Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2023
Ba ba letlanyang ba a Tlhokega
Lo na le boitshenkelo jwa lona go itshenkela kganetsano kgotsa kagisano. Ke lo rotloetsa go nna ba ba letlanyang, jaanong jaana le ka metlha.
Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba ba rategang, go a itumedisa go bo ke na le lona. Mo dikgweding tsena tse thataro tse di fetileng, le ntse le le mo mogopolong wa me kgapetsa kgapetsa le mo dithapelong tsa me. Ke rapela gore Mowa o o Boitshepo o bue se Morena a batlang gore le se utlwe fa ke ntse ke buwa le lona jaanong jaana.
Ka nako ya inthenshipi ya boari ya me dingwaga tse dintsi tse di fetileng, ke ne ka thusa ngaka ya moari e e neng e kgaola leoto le le neng le tletse ntho e e kekelang e e tshelwanang thata. Karo e ne e le thata. Ke gone, go oketsa letshogo mongwe wa setlhopa a dira tiro e e sa itumediseng, ngaka a kgomoga ka tšhakgalo e tona. Mo gare ga phantsho ya tšhakgalo ya gagwe, a tika sekalepele sa gagwe se se neng se tletse megare. Sa wela mo seatleng sa me!
Mongwe le mogwe mo ntlwaneng ya karo—kwa ntle ga ngaka ya moari e e neng e dule mo taolong—ba tshoswa ke tlolo ena e e diphatsa ya tiro ya karo. Ka boitumelo, ke ne ka seka ka tsenwa ke mogare. Mme maitemogelo a a ne a tlogela maikutlo a a sa feleng mo go nna. Go tswa gone foo, Ka ipolelela gore le fa e le eng se se diragalang mo ntlwaneng yame ya karo, ga nkitla ke latlhegelwa ke taolo ya maikutlo a me. Ke ne ka ikana gape letsatsi leo gore ga nkitla ke tika sepe mo tšhakgalong—a ke disekalepele kgotsa mafoko.
Le gone jaanong, dingwaga tse di lesome morago, Ke iphitlhela ke ipotsa gore a sekalepele se se leswe se se neng se wetse mo seatleng sa me se ne se le borai thata go na le kganetsano e e kotsi e e amang puisano ya rona ya baagedi le dikamano tse dintsi tsa batho gompieno. Go lebega setho le boitshwaro di nyeletse mo motlheng ono wa go sa utlwane le kgotlhang e e maatla.
Go tlhapatsa, go baya melato le go bua bosula ka ba bangwe di tlwaelesegile. Digongwana ka bontsi tse di nang le kitso, mapolotiki le batlosabolutu, le barotloetsi ba bangwe ba tlhapatsa ka metlha. Ke tshwenyegile thata gore batho ba bantsi thata ba lebega ba dumela gore gotlhelele go a amogelesega go kgoba, go kgetholola, le go baya bosula mongwe le mongwe yo o sa dumalaneng le bone. Ba le bantsi ba lebega ba kgatlhegela go diga seriti sa yo mongwe ka dipuo tse di tlhomolang pelo le tse di botlhoko!
Tšhakgalo ga e ise e ke e tlhotlheletse. Bobaba ga bo age ope. Kganetsano ga ise e ke e gogele kwa ditlharabololo tse di botlhale. Ka maswabi, nako dingwe re bona maitshwaro a bo tatalala mo gare ga rona. Re utlwalela ka bao ba ba nyatsang balekane le bana ba bone, le bao ba ba dirisang diphantsho tsa tšhakgalo go laola ba bangwe, le ba ba otlhayang ba lelwapa ka “go ba tima puisano.” Re utlwa ka banana le bana ba ba kgerisang le babereki ba ba digang seriti sa badiri ka bone.
Bakaulengwe le bokgaitsadi, se ga se a tshwanela. Re le barutwana ba ga Jeso Keresete, re tshwanetse go nna sekao sa gore re ka amana le ba bangwe jang—bogolo jang fa re na le diphapaano tsa mogopolo. Ngwe ya ditsela tse di motlhofo tsa go lemoga motlhanka tota wa ga Jeso Keresete ke go bona ka bopelonomi jo a tsayang ba bangwe ka jone.
