2010
Ga go ope yo o Senang Bokoa
Mopitlo 2010


bonana

Ga go Ope yo o Senang Bokoa

Ga ke bolo go eletsa go nna jaaka Nefae: go obamela ka kelelo, go dumela fela thata, le go nna semowa mo go tseneletseng. Mo matlhong ame Nefae e ne e le sekai go gaisa botlhe, sa tshiamo. Dilo di le mmalwa di nkgatlhile, go feta le yone kakanyo ya go gola go nna fela jaaka ene—kgotsa segolo go simolola go nna le lemmenyana fela la bogaka jwa gagwe.

Tsatsi lengwe ke ne ke na le mathatanyana, a bakilwe ke maikutlo a go tlhaela. Ke ne ke na le ditioro tota le maitlamo a mantsi thata. Mme ke ne ke lebega fela ke sa ye gope. Ka dikeledi tsa go tlhoka tsholofelo, ke ne ka ntshetsa maikutlo a mo go ntate. Gone foo o ne a emelela, a tsamaela fa mabeelong a dibuka, a bo a goga nngwe ya dikgatiso tsa gagwe tsa Buka ya ga Momone. Ntle le go bueng lefoko, o ne a e bulela kwa go 2 Nefae 4 a bo a simolola go bala temana 17

Ke ne ka betswa ke bana ba phefo mo mmeleng o kare motlakase jaaka ke ne ke reeditse mafoko a maatla a: “A monna wa khutsafalo o ke leng ene!” Dikakanyo tsame di ne tsa tlala kwa le kwa. Ga tla jang gore Nefae, mogaka wame le sekai, a re ke “monna wa khutsafalo”? Fa e le gore ke monna wa khutsafalo, seo se ntira eng?

Gape, motlakase o ne wa ragoga mo mmeleng wame jaaka ntate a ne a bala temana 28: “Tsoga, mowa wame! Se tlhole o akgega sebeng.” Go ne go utlwala mo go nna ekare maru a mantsho a a neng a le mo tlhogong yame a ne a phatlalala go senola bothito le bontle jwa loapi le le tala le le bulegileng, le letsatsi le le phatsimang. Ga go kgonege go tlhalosa tsela e temana e e sedimositseng mowa wame ka teng. Ditemana di mmalwa tsa lefoko la Modimo tse di ntladitseng ka tsholofelo, tshedimoso, le boitumelo jaaka e e dirile.

Mo temana 30, Nefae o buile sone tota se ke neng ke se akantse, fela o ne a dirisa mafoko a a tlhapileng: “Mowa wame o tlaa ipela mo go wena, Modimo wame, le letlapa la pholoso yame.” Temana e e ntsiseditse maikutlo a kagiso le malebogo ka bopelotlhomogi jo bo bonolo le lorato lwa Morena.

Ntate o ne a tswala buka a bo a tlhalosa fa ditemana tse fa gongwe di bidiwa pesalema ya ga Nefae. Go tswa foo o ne a nthuta ka bonolo gore le bagaka tota ba lefatshe ba na le makoa, le gore batho ba ba tshwanetse ba lemoga makoa a bone eseng jalo ba ka nna boikgogomoso gape, jalo, ba ka se nne bagaka.

Ke ne ka tlhaloganya. Fela ka gore ke ne ke na le makoa go ne go sa reye gore ke ne ke sa kgone go nna jaaka Nefae. Go lemoga makoa ame go ne ga nkatametsa gaufi le mofuta wa boNefae. Nefae o ne a le mogaka ka gore, go kopana le go obamela le go dumela, o ne a le boikokobetso e bile a eletsa go amogela makoa a gagwe.

Fa e sale tiragalo eo, ke ne ka somarela mafoko a a ga Nefae. Nako nngwe le nngwe fa ke a bala, ke tlelwa ke kakabalo le tshedimoso ele ya lantlha ke a bala. Ditemana tse di nkopelela gore ke ngwana wa Modimo, ke na le bokgoni go diragatsa go le gontsi thata go na le se ke se akanyetsang. Ke itse gore fa ke ka tshwarelela ka tumelo e bile ka gatela pele, masego a a sa buiweng a nkemetse.

Gatisa