2022
Thata ya Kgonagalo ya Tswelelopele Semowa
Motsheganong 2022


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2022

Thata ya Kgonagalo ya Tswelelopele Semowa

Ke rata go ntsha megopolo ka dikgato tse tlhano tse di tlhamaletseng tse re ka di tsayang go re thusa go nna le kgonagalo ya tswelelopele semowa e e tlhomameng.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ke a lo rata. Ke itumelela tshono e go bua le lona gompieno. Ke rapela letsatsi letsatsi gore lo ka babalelwa mo ditlhaselong tse di setlhogo tsa mmaba le go nna le thata ya go gatela pele mo dikgwetlhong le fa e le dife tse lo lebaganang le tsone.

Diteko dingwe ke mekgweleo e e kwa bothokong thata e ope yo mongwe a ka e bonang. Tse dingwe di diragala mo seraleng sa lefatshe. Kgotlhang ya dibetsa kwa botlhaba jwa Yuropa ke nngwe ya tse. Nkile ka ya Ukraine le Russia gantsi. Ke rata mafatshe ao, batho, le dipuo tsa bone. Ke rothisa keledi ke bo ke rapelela botlhe ba ba amiwang ke kgotlhang e. Re le kereke re dira tsotlhe tse re ka di kgonang go thusa bao ba ba bogisegang le ba ba lekang ka thata go falola. Re laletsa mongwe le mongwe go tswelela ka go ikitsa dijo le go rapelela batho botlhe ba ba utlwisiwang botlhoko ke petso e. Ntwa efe kapa efe ke tshenyo e e tshosang ya kgatako ya sengwe le sengwe se Morena Jeso Keresete a se emetseng le go se ruta.

Ga go na ope wa rona yo o ka laolang ditšhaba kgotsa ditiro tsa ba bangwe kgotsa le one maloko a malwapa a rona. Fela re ka ikgapha ka bo rona. Pitso ya me gompieno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ke go emisa kgotlhang e e jajaregang mo pelong tsa lona, mo legaeng la lona, le mo matshelong a lona. Fitlhang mekgwa epe le yotlhe ya go utlwisa ba bangwe botlhoko—le fa mekgwa eo e le tšhakgalo, loleme le le bogalaka, kgotsa go tenegela mongwe yo o go utlwisitseng botlhoko. Mmoloki o re laotse go neela lerama le lengwe,1 go rata baba ba rona,le go rapelela bao ba ba re gobololang.2

Go ka nna botlhoko thata go tlogela bogale jo bo utlwalang thata bo siamisitswe. Go ka lebega go retela go itshwarela bao ba ditiro tsa bone tsa tshenyo di utlwisitseng ba ba senang molato botlhoko. Ntswa le fa gontse jalo, Mmoloki o re tlhagisitse go “itshwarela batho botlhe.”3

Re balatedi ba Kgosana ya Kagiso. Jaanong go feta ka metlha, re tlhoka kagiso e Ene fela a ka e tlisang. Re ka solofela kagiso jang go nna teng mo lefatsheng fa rona ka bongwe re sa batle kagiso le kutlwano? Bakaulengwe le bokgaitsadi, Ke itse gore mogopolo o ke o akantshang ga o motlhofo. Fela balatedi ba ga Jeso Keresete ba tshwanetse go nna sekai se lefatshe lotlhe le ka se salang morago. Ke a lo rapela go dira tsotlhe tse lo ka di kgonang go emisa kgotlhang tsa bongwe tse mo bošheng di jajaregang mo dipelong tsa lona le mo matshelong a lona.

A nka gatelela kgothatso e go tsaya kgato ka go buisanya ka mogopolo o ke o gakolotsweng bošheng fa ke lebile motshameko wa baseketebolo.

Mo motshamekong oo, sephatlo sa ntlha e ne e le tlhabano ya letantse, e ya kwa morago le kwa pele. Ke gone, ka nako ya metsotswana e metlhano ya bofelo ya sephatlo sa ntlha, modisa mo setlhopheng se sengwe a dira maiteko a mantle a go nosa dintlha tse tharo. Ka motsotswana o le mongwe fela o setseng, batshameki mmogo nae, ba utswa monyetla o wa phetiso mme ba nosa nno e nngwe! Mo e leng gore setlhopha seo sa ya boitapolosong ka dintlha di le nne kwa pele ka koketsego ya kgonagalo ya tswelelo pele e e utlwagalang. Ba ne ba kgona go tsweledisa kgonagalo eo ya tswelelopele go tsena mo sephatlong sa bobedi mme ba fenya motshameko.

