Scriptures
Hilamene 9


Kgaolo 9

Barongwa ba fitlhela moatlhodi mogolo a sule kwa setilong sa katlholo—Ba latlhelwa mo kgolegelong mme morago ba a gololwa—Ka tlhotlheletso Nifae o supa fa Sianthamo e le mmolai—Nifae o amogelwa ke bangwe e le moporofiti. E ka nna dingwaga di le 23 go ya go di le 21 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, jaanong go ne ga diragala gore fa Nifae a sena go bua mafoko a, banna bangwe ba ba neng ba le gareng ga bone ba tabogela kwa setilong sa katlholo; ee, le tota ba ne ba le batlhano ba ba neng ba tsamaya, mme ba ne ba re gareng ga bone, jaaka ba ne ba tsamaya:

2 Bonang, jaanong re tlaa itse ka nnete gore a monna yo ke moporofiti le gore a Modimo o mo laetse go porofita dilo tse di gakgamatsang jaana go rona. Bonang, ga re dumele gore o dirile; ee, ga re dumele gore ke moporofiti; le fa go ntse jalo, fa e le gore selo se se a se buileng mabapi le moatlhodi mogolo se le boammaaruri, gore o sule, jaanong foo re tlaa dumela gore mafoko a mangwe a a buileng ke boammaaruri.

3 Mme go ne ga diragala gore ba taboga ka nonofo ya bone, mme ba tsena mo teng kwa setilong sa katlholo; mme bonang, moatlhodi mogolo o ne a wetse fa fatshe, mme o ne a rapaletse mo mading a gagwe.

4 Mme jaanong bonang, fa ba bona se ba ne ba gakgamala mo go feteletseng, mo e leng gore ba ne ba wela fa fatshe; gonne ba ne ba sa dumela mafoko a Nifae a neng a a buile mabapi le moatlhodi mogolo.

5 Mme jaanong, fa ba bona ba dumela, mme poifo ya tla mo go bone e se re kgotsa dikatlholo tsotlhe tse Nifae a neng a di buile di ka tla mo bathong; jalo he ba ne ba roroma, mme ba ne ba wetse fa fatshe.

6 Jaanong, gone foo fela fa moatlhodi a sena go bolawa—ene a tlhabilwe ke morwarraagwe ka kapari ya sephiri—mme a tshaba, mme batlhanka ba taboga mme ba bolelela batho, ba tsholetsa selelo sa polao gareng ga bone;

7 Mme bonang batho ba ne ba ikgobokanya mmogo kwa lefelong la setilo sa katlholo—mme bonang, mo kgakgamalong ya bone ba ne ba bona banna ba batlhano bao ba ba neng ba wetse fa fatshe.

8 Mme jaanong bonang, batho ba ne ba sa itse sepe mabapi le matshwititshwiti a a neng a kgobokane mmogo kwa tshimong ya ga Nifae; jalo he ba ne ba re gareng ga bone: Banna ba ke bone ba ba bolaileng moatlhodi, mme Modimo o ba iteile gore ba seka ba tshaba go tswa mo go rona.

9 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ba tshwara, mme ba ba bofa le go ba latlhela mo kgolegelong. Mme go ne go na le kitsiso semmuso e rometswe kwa ntle gore moatlhodi o bolailwe, le gore babolai ba ne ba tserwe mme ba latlhetswe mo kgolegelong.

10 Mme go ne ga diragala gore ka moso batho ba ne ba iphuthaga mmogo go lela le go ikitsa dijo, kwa phitlhong ya moatlhodi mogolo yo o neng a bolailwe.

11 Mme jalo gape baatlhodi bao ba ba neng ba le kwa tshimong ya ga Nifae, mme ba utlwa mafoko a gagwe, le bone ba ne ba kgobokane mmogo kwa phitlhong.