Mmoloki o tlhalositse se mo dipolelong tsa Gagwe a raya batlhanka ba gagwe mo matlhakoreng otlhe. “Go sego ba ba letlanyang,” A rialo.1 “Mang le mang yo o tlaa go itayang mo lerameng la moja, mo neele le lengwe.”2 Mme gone, o ne a re gakolola ka tsela e e re gwetlhang rotlhe: “Ratang baba ba lona, segofatsang ba ba lo hutsang, direlang ba ba lo ilang molemo, mme lo ba rapelele ba ba lo dirisang ka lenyatso le go lo bogisa.”3
Pele ga loso lwa Gagwe, Mmoloki o laetse Baaposetole ba Gagwe ba ba Lesome le bobedi go ratana jaaka A ba ratile.4 Mme ke gone A oketsa, “Ka moo batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwana ba me, fa lo ratana.”5
Molaetsa wa Mmoloki o tlhamaletse: Barutwana ba Gagwe ba boammaruri ba a agana, tsholetsana, kgothatsana, rotloetsana le go kaelana—go sa re sepe gore seemo se thata go le kana kang. Barutwana ba ga Jeso Keresete ba boammaruri ke ba ba letlanyang.6
Gompieno ke Sontaga wa Palema. Re ipaakanyetsa go ipelela tiragalo e e botlhokwa go fetisisa yotlhe e e kileng ya kwalwa mo lefatsheng, tiragalo ya Tetlanyo le Tsogo ya Morena Jeso Keresete. Nngwe ya ditsela tse di molemo go tlotla Mmoloki ke go nna ba ba letlanyang.7
Tetlanyo ya Mmoloki e dirile gore go kgonege go gololwa mo bosuleng jotlhe—ga mmogo le kganetsano. A re se tsietsege ka se: kganetsano e bosula! Jeso Keresete o boletse gore bao ba ba nang le “mowa wa kganetsano” ga se ba Gagwe, mme ke “ba ga diabole, yo e leng rraagwe kganetsano, mme [ene diabole] o fuduwa dipelo tsa batho go ganetsana ka tšhakgalo, mongwe le yo mongwe.”8 Bao ba ba diragatsang kganetsano ba kgagola tsebe mo bukeng ya ga Satane, ba lemoga le ba sa lemoge. “Ga go monna ope yo o ka direlang barena ba babedi.”9 Ga re ka ke ra direla Satane ka dipuo tse di kgobang a bo ke akanya gore re ka tswelela re direla Modimo.
Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba me ba ba rategang, ka fa re tsaanang ka teng go botlhokwa tota! Ka fa re buang ba bangwe ka teng le ka ba bangwe kwa lwapeng, kwa kerekeng, kwa meberekong, le mo maranyaneng go botlhokwa tota. Gompieno, Ke kopa gore re amane le ba bangwe ka tsela e e faphegileng, e e tshephegileng. Ka tsweetswee reetsang ka kelotlhoko. “Fa go na le sengwe se se molemo, se se rategang, kgotsa se se bolelwang se le molemo kgotsa se se tlotlegang”10 se re ka se buang ka yo mongwe—matlho a phage a lebane kgotsa a sa bonane—seo se tshwanetse go nna mokgwa wa rona wa puisano.
Fa bobedi mo wateng ya gago bo tlhalana, kgotsa moanamisa efangele a boela gae pele ga nako, kgotsa monana a tsietsega ka bopaki jwa gagwe, ga ba tlhoke katlholo ya gago. Ba tlhoka go itemogela lorato le le itshekileng la ga Jeso Keresete le le supegang mo go se o se buang le se o se dirang.
Fa tsala mo maranyaneng a na le maikutlo a a maatla a sepolotiki kgotsa a selefatshe a a ganetsanang le sengwe le sengwe se o se dumelang, phetolo ya tšhakgalo go tswa mo go wena ga e na go thusa. Go aga marogo a kutlwisisanyo go tla go lopa go le gontsi, mme ke sone seo se tsala ya gago e se tlhokang.