Kgonagalo ya tswelelopele ke mogopolo o montle. Rotlhe re itemogetse se ka sebopego sengwe kgotsa se sengwe—sekai, mo koloing e e oketsang lobelo kgotsa ka kgang e ka bofefo e fetogang ngangisano.

Jalo ke a botsa, ke eng se se ka tlhosetsang kgonagalo ya tswelelopele semowa? Re bone dikai tsotlhe tsa kgonagalo ya tswelelopele e e tlhomameng le e e ganang. Re itse balatedi ba ga Jeso Keresete ba ba sokologileng le go gola mo tumelong ya bone. Mme le gone re itse ka badumedi ba ba kileng nako nngwe ba bo ba ineetse ba ba oleng Kgonagalo ya tswelelopele e ka ya ntlha tsotlhe.

Setshwantsho
mosetsanyana

Ga re ise re ke re tlhoke tlhomamo ya kgonagalo ya tswelelopele semowa go feta jaaka re dira jaanong, go fenya lobelo le bosula le ditshupo tse di lefifi tsa metlha di matlafalang ka lone. Tlhomamo ya kgonagalo ya tswelelopele semowa e tla re tshegetsa go gatela pele mo gare ga poifo le ketsaetsego tse di dirilweng ke segajaja, ditsunami, thubego ya sekgwamolelo, le dintwa tsa tlhomelo. Kgonagalo ya tswelelopele semowa e ka re thusa go fenya ditlhaselo tsa boikepo tsa mmaba, tse di sa emeng le go fenya maiteko a gagwe a go kgotha motheo wa motho wa semowa.

Ditiro tse dintsi di ka tlhosetsa tlhomamo ya kgonagalo ya tswelelopele semowa. Kobamelo, lorato, boikobo, tirelo, le tebogo4 ke fela di se kae.

Gompieno ke rata go ntsha mogopolo wa dikgato di le tlhano tse di tlhamaletseng tse re ka di tsayang go re thusa go tshegetsa tlhomamo ya kgonagalo ya tswelelopele semowa.

Sa ntlha: Tsena mo tseleng ya kgolagano mme o nne mo go yone.

Go se lobaka, Ke ne ka nna le toro e e tlhaga e mo go yone ke kopaneng le setlhopha se segolo sa batho. Ba mpotsa dipotso tse dintsi, e e neng e boaboela thata ya tseo e ne e le ka ga tsela ya kgolagano le go re ke eng e le botlhokwa.

Mo torong yame, Ke tlhalositse gore re tsena mo tseleng ya kgolagano ka go kolobediwa le go dira kgolagano ya rona ya ntlha le Modimo.5 Nako nngwe le nngwe e re jang sakaramente, re solofetsa gape go amogela leina la Mmoloki, go Mo gakologelwa, le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.6 Ka puseletso, Modimo o re netefaletsa gore re ka nna ka metlha le Mowa wa Morena go nna le rona.

Morago re dira dikgolagano tse dingwe mo tempeleng, kwa re amogelang ditsholofetso tse dingwe tse dikgolo. Ditlhomo tsa semowa le dikgolagano di re neela kgonego go thata ya semodimo. Tsela ya kgolagano ke tsela e le nngwe fela e e re gogelang kwa kgalalelong ya bosakhutleng le botshelo jo bosakutleng.

Mo torong yame, mosadi o ne a botsa ka fa mongwe yo o robileng dikgolagano tsa gagwe a ka boelang mo tseleng eo. Karabo ya me mo go ene e nkgogela kwa mogopolong wa me wa bobedi:

Bona boitumelo jwa boikotlhao jwa letsatsi le letsatsi.

Boikotlhao bo botlhokwa jang? Alema o rutile gore re tshwanetse gore re seka ra “rera sepe fa e se boikotlhao le tumelo mo Moreneng.”7 Boikotlhao bo botlhokwa mo mothong mongwe le mongwe yo o nang le boikarabelo yo o eletsang kgalalelo ya bosakhutleng.8 Ga go na mo go tlhaotsweng. Mo tshenolong go Moporofeti Joseph Smith, Morena o otlhaetse baeteledipele ba pele ba Kereke go sa ruteng bana ba bone efangele.9 Boikotlhao ke selotlolo sa tswelelopele. Tumelo e e itshekileng e re tshegetsa go gatela pele mo tseleng ya kgolagano.

