Scriptures
Megopolo ya go Tokafatsa go Ithutuntsha Ga Gago ga Dikwalo tse di Boitshepo


“Megopolo ya go Tokafatsa go Ithutuntsha Ga Gago ga Dikwalo tse di Boitshepo ,” Megopolo ya go Ithutuntsha Dikwalo tse di Boitshepo (2021)

Megopolo ya go Tokafatsa go Ithutuntsha Ga Gago ga Dikwalo tse di Boitshepo,” Megopolo ya go Ithutuntsha Dikwalo tse di Boitshepo

Setshwantsho
mosadi a ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo

Megopolo ya go Tokafatsa go Ithutuntsha Ga Gago ga Dikwalo tse di Boitshepo

Fano ke ditsela dingwe tse di motlhofo tsa go oketsa boleng jwa go ithutuntsha lefoko la Modimo mo dikwalong tse di boitshepo.

Rapelela Tlhotlheletso

Dikwalo tse di boitshepo di na le lefoko la Modimo. Fa o di ithutuntsha, kopa Rara wa Legodimo kaelo ya Gagwe mme o amogele Mowa wa Gagwe go go thusa go di tlhaloganya.

Batla Boammaaruri ka ga Jeso Keresete

Dikwalo tse di boitshepo di re ruta gore dilo tsotlhe dipaka ka ga Keresete (bona 2 Nefi 11:4; Moshe 6:63),jalo Mmatle mo ditiragalong, mo dipolelong, le mo dithutong tsa dikwalo tse di boitshepo. Akanya ka kelelelo go kwala kgotsa go tshwaya di temana tse di rutang ka ga Mmoloki le ka fa re ka mo salang morago ka teng.

Batla Mafoko le Dipolelwana tse di Tlhotlheletsang

O ka bona gore mafoko mangwe le dipolelwana dingwe mo dikwalong tse di boitshepo di ka go itumedisa, jaaka ekete di ne di kwaletswe wena ka tlhamalalosebele. Di ka utlwala di amana le wena ka sebele ebile di go tlhotlheletsa le go go kgothatsa. Akanya ka kelelelo go di tshwaya mo dikwalong tsa gago tse di boitshepo kgotsa go kwala ka ga tsone mo jenaleng ya go ithutuntsha.

Batla Boammaaruri jwa Efangele

Nako dingwe boammaaruri jwa efangele (jo gantsi bo bidiwang dithuto kgotsa melawana) di kwadilwe ka tlhamalalo, mme nako dingwe di bonatshiwa ka sekai kgotsa polelo. Ipotse, “Ke bofe boammaaruri jwa efangele jo bo rutiwang mo ditemaneng tse?”

Reetsa Mowa

Ela tlhoko dikakanyo tsa gago le maikutlo, le fa e kare ga di amane le se o se balang. Ditlhotlheletso tseo e ka nna dilo tota tse Rara wa gago wa Legodimo a batlang o di ithuta le go di utlwa.

Setshwantsho
mosadi a ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo 2

Tshwantshanya Dikwalo tse di Boitshepo le Botshelo jwa Gago

Akanya kelelelo ka fa dipolelo le dithuto tse o di balang di amanang le botshelong jwa gago. Sekai, o ka ipotsa, “Ke maitemogelo afe a ke kileng ka nna le one a a tshwanang le se ke se balang?” kgotsa “Ke ka sala jang morago sekai sa motho yoo yo o mo dikwalong tse di boitshepo?”

Botsa Dipotso

Go botsa dipotso ka ga efangele go ka go thusa go tsaya tshwetso ka se o ka se ithutuntshang. Jaaka o ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo, dipotso di ka tla mo tlhaloganyong. Dipotso tse di ka amana le se o se balang kgotsa botshelo jwa gago ka kakaretso. Akanya dipotso tse, mme o batle dikarabo jaaka o tswelela o ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo. Morago ga go ithutuntsha, botsa gapese Modimo a ka batlang o se ithuta, mme o lebelele dikarabo ka diura tse di tlang le matsatsi.

Dirisa Dithuso tsa go Ithutuntsha Dikwalo tse di boitshepo

Go amogela diponatshego tse dingwe kitso e e tlalaletsang mo ditemaneng tse o di balang, dirisa mekwalo e e kwa bofelong jwa tsebe, Topical Guide,le Bible Dictionary,le Guide to the Scriptures (scriptures.ChurchofJesusChrist.org), le dithuso tse dingwe tsa ithutuntsho.

Akanya ka kelelelo Moelelo wa mafoko a Dikwalo tse di Boitshepo

O ka bona diponatshego tse di nang le bokao ka ga dikwalo tse di boitshepo fa o akanya ka kelelelo moelelo wa mafoko a tsone—emo kgotsa lefelo la tiragalo ya dikwalo tse di boitshepo. Sekai, go itse tlholego le ditumelo tsa batho ba moperofeti a neng a bua le bone go ka go thusa go tlhaloganya maikaelelo a melaetsa ya gagwe.

Setshwantsho
monna a ithutuntsha dikwalo tse di boitshepo

Kwala Dikakanyo tsa Gago le Maikutlo

Go na le ditsela tse dintsi tsa go kwala maikutlo a a tlang jaaka o ithutuntsha. Sekai, o ka tshwaya lefoko le le nang le bokao kgotsa polelwana mme wa kwala dikakanyo tsa gago e le mokwalonyana mo dikwalong tse di boitshepo. Le gone o ka boloka jenale ya diponatshego, maikutlo le ditlhotlheletso tse o di amogelang. Kgotsa o ka kwala potso e o e boditseng pele fa o simolola go ithutuntsha, e salwa morago ke dikarabo tse o di kaetsweng.

Ithutuntshe Mafoko a Baperofeti le Baaposetole ba Malatsi a Bofelo

Bala se baperofeti le baaposetole ba malatsi a bofelo ba se rutang ka ga melawana e o e bonang mo dikwalong tse di boitshepo. Melaetsa ya bone e teng mo “General Conference,” “Magazines,” le dikgobokanyong tse dingwe mo Motlobong wa dibuka tsa Efangele.

Bala Dipolelo

Bala dipolelo mo dikwalong tse di boitshepo, o batla go tlhaloganya moelelo wa mafokoa tsone (nako, lefelo, mmui, le bareetsi). Dipolelo tsa dikwalo tse di boitshepo tse di supilweng ka ditshwantsho ke di dirisiwa tse di kgolo ka ga se, bogolo thata mo baneng le maloko a a sa tlwaelang dikwalo tse di boitshepo.

Abelana Diponatshego

Go buisana ka diponatshego go tswa mo go ithutuntsheng ga gago ke tsela e e siameng go ruta ba bangwe mme e thusa go nonotsha go tlhaloganya ga gago ga se o se badileng.

Tshela ka Se o Se Ithutang

Ithutuntsho ya Dikwalo tse di boitshepo e ka re tlhotlheletsa le go re gogela go fetola ka fa re tshelang ka teng. Reetsa se Mowa o go rotloetsang go se dira fa o bala, mme ke gone ineele go dira dithotloetso tseo.

Gatisa