Scriptures
Ketapele


Ketapele

Perela e e Tlhwatlhwa e Kgolo ke tlhaolo ya mekwalo e e tlhaolegileng e e amang dikarolo tse di botlhokwa tse dintsi tsa tumelo le dithuto tsa Kereke ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Dilo tse di ne tsa ranolwa le go supiwa ke Moperofeti Joseph Smith mme bontsi bo ne jwa anamisiwa mo dikanamisong tsa Kereke tsa malatsi a gagwe.

Kgobokanyo ya ntlha ya mekwalo e e neng e na le setlhogo sa Perela e e Tlhwatlhwa e Kgolo e dirilwe ka 1851 ke Mogolwane Franklin D. Richards, yo ka lobaka loo e neng e le leloko la lekgotla la baba Lesome le bobedi le poresidente ya Thomo ya Borithane. Boikaelelo jwa yone e ne e le go dira go nna teng ka motlhofo mengwe ya mekwalo e e botlhokwa e e nnileng le kanamiso e e lekanyeditsweng ka nako ya ga Joseph Smith. Jaaka maloko a Kereke a ntsifala go ya ka Yuropa le Amerika, go ne go le botlhokwa go dira gore dilo tse di nne teng. Perela e e Tlhwatlhwa e Kgolo e ne ya dirisiwa ka bophara mme morago ya amogelwa jaaka mokwalo o o boitshepo wa kereke ka tiro ya Boporesidente jwa Ntlha le Khonferense ya kakaretso mo Salt Lake City ka Phalane 10, 1880.

Ditshekatsheko di le mmalwa di dirilwe mo diteng jaaka go ne go batlega mo Kerekeng. Ka 1878 dikarolo dingwe mo bukeng ya ga Moše tse di neng di se mo kgatisong ya ntlha di ne tsa tlalelediwa. Ka 1902 dikarolo dingwe tsa Perela e e Tlhwatlhwa e Kgolo tse di neng di boeletsa dintlha tse le tsone di neng di anamisitswe mo Dithutong le Dikgolagano di ne tsa tlolwa. Go rulaganngwa go nna dikgaolo le ditemana, le mokwalo o o kwa bofelong jwa tsebe, go dirilwe ka 1902. Kanamiso ya ntlha ya ditsebe tsa kholomo tse pedi, ka intekese, e ne e le ka 1921. Ga go na diphetogo tse dingwe tse di neng tsa diriwa go fitlhelela Moranang 1976, fa ditema tse pedi tsa tshenolo di ne tsa okediwa. Ka 1979 ditema tse pedi tse di ne tsa ntshiwa mo Pereleng e e Tlhwatlhwa e Kgolo mme tsa tsenngwa mo Dithutong le Dikgolagano, tse jaanong di bonalang e le dikgaolo 137 le 138. Mo kgatisong ya gompieno diphetogo dingwe di dirilwe go dira gore mokwalo o dumalane le mekwalo ya pele.

E e latelang ke ketapele e khutshwane mo diteng tsa gompieno:

  1. Ditlhaolo go tswa mo Bukeng ya ga Moše. Kinolo mo bukeng ya ga Genesise ya thanolo ya ga Joseph Smith ya Baebele, e a e simolotseng ka Seetebosigo 1830.

  2. Buka ya ga Aberahame. Thanolo e e tlhotlheleditsweng ya mekwalo ya ga Aberahame. Joseph Smith o simolotse thanolo ka 1835 fa a sena go amogela dipapayari dingwe tsa Egepeto. Thanolo e anamisitswe ka tatelano mo Times and Seasons go simolola ka Mopitlo 1, 1842, kwa Nauvoo, Illinois.

  3. Joseph Smith—Mathaio. Kinolo go tswa mo bopaking jwa ga Mathaio mo thanolong ya ga Joseph Smith ya Baebele (bona Dithuto le Dikgolagano 45:60–61 mabapi le tao ya selegodimo go simolola thanolo ya Kgolagano e Ntsha).

  4. Joseph Smith—Ditso. Dikinolo go tswa mo bopaking jwa semmuso jwa ga Joseph Smith le ditso, tse ene le bakwadi ba gagwe ba di baakantseng ka 1838–1839 mme tse di neng tsa anamisiwa ka tatelano mo Times and Seasons mo Nauvoo, Illinois, go simolola ka Mopitlo 15, 1842.

  5. Mekwalo ya Tumelo ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Polelo ka Joseph Smith e e anamisitsweng mo Times and Seasons Mopitlo 1, 1842, e patilwe ke ditso tse dikhutshwane tsa Kereke tse di itsegeng jaaka Lekwalo la ga Wentworth.

Gatisa