Tswee-tswee se boife kgotsa wa diega go ikwatlhaya. Satane o itumelela bohutsana jwa gago. Bo khutshwafatse. Ntsha tlhotlheletso ya gagwe mo botshelong jwa gago! Simolola gompieno go itemogela boitumelo jwa go ntsha motho wa tlholego.10 Mmoloki o re rata ka metlha mme bogolo thata fa re ikwatlhaya. O re solofeditse gore le ntswa “dithaba di tlaa tloga, le dithota di katosiwa … bopelonomi jwa me ga bo kitla bo tloga mo go wena.”11

Fa o ikutlwa o timetse go tswa mo tseleng ya kgolagano kgakala thata kgotsa lobaka thata mme o sena mokgwa wa go boa, seo ga se boammaaruri fela.12 Tswee tswee golagana le bishopo kgotsa poresidente wa lekala. Ke moemedi wa Morena mme o tlaa go thusa go itemogela boitumelo le thuso ya go ikwatlhaya.

Jaanong, tsiboso: Go Boela mo tseleng ya kgolagano ga go reye gore botshelo bo tlaa nna motlhofo. Tsela e e thata mme dinako dingwe e tlaa utlwala jaaka go pagama mo go thata.13 Botlhatlogo jo, le fa gontse jalo, bo diretswe go re leka le go re ruta, go ntlafatsa tlholego ya rona, mme bo re thusa go nna baitshepi. Ke yone fela tsela e e gogelang kwa kgalalelong ya bosakhutleng. Moporofeti a le mongwe14 o tlhalositse “seemo se se segofaditsweng le sa boitumelo sa bao ba ba tshegetsang ditaelo tsa Modimo. Gonne bonang, ba segofaditswe mo dilong tsotlhe, mo go tsa selefatshe le tsa semowa; mme fa ba ka tshwara ka boikanyego go ya kwa bofelong ba amogelwa mo legodimong… [mme] ba nna le Modimo mo seemong sa boitumelo jo bo sa feleng.”15

Go tsamaya mo tseleng ya kgolagano, go patagane le boikotlhao jwa letsatsi le letsatsi, go kuketsa tlhomamo ya kgonagalo ya tswelelopele semowa.

Setshwantsho
basadi ba lebeletse khonforense ya kakaretso

Uruguay

Mogopolo wa me wa boraro: Ithute ka ga Modimo le ka fa A dirang ka teng.

Nngwe ya dikgwetlho tsa rona tse dikgolo gompieno ke go farologanya fa gare ga boammaaruri jwa Modimo le diketso tsa ga Satane. Ke seo Morena a re tlhagisitseng go “rapela ka metlha, … gore [re] fenye Satane, le … go falola diatla tsa batlhanka ba ga Satane ba ba tshegeditseng tiro ya gagwe.”16

Moše o neetse sekai sa ka fa re ka lemogang fa gare ga Modimo le Satane. Fa Satane a tla a leka Moše, o ne a lemoga tsietso ka ntlha ya gore o ne a sa tswa go nna le kamano le Modimo. Moše ka bofefo a bona gore Satane ke mang mme a mo laela go tloga.17 Fa Satane a tswelela, Moše a itse ka fa a ka kopang Modimo thuso e ntsi. Moše a amogela thata ya selegodimo mme a kgalemela yo o bosula gape, a re, “Tloga fa go nna, Satane, gonne ke tla obamela Modimo yo a le mongwe fela.”18

Re tshwanetse go sala sekai seo morago. Ntshang tlhotlheletso ya ga Satane mo botshelong jwa lona! Tswee tswee se mo saleng morago go fitlha kwa “moleteng wa bohutsana.”19

Ka lobelo le le tshosang, bopaki jo bo sa nonotshiwang letsatsi le letsatsi “ka lefoko le le molemo la Modimo”20 bo ka nyelela. Jaana, sethibela leano la ga Satane se papametse: re tlhoka maitemogelo a letsatsi le letsatsi a go obamela Morena le go ithuthuntsha efangele ya Gagwe. Ke a lo rapela go letla Modimo go nna mo botshelong jwa lona. Mo neeleng seabe se se lekaneng sa nako ya lona. Jaaka lo dira, lemogang se se diragalang mo tlhomamong ya kgonagalo ya tswelelopele semowa ya lona.

