2010
Go Tiisa Tumelo mo Modimong Rara le Jesu Keresete ka go Ithuta Lefoko le le Boitshepo ka Bobosi
Mopitlo 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2010

Go Tiisa Tumelo mo Modimong Rara le Jesu Keresete ka go Ithuta Lefoko le le Boitshepo ka Bobosi

Ruta mafoko a a boitshepo le dinankolo kgotsa, fa go tlhokafala, molawana o mongwe yo o tlaa segofatsang bakaulengwe ba o ba etelang. Fa bopaki ka dithuto. Laletsa ba o ba etelang go abelana maikutlo ka se ba se ithutileng.

“Fa ke sale mosha lenyalong, … ke ne ka lalediwa dijo tsa motshegare tsa bomme botlhe ba Mokgatlho wa Thuso mo lekalaneng la rona ba ba badileng Buka ya ga Momone kgotsa buka nngwe e e khutshwane ya ditso tsa Kereke. Ke ne ke setse ke le boitseme mo go baleng lefoko le le boitshepo, jalo ke bone tetla ya go ya bokopanong joo fela ka go bala buka e e khutshwane ka gore go ne go le motlhofo gape go tsaya nako e e khutshwane. Fa ke ntse ke ja dijo tsame, ke ne ka nna le maikulto aa bokete gore buka e ke e badileng e ne e siame, ke kabo ke badile Buka ya ga Momone. Mowa yo o Boitshepo o ne o nkgogela go fetola mekgwa yame ya go bala lefoko la Modimo. Lone tsatsi leo ke ne ka simolola go bala Buka ya ga Momone, e bile ga ke ise ke emise. … Ka gore ke ne ka simolola go bala tsatsi le letsatsi, ke ithutile ka Rraetsho kwa Legodimong, Morwae Jesu Keresete, le se ke tlhokang go se dira go nna jaaka Bone. …

“… Mosadi mongwe le mongwe o ka nna motlhatlhedi wa efangeli mo lwapeng lwa gagwe, gape mme mongwe le mongwe mo Kerekeng o tlhoka kitso ya efangeli ka e le moeteledipele le morutuntshi. Fa o ise o tlhabolole mokgwa wa go bala lefoko lwa Modimo, simolola jaanong e bile o tswelele go kgona go ipaakanyetsa maikarabelo a gago mo botshelong jo le jwa bosakhutleng.”1

Julie B. Beck, Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.

“Tshekatsheko ya lefoko e tlaa thusa bopaki jwa rona le jwa ba bangwe ba malwapa a rona. Bana ba rona gompieno ba gola ba dikaganyeditswe ke mantswe a a ba raelang go latlha se se siameng le go latela, mo boemong, menate ya lefatshe. Fa ese re ka nna le motheo o o tsepameng mo efangeling ya ga Jesu Keresete, bopaki jwa nnete, le maitlamo go tshela ka tshiamo, ba tsile go raelesega motlhofo ke dilo tse. Ke maikarabelo a rona go ba thatafatsa le go ba sireletsa.”2

Moporesidente Thomas S. Monson.

“Re batla bakaulengwe ba rona go nna baithuti ba lefoko. … Le tlhoka tsalano le boammaaruri jwa gagwe jo bo sa khutleng ka ntlha ya botsogo jwa lona, le ka ntlha ya go ruta bana ba lona le ba bangwe ba ba tlang mo tlhokomelong ya lona.”3

“Re batla gore malwapa a rona a segofadiwe ka bakaulengwe ba baithuti ba lefoko— o nyetswe kgotsa o sa nyalwa, o le monana kgotsa mogolo, o le motlholagadi kgotsa o nna le balwapa. Nnang baithuti ba tlhwatlhwa ba lefoko le le boitshepo—eseng go isa ba bangwe ko tlase, mme go ba tsholeletsa godimo!”4

Moporesidente Spencer W. Kimball (1895–1985).

Dintlha

  1. Julie B. Beck, “My Soul Delighteth in the Scriptures,” Liahona, Motsheganong 2004, 107–9.

  2. Thomas S. Monson, “Three Goals to Guide You,” Liahona, Ngw. 2007, 118.

  3. Spencer W. Kimball, “Privileges and Responsibilities of Sisters,” Ensign, Ngw. 1978, 102

  4. Spencer W. Kimball, “The Role of Righteous Women,” Ensign, Ngw. 1979, 102.

Dithuso tsa Thuto ya Ketelo

Mo ketelong ya gago, araba dipotso e bile o amogane tshedimoso o dirisa lefoko le le boitshepo. Fa bopaki ka fa go bala lefoko go thatafaditseng tumelo ya gago ka teng. Kopa mokaulengwe yo o mo etelang go amogana ka fa go bala lefoko la Modimo go thatafaditseng motse le lwapa lwa gagwe ka teng.

Ipaakanyo ya Gago

Johane 5:39

2 Timothy 3:14–17

2 Nefae 9:50–51; 31:20; 32:3–5

D&D 138:1–11

Gatisa