12 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tlhotlhomisa gareng ga batho, ba re: Ba batlhano ba ba neng ba rometswe go tlhotlhomisa mabapi le moatlhodi mogolo gore a o bolailwe ba kae? Mme ba ne ba araba ba re: mabapi le ba batlhano ba lo reng lo ba rometse, ga re itse sepe; mme go ba le batlhano ba e leng babolai, ba re ba latlhetseng mo kgolegelong.

13 Mme go ne ga diragala gore baatlhodi ba eletse gore ba tlisiwe; mme ba ne ba tlisiwa, mme bonang e ne e le bone ba batlhano ba ba neng ba romilwe; mme bonang baatlhodi ba ne ba ba tlhotlhomisa go itse mabapi le kgang, mme ba ne ba ba bolelela tsotlhe tse ba neng ba di dira, ba re:

14 Re ne ra taboga mme ra tla kwa lefelong la setilo sa katlholo, mme fa re bona dilo tsotlhe le jaaka Nifae a pakile, re ne ra gakgamala mo e leng gore re ne ra wela fa fatshe; mme fa re sena go thanya mo kgakgamalong ya rona, bonang, ba ne ba re latlhela mo kgolegelong.

15 Jaanong, fa e le ka polao ya monna yo, ga re itse yo o e dirileng; mme go le kana fela re a itse, re ne ra taboga mme ra tla jaaka lo eleditse, mme bonang o ne a sule, go ya ka fa mafokong a ga Nifae.

16 Mme jaanong go ne ga diragala gore baatlhodi ba ne ba tlhalosa kgang go batho, mme ba goa kgatlhanong le Nifae, ba re: Bonang, re itse gore Nifae yo o tshwanetse a bo a dumalane le mongwe go bolaya moatlhodi, mme jaanong foo o ka tla a bega go rona, gore o ka tla a re sokololela mo tumelong ya gagwe, gore a tle a itsholetse e le monna yo mogolo, a tlhophilwe ke Modimo, le gore ke moporofiti.

17 Mme jaanong bonang, re tlaa upolola monna yo, mme o tlaa ipolela molato wa gagwe mme a dire go itsege go rona mmolai wa boammaaruri wa moatlhodi yo.

18 Mme go ne ga diragala gore ba batlhano ba ne ba gololwa mo letsatsing la phitlho. Le fa go ntse jalo, ba ne ba omanya baatlhodi mo mafokong a ba neng ba a buile kgatlhanong le Nifae, mme ba ganetsana le bone bongwe ka bongwe, mo e leng gore ba ne ba ba didimatsa.

19 Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira gore Nifae a tsewe mme a bofiwe le go tlisiwa fa pele ga matshwititshwiti, mme ba ne ba simolola go mmotsolotsa ka ditsela tse di farologanyeng gore ba ka tla ba mo fapaanya, gore ba ka tla ba mmona molato go swa—

20 Ba mo raya ba re: Wena o wa tumalano, ke mang monna yo o dirileng polao e? jaanong re bolelele, mme o dumele molato wa gago; ba re, bona madi ke a; mme gape re tlaa go neela botshelo jwa gago fa o ka re bolelela; mme wa dumela tumelano e o e dirileng le ene.

21 Mme Nifae a ba raya a re: O lona dimatla, lona ba pelo e e sa rupang, difofu ke lona, le batho ke lona ba ba gagametseng melala, a lo itse gore Morena Modimo wa lona o tlaa lo letlelela sebaka se se kae go tswelela mo go e tsela ya lona ya sebe?

22 O lo tshwanetse go simolola go goa le go hutsafala, ka ntlha ya tshenyego e kgolo e mo nakong e e lo emetseng, fa e se lo ka ikotlhaya.

23 Bonang lwa re ke dumalane le monna gore a bolaye Sisoramo, moatlhodi mogolo wa rona. Mme bonang, ka re go lona, gore se ke ka ntlha ya gore ke pakile go lona gore lo ka itse ka ga selo se; ee, le go nna bosupi mo go lona tota, gore ke ne ke itse ka ga boleo le bodiabole tse di leng gareng ga lona.

