2022
Itshetlela mo Matsubutsubung
Motsheganong 2022


“Itshetlela mo Matsubutsubung ,” Go Nonofo ya Banana, Motsheganong. 2022.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2022

Itshetlela mo Matsubutsubung

Dinopolo

Setshwantsho
lebone le le kaelang dikepe

Go bao ba rona ba re tshwenyegileng ka ntlha ya rona le bao re ba ratang, go na le tsholofelo mo tsholofetsong e Modimo a e dirileng ka lefelo la polokesego mo matsubutsubung a a kwa pele. …

Mafoko a ga kgosi Benjamine a seporofeti a a tlhokafala mo malatsing a rona. …

O laleditse batho ba gagwe le rona go aga fela mo lefikeng la boammaaruri la polokesego, le e leng Mmoloki. O tlhalositse sentle gore re gololosegile go tlhopha fa gare ga tshiamo le phoso le gore ga re kake ra tila ditlaamorago tsa itlhophelo ya rona. …

Tlhlolego ya rona e a fetoga go nna jaaka ngwana yo monnye, re ikobela Modimo ebile re lerato thata. Phetogo eo e tlaa re kgontsha go itumelela dineo tse di tlang ka Mowa o o Boitshepo. Go nna le kamano ya Mowa o o Boitshepo go tlaa re gomotsa, kaela, le go re natlafatsa. …

Fa matsubutsubu mo botshelong a tla, o ka itshetlela gonne o eme mo lefikeng la tumelo mo go Jeso Keresete. Tumelo eo e tlaa go gogela kwa boikotlhaong jwa letsatsi le letsatsi le go tlhomama mo go tshegetseng kgolagano. Ke gone o tlaa Mo gakologelwa ka metlha. Mme mo matsubutsubung a letlhoo le boikepo, o tlaa ikutlwa o itshetletse ebile o na le tsholofelo. …

… Jaaka ngwana yo o bonolo le lorato,amogela thuso ya Gagwe. Dira o bo o tshegetse dikgolagano tse A di neelang mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Di tla go natlafatsa. Mmoloki o itse matsubutsubu le mafelo a polokesego mo tseleng go ya gae kwa go Ene le Rara wa rona wa Legodimo. O itse tsela. Ke Tsela.

Gatisa