Kganetsano e koba Mowa o boitshepo—ka nako tsotlhe. Kganetsano e tiisa mogopolo o e seng one wa gore komano ke yone tsela ya go baakanya diphapaano; mme se ga se sone. Kganetsano ke boitshenkelo. Go dira kagiso ke boitshenkelo. Lo na le boitshenkelo jwa lona go itshenkela kganetsano kgotsa kagisano. Ke lo rotloetsa go itshenkela go nna ba ba letlanyang, jaanong le ka metlha.11
Bakaulengwe le bokgaitsadi, re ka kgona go fetola lefatshe—motho a le mongwe le kamano e le nngwe ka nako. Jang? Ka go ba tlhamela sekao sa kafa ba ka laolang ka gone diphapaano tsa nnete tsa mogopolo ka kutlwisisanyo le puisano e e nang le seriti.
Diphapaano tsa mogopolo ke karolo ya botshelo. Ke dira letsatsi lengwe le lengwe le batlhanka ba ba ineetseng ba Morena bao ka metlha ba sa boneng kgang ka tsela e e tshwanang. Ba itse fa Ke batla go itse megopolo ya bone le maikutlo a boammaruri ka tse re di buisanang—bogolo jang dikgang tse di masisi.
Bagakolodi ba me ba babedi ba ba tlotlegang, Poresidente Dallin H. Oaks le Poresidente Henry B. Eyring, ke dikai ka fa ba buang maikutlo a bone—segolo jang fa ba sa dumalane. Ba dira jalo ka lerato le ba nang le lone mmogo. Ga go ope wa bone yo o akanyang gore o itse botoka mme ka gone ka moo a tshwanetseng go femela maemo a gagwe ka gotlhe. Le fa e le ditshupo tsa tlhokego ya go gaisana. Gonne mongwe le mongwe o tletse ka lorato, “lorato lo lo itshekileng lwa ga Keresete,”12 dipuisano tsa rona di ka etelelwa pele ke Mowa wa Morena. Ka fa ke ratang le go tlotla banna ba na ba babedi ba bagolo!
Lorato ke pheko ya kganetsano. Lorato ke mpho ya semowa e e thusang go latlha motho wa tlholego, yo o boikgagapelelo, tlhogoethata, boikgantsho le lefufa. Lorato ke lone mokgwa wa konokono wa motlhanka wa boammaaruri wa ga Jeso Keresete.13 Lorato lo kaya yo o letlanyang.
Fa re ikoba fa pele ga Modimo mme re rapela ka maatla otlhe a pelo, Modimo o tla re neela ka lorato.14
Bao ba ba segofaditsweng ka neo e ya selegodimo ba bopelotelele le bopelonomi. Ga ba eletse tsa yo mongwe mme ga ba diiwe ke go nna le boikgodiso. Ga ba tenege motlhofo ebile ga ba akanyetse ba bangwe bosula.15
Bakaulengwe le bokgaitsadi, lorato le le itshekileng la ga Keresete ke karabo ya kganetsano e e re tshwenyang gompieno. Lorato lo re gogela “go rwadisanya merwalo”16 go na le go kgobelelana merwalo . Lorato la ga Keresete le le itshekileng le re letla go “ema re le basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe”17—bogolo jang mo diemong tse di masisi. Lorato lo re letla go supa ka fa borre le bomme ba ga Keresete ba buang le ka fa ba itshwarang ka teng—-bogolo jang fa ba le mo kgatelelong.
Jaanong, ga ke bue ka “Kagiso ka theko efe kapa efe .”18 Ke bua ka go amana le ba bangwe ka tsela e e tsamaelanang le go tshegetsa dikgolagano tse lo di dirang fa lo ja sakeramente. Lo solofetsa ka metlha go gakologelwa Mmoloki. Mo diemong tse di kgoberang maikutlo thata e bile di tletse kganetsano, Ke lo laletsa go gakologelwa Jeso Keresete. Rapelelang go nna le maatla le botlhale jwa go bua le go dira se a kabong A ka se dira. Jaaka re sala morago Kgosana ya Kagiso, re tla nna ba ba letlanyang ba Gagwe.