Mogopolo wa bo 4: Batlang le go solofela dikgakgamatso.

Moroni o re netefaleditse gore “Modimo ga a ise a emise go nna Modimo wa dikgakgamatso.”21 Lokwalo lengwe le lengwe la dikwalo tse di boitshepo le supa ka fa Morena a ratang go tsena fa gare ga matshelo a bao ba ba dumelang mo go Ene.22 O buletse Moše Lewatle le Lehibidu, o thusitse Nefi go tsaya dipapetlana tsa kgotlho, mme a tsosolosa Kereke ya Gagwe ka Moporofeti Joseph Smith. Nngwe le nngwe ya dikgakgamatso tse e tsere nako mme e ka bo e ne e se se batho bao kwa tshimologong ba se kopileng mo Moreneng.

Ka mokgwa o o tshwanang, Morena o tla lo segofatsa ka dikgakgamatso fa lo dumela mo go Ene, “lo sa belaele sepe.”23 Dirang tiro ya semowa go batla dikgakgamatso. Ka thapelo lopang Modimo go le thusa go dirisa mofuta oo wa tumelo. Ke solofetsa gore lo ka itemogela ka bo lona gore Jeso Keresete “o neela ba ba tlhaetseng thata; le bao ba ba senang maatla o oketsa nonofo.”24 Dilo di se kae di tlaa fefosa kgonagalo ya tswelelopele semowa ya lona go feta go lemoga gore Morena o go thusa go tlosa thaba mo botshelong jwa gago.

Setshwantsho
Lelwapa le lebeletse khonforense ya kakaretso

Taiwan

Mogopolo wa bo 5: Emisang kgotlhang mo botshelong jwa lona ka namana.

Ke boeletsa pitso ya me go emisa kgotlhang mo botshelong jwa lona. Diragatsang boikobo, bopelokgale, le thata tse di tlhokwang gotlhe go itshwarela le go batla boitshwarelo. Morena o solofeditse gore “fa [re] itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rara wa [rona] wa legodimo o tlaa [re] itshwarela le ene.”25

Dibeke tse pedi go tswa gompieno re keteka Paseka. Fa gare ga jaanong le gone, Ke lo laletsa go batla go emisa kgotlhang ya lona e e lo imelang. A go ka nna le tiro e e tshwanetseng thata ya tebogo go Jeso Keresete ya Tetlanyo ya Gagwe? Fa boitshwarelo jaanong bo lebega bo retela, ikopeleng thata ka madi a a lefetsang a ga Jeso Keresete go lo thusa. Jaaka lo dira jalo, Ke solofetsa kagiso ya bongwe le phanyego ya kgonagalo ya tswelelopele semowa.

Fa Mmoloki a lefelela batho botlhe, O butse tsela gore bao ba ba Mo salang morago ba ka nna le tsela ya go tsena mo phodisong, nonofong le maatla a thekololo ya Gagwe. Ditshiamelo tse tsa semowa di teng mo go botlhe ba ba batlang go Mo utlwa le go Mo sala morago.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ka dikopo tse tsotlhe tsa pelo ya me, Ke lo kgothatsa go tsena mo tseleng ya kgolagano le go nna mo go yone. Itemogele boitumelo jwa go ikwatlhaya letsatsi le letsatsi. Ithuteng ka ga Modimo le ka fa A dirang ka teng. Batlang le go solofela dikgakgamatso. Lekang go emisa kgotlhang mo botshelong jwa gago.

Jaaka lo dira mo ditekeletsong tse tsa nako tsotlhe, Ke lo solofetsa bokgoni jwa go gatela pele mo tseleng ya kgolagano ka koketsego ya kgonagalo ya tswelelopele, le fa e le mo kgoreletsong efe e lo lebaganang le yone. Mme ke lo solofetsa thata e kgolo go ganetsana le teko, kagiso e kgolo ya tlhaloganyo, kgololosego mo poifong, le tshwaragano e kgolo mo malwapeng a lona.

Modimo o a tshela! Jeso ke Keresete! O a tshela! O a re rata ebile o tla re thusa. Ka se Ke a paka mo leineng le le boitshepo la Morekolodi wa rona, Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Bona 3 Nefi 12:39.

