Scriptures
2 Nifae 13


Kgaolo 13

Juta le Jerusalema ba tlaa otlhaelwa go tlhoka go obamela molao ga bone—Morena o buelela a ba a atlhola batho ba gagwe—Barwadia Sione ba hutsitswe le go tlhokofadiwa ka ntlha ya boselefatshe ga bone—Tshwantsha Isaia 3. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Gonne bonang, Morena, Morena wa Masomosomo, o tsaya go tswa mo go Jerusalema, le go tswa mo go Juta, seitshegetsi le seikokotlelo, seikokotlelo sotlhe sa senkgwe, le seitshegetsi sotlhe sa metsi—

2 Monna wa senatla, le monna wa ntwa, moatlhodi, le moporofiti, le letlhale, le mogologolo;

3 Kapoteni wa masome a matlhano, monna yo o tlotlegang, le mogakolodi, le modiri wa maitseanape, le sebui se se sethakga.

4 Mme ke tlaa fa bana go bone go nna dikgosana tsa bone, mme masea a tlaa busa godimo ga bone.

5 Mme batho ba tlaa gatelelwa, mongwe le mongwe ke yo mongwe, mme mongwe le mongwe ke moagisanyi wa gagwe; ngwana o tlaa ikgogomosa kgatlhanong le mogologolo, mme yo o kwa tlase kgatlhanong le motlotlegi.

6 Fa monna a tlaa tsayang morwarraagwe wa ntlo ya ga rraagwe, mme a re: O na le seaparo, nna mmusi wa rona, mme o se lese tshenyego e go tla ka fa tlase ga seatla sa gago—

7 Mo letsatsing leo o tlaa ikana, a re: Ga nkake ka nna moalafi; gonne mo ntlong ya me ga go senkgwe le fa e le seaparo; se ntire mmusi wa batho.

8 Gonne Jerusalema o senyegile, mme Juta o ole, ka ntlha ya diteme tsa bone le ditiro tsa bone di ntse di le kgatlhanong le Morena, go rumola matlho a kgalalelo ya gagwe.

9 Tshupo ya tebego ya bone e supa kgatlhanong le bone, mme e bile e bega sebe sa bone fa e bile se tshwana le Sotoma, mme ga ba kake ba se fitlha. Khutsego go botho jwa bone, gonne ba itliseditse bosula mo go bone!

10 Raya basiame gore go siame ka bone; gonne ba tlaa ja leungo la ditiro tsa bone.

11 Khutsego go baleofi, gonne ba tlaa nyelela; gonne tefo ya diatla tsa bone e tla bo e le mo go bone!

12 Mme batho ba me, bana ke bagateledi ba bone, mme basadi ba busa godimo ga bone. O batho ba me, bao ba ba lo eteletseng ba lo dira gore lo fose le go senya mokgwa wa ditselana tsa lona.

13 Morena o emetse go buelela, mme o emetse go atlhola batho.

14 Morena o tlaa tsena mo katlholong le bagologolo ba batho ba gagwe le dikgosana tsa teng; gonne le jele tshimo ya mofine le dilwana tsa bahumanegi mo mantlong a lona.

15 Lo rayang? Lo iteile batho ba me go nna ditoki, le go sila difatlhogo tsa bahumanegi, go bua jalo Morena Modimo wa Masomosomo.

16 Godimo ga moo, Morena a re: Ka ntlha ya gore barwadia Sione ba boikgantsho jo bogolo, mme e bile ba tsamaya ka melala e e golotsweng le matlho a a fanyafanyang, ba tsamaya ba ntse ba thetha, mme ba thwanyathwanya dinao tsa bone—

17 Jalo he Morena o tlaa itaya ka dipanang korone ya ditlhogo tsa barwadia Sione, mme Morena o tlaa lemoga dikarolo tsa bone tsa sephiri.

18 Mo letsatsing leo, Morena o tlaa tsaya bopelokgale jwa makgabisa a bone a a thwanyathwanyang, le masire a tlhogo, le mekgabisa e e kgolokwe jaaka ngwedi;

19 Dichaena le maseka, le mebofolara;

20 Difutshe, le makgabisa a maoto, le ditukwi, le dipilisi, le manyena;

21 Dipalamenwana, le manyena a dinko;

22 Disutu tsa matsela tse di ka hapaanngwa, le dikojwana, le merabana, le dikgokelo tse di phatsimang;

23 Digalase, le matsela a mantle, le dikapi, le masire.

24 Mme go tlaa diragala, mo boemong jwa monko o o monate go tlaa nkga; mme e re boemong jwa moitlamo, go kgagoga; mme boemong jwa meriri e e kamilweng sentle, phantlane; mme boemong jwa mokgabo wa sehuba, go itlama ga letsela la saka; go sha, boemong jwa bontle.

25 Banna ba gago ba tlaa wa ka tšhaka le dinatla tsa gago mo ntweng.

26 Mme dikgoro tsa gagwe di tlaa hutsafala le go lela; mme o tlaa kakabala, mme a nne fa fatshe.

Gatisa