24 Mme ka ntlha ya gore ke dirile se, lwa re ke dumalane le monna mongwe gore a dire selo se; ee, ka ntlha ya gore ke lo bontshitse sesupo se lo ntšhakgaletse, mme lo batla go senya botshelo jwa me.

25 Mme jaanong bonang, ke tlaa bontsha go lona sesupo se sengwe, mme ke bone fa mo selong se lo tlaa batla go ntshenya.

26 Bonang ka re go lona: Yang kwa ntlong ya ga Sianthamo, yo e leng morwarraagwe Sisoramo, mme lo mo reye lo re—

27 A Nifae, yo o ipayang jaaka moporofiti, yo o porofitang bosula jo bontsi mo go kana mabapi le batho ba, o dumalane le wena, se mo go sone o bolaileng Sisoramo, yo e leng morwarrago?

28 Mme bonang, o tla lo raya a re, nnyaa.

29 Mme lo tlaa mo raya lo re: A o bolaile morwarrago?

30 Mme o tlaa ema ka poifo, mme o tlaa seke a itse gore a reng. Mme bonang, o tlaa ganela go lona; mme o tlaa dira jaaka e kete o gakgametse; le fa go ntse jalo, o tlaa bega go lona gore ga a na molato.

31 Mme bonang, lo tlaa mo tlhatlhoba, mme lo tlaa fitlhela madi mo seketeng sa purapura ya gagwe.

32 Mme fa lo bone se, lo tlaa re: Madi a a tswa kae? A ga re itse gore ke madi a ga morwarrago?

33 Mme jaanong foo o tlaa roroma, mme o tlaa lebega a setlhafetse, le tota jaaka e kete loso lo tlile mo go ene.

34 Mme jaanong foo lo tlaa re: Ka ntlha ya poifo e le go setlhafala mo mo go tlileng mo sefatlhogong sa gago, bona, re itse gore o molato.

35 Mme jaanong foo poifo e kgolo e tlaa tla mo go ene; mme jaanong foo o tlaa ipolela mo go lona, mme a se tlhole a ganela gore o dirile polao e.

36 Mme jaanong foo o tlaa re go lona, gore nna, Nifae, ga ke itse sepe mabapi le kgang e fa e se gore e filwe go nna ke thata ya Modimo. Mme jaanong foo lo tlaa itse gore ke monna yo o boammaaruri, le gore ke rometswe go lona go tswa kwa Modimong.

37 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tsamaya mme ba dira, le go ya jaaka Nifae a ba reile. Mme bonang, mafoko a a neng a a buile a ne a le boammaaruri; gonne go ya ka fa mafokong o ne a ganetsa; mme gape go ya ka fa mafokong o ne a ipolela.

38 Mme o ne a tlisiwa go supa gore ene ka boene e ne e le ene mmolai tota, mo e leng gore ba batlhano ba ne ba gololwa, ga mmogo le Nifae.

39 Mme go ne go na le bangwe ba Banifae ba ba neng ba dumela mafoko a ga Nifae; mme go ne go le bangwe gape, ba ba neng ba dumela ka ntlha ya bopaki jwa ba batlhano, gonne ba ne ba sokololwa fa ba ne ba le mo kgolegelong.

40 Mme jaanong go ne go le bangwe gareng ga batho, ba ba neng ba re Nifae ke moporofiti.

41 Mme go ne go le bangwe ba ba neng ba re: Bonang, ke modimo, gonne kwa ntle ga gore e ne e le modimo o ne a ka seke a itse ka dilo tsotlhe. Gonne bonang, o re boleletse dikakanyo tsa dipelo tsa rona, mme gape o re boleletse dilo; e bile le tota o tlisitse mo kitsong ya rona mmolai wa nnete wa moatlhodi mogolo wa rona.

Gatisa