Ka nako e lo ka tswa lo akantse gore molaetsa o o ka thusa mongwe yo lo mo itseng. Gongwe ebile lo akantse gore Molaetsa o ka mo thusa gore a nne pelonomi mo go wena. Le nna ke solofela gore go tla nna jalo! Mme gape ke lopa gore lo tlaa leba mo boteng jwa pelo tsa lona go bona gore a go na le matlhasedi a boikgodiso kgotsa lefufa le le ka go itsang go nna yo o letlanyang.19
Fa o tlhoafatse ka go thusa go phutha ntlo ya Iseraele le go aga dikamano tse di tla tswelelang go ya ka bosakhutlheng, jaanong ke nako ya go beela kwa thoko bogalaka. Jaanong ke nako ya go emisa gore setlhako go lela sa gago. Jaanong ke nako ya go emisa go dira dilo tse di dirang ba bangwe go tlhokomela se ba se buang ka go tshaba go go kgopisa. Jaanong ke nako ya go epela ditšhaka tsa gago tsa ntwa.20 Fa ele gore ntwa ya gago ya puo e tletse go tlhapatsa le go baya mongwe molato jaanong ke nako ya go e seegela kwa thoko.21 O tla ema o le sekao sa semowa se se tiileng sa rre kgotsa mme wa ga Keresete.
Tempele e ka re thusa mo maitlamong a rona. Koo re apesiwa ka thata ya Modimo, e e re neelang nonofo ya go fenya Satane, ene motlhotlheletsi wa yotlhe kganetsano.22 Mo ntsheng mo dikamanong tsa lona! Ela tlhoko gape gore re kgalema moganetsi nako le nako fa re fodisa tlhoka kutlwisisanyo kgotsa re gana go kgopisega. Mme re ka supa mautlwelobotlhoko a a bonolo ao e leng mokgwa wa barutwana ba nnete ba ga Jeso Keresete. Ba ba letlanyang ba fenya moganetsi.
A re le batho re nne lesedi la nnete mo thabeng—lesedi le le “sa ka keng la fitlhiwa.”23 A re supeng gore go na le tsela e e nang le kagiso le tlhompho go rarabolola dikgang tse di thata le tsela e e lemotshitsweng ya go baakanya dipharologanyo. Fa o ntse o supa lorato leo le balatedi ba nnete ba ga Jeso Keresete ba le supang, Morena o tla godisa maiteko a gago go feta jaaka o ne o ka akanyetsa.
Letloa la efangele ke letloa le letona go fetisisa mo lefatsheng. Modimo o laleditse botlhe go tla kwa go Ene, “bantsho le basweu, bagolegwa le bagololosegileng, banna le basadi.”24 Go na le bonno jwa mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, ga go na phatlha ya kgethololo, go kgala, kganetsano ya mofuta ope.
Bakaulengwe le bokgaitsadiake ba ba rategang, tse di molemo di santse di tlaa tla mo go bao ba ba dirisang matshelo a bone go aga ba bangwe. Gompieno Ke lo laletsa go sekaseka borutwana jwa lona mo gare ga seemo sa tsela e lo amanang le ba bangwe ka yone. Ke le segofatsa gore le dire diphetogo tse di tlhokegang gore boitshwaro jwa lona e nne jo bo goleditsweng, bo tlotlang, gape e le sekao sa motlhanka wa nnete wa ga Jeso Keresete.
Ke le segofatsa go emisetsa botlhabani ka go kopa, letlhoo ka kutlwisisano, le kganetsano ka kagiso.
Modimo o a tshela! Jeso ke Keresete! O eme kwa tlhogong ya Kereke e. Re batlhanka ba Gagwe. O tla re thusa go nna ba ba letlanyang ba Gagwe. Ke paka jalo mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.
© 2023 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2023. Language. 19025 763