  2. Bona 1 Nefi 12:44.

  3. Dithuto le Dikgolagano 64:10; bona le gape temana 9.

  4. Jaaka Moaposetole Paulo a buile, “Lebogang mo dilong tsotlhe” (1 Batheselonika 5:18). Nngwe ya dithibedi tsa nnete tsa boitlhobogo, ngodiego, le go itsapa semowa ke tebogo. Ke dilo dife tse dingwe tse re ka di lebogelang Modimo? Mo lebogeleng bontle jwa lefatshe, Tsosoloso ya efangele, le ditsela tse dintsi tse Ene le Morwa wa Gagwe ba dirang gore thata ya Bone e nne teng fa mo lefatsheng le. Mo lebogeleng dikwalo tse di boitshepo, baengele ba ba tsibogelang dikopo tsa rona mo Modimong go re thusa, tsa tshenolo, le tsamalwapa a bosakhutleng. Mme go feta tsotlhe, lebogelang Modimo neo ya Morwa wa Gagwe le Tetlanyo ya ga Jeso Keresete,e a re neelang go diragatsa ditao tse re di romeletsweng mo lefatsheng

  5. Go tlhaloganya tsela ya kgolagano, go botlhokwa go tlhaloganya gore kgolagano e akaretsa boitlamo jwa ditsela tse pedi fa gare ga Modimo le bana ba Gagwe. Mo kgolaganong, Modimo o tlhoma ditsela, mme re dumela ditsela tseo. Mo phapanyetsong, Modimo o dira ditsholofetso mo go rona. Dikgolagano tse dintsi di patilwe ke ditshupo tsa kwantle—kgotsa ditao tse di boitshepo—tse re tsayang karolo mo go tsone le basupi ba le teng. Sekai, kolobetso ke tshupo mo Moreneng gore motho yo o kolobediwang o dirile kgolagano go tshegetsa ditaelo tsa Modimo.

  6. Bona Moroni 4:3; 5:2; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79.

  7. Mosia 18:20.

  8. Bona Moše 6:50, 57.

  9. Bona Dithuto le Dikgolagano 93:40–48.

  10. Bona Mosia 3:19.

  11. Isaia 54:10, kgatelelo e tsentswe; bona gape 3 Nefi 22:10. Bopelonomi bo ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera hesete, lefoko le le tseneletseng ka bokao le akaretsa bopelonomi, kutlwelobotlhoko, lorato la kgolagano, le tse dintsi.

  12. Go a kgonega go dira puseletso ya dibe dingwe mme e seng tse dingwe. Fa motho a kgokgontsha kgotsa a tlhasela yo mongwe, kgotsa fa mongwe a tsaya botshelo jwa yo mongwe, puseletso e e tletseng ga e kake ya dirwa. Moleofi mo dikgang tse pedi tseo o dira fela go le kana mme selekanyo se segolo se sala e le molato. Ka ntlha ya go rata ga Morena go itshwarela selekanyo se se tlhokwang, re ka tla kwa go Ene go sa re sepe gore re timetse go le kae. Fa re ikwatlhaya ka boammaaruri, O tla re itshwarela. Selekanyo se se setseng fa gare ga dibe tsa rona le nonofo ya rona go dira puseletso e e tletseng se ka lefelwa fela ka go dirisa Tetlanyo ya ga Jeso Keresete, yo o ka dirang neo ya kutlwelobotlhoko. Go rata ga Gagwe go itshwarela selekanyo se se tlhokwang ke neo e e senang tlhwatlhwa.

  13. Bona 2 Nefi 31:18–20.

  14. Moporofeti wa Monefi Kgosi Benjamine.

  15. Mosia 2:41.

  16. Dithuto le Dikgolagano 10:5; kgatelelo e tsentswe.

  17. Bona Moše 1:16; bona gape ditemana 1–20.

  18. Moše 1:20.

  19. Helamene 5:12.

  20. Moroni 6:4.

  21. Momone 9:15; bona gape temana 19.

  22. Johane wa Moaposetole o bolela gore o kwadile ka dikgakgamatso tsa Mmoloki “gore [re] ka dumela gore Jeso ke Keresete” (Johane 20:31).

  23. Momone 9:21.

  24. Isaia 40:29.

  25. Mathaio 6:14.

Gatisa