2023
Dithuto tsa ga Jeso Keresete
Motsheganong 2023


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2023

Dithuto tsa ga Jeso Keresete

Dinopolo

Setshwantsho
mokgabisa wa pampiri

Jaaka moperofeti Nefi a re rutile, re tshwanetse ra “ja moletlo mo mafokong a ga Keresete, gonne bonang, mafoko a ga Keresete a tlaa le bolelela dilo tsotlhe tse lo tshwanetseng go di dira.” 1 … Molaetsa wa me gompieno o akaretsa kgetho ya mafoko a Mmoloki wa rona—se A se buileng. …

“[Taelo e kgolo mo molaong ke ena:] O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.

“E ke yone taelo e kgolo le ya ntlha.

“Mme ya bobedi e tshwana le yone, O rate wa ga eno jaaka o ithata.

“Mo ditaelong tse pedi tse go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti.”2 …

“Ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, lo tshwanetse go lebelela le go rapela ka metlha, e se re kgotsa lo raelwe ke diabole, mme lo isa botshwarwa ke ene.”3 …

“Ke gone ka moo, le fa e leng se lo tlaa se dirang, lo tlaa se dira mo leineng la me; ke gone ka moo lo tlaa bitsa kereke ka leina la me.”4 …

“Jaanong se ke taelo: Ikwatlhaeng, lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe, mme tlayang kwa go nna mme lo kolobediwe mo leineng la me, gore lo ka itshepisiwa ka kamogelo ya Mowa o o Boitshepo, gore lo ka ema lo sena selabe fa pele ga me ka letsatsi la bofelo.”5 …

Re dumela mo go Keresete Ke wetsa ka se A se buileng mabapi le ka fa re tshwanetseng go itse le go sala morago dithuto tsa gagwe:

“Mogomotsi, yo e leng Mowa o o Boitshepo, yo Rara a tlaa mo romang ka leina lame, o tlaa lo ruta dilo tsotlhe, mme a lo gakolole dilo tsotlhe, le fa e le eng se ke se buileng le lona.”6

Gatisa