mo sala morago.

“Boitumelo jwa [rona] bo tlaa nna bogolo” (Ditho le Dikgolagano 18:15) fa re tsaya menyetla e e re pota-potileng go thusa Morena Jeso Keresete mo tirong ya Gagwe e kgolo ya go tlisa mewa kwa go Ene.

Ntlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: David O. McKay (2003), xxii.

  2. Teachings of Presidents of the Church: Spencer W. Kimbal (2006), 261, 262.

  3. Gordon B. Hinckley, “Find the Lambs, Feed the Sheep,” Liahona, Phukwi 1999, 121. Puiso ena e neetswe ka Tlhakole 21, 1999, ka nako ya kgaso ya sathelaete go tswa Salt Lake Tabernacle.

  4. Russell M. Nelson, “The Everlasting Covenant,” Liahona, Phalane. 2022, 9.

  5. M. Russell Ballard, “Praise to the Man,” Liahona, Nov. 2023, 74.

  6. M. Russell Ballard, “The Essential Role of Member Missionary Work,” Liahona, Motsheganong 2003, 40.

  7. M. Russell Ballard, “Remember What Matters Most,” Liahona, Motsheganong 2023, 107.

  8. Preach My Gospel: A Guide to Sharing the Gospel of Jesus Christ (2023), 88.

  9. Bona Preach My Gospel, 172.

Gatisa