2010
Bopelokgale jwa Tshiamo
Mopitlo 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Mopitlo 2010

Bopelokgale jwa Tshiamo

Nngwe ya mesola ya botshelo jwa senama ke go itshupa fa pele ga Modimo gore re tlaa tshegetsa melao ya Gagwe fa seo se tlhoka bopelokgale. Re pasitse teko eo mo lefatsheng la semowa. Mme bongwe mo borarong jwa mophatlo wa legodimo o ganne thulaganyo ya gore ba lekiwe mo bonnong jwa senama mo go nang le kgaonagalo ya gore ba ka palelwa.

Pele ga re tsholwa, re ne re itse Modimo Rara le Morwae, Jeso Keresete, ka sebele. Re ne re kgona go ba bona le go ba reetsa jaaka ba ne ba re ruta e bile ba re kgotlhatsa. Jaanong lesire le beilwe godimo ga tlhaloganyo le kgakologelo tsa rona. Satane, rara wa maaka otlhe, o na le botlhale go re feta ka gore re tshwanetse ra bona bonnete jwa gore re bomang ka matlho a tumelo, fa mebele ya rona yone e re dira gore re gatelelwe ke thaelo le bokoa jwa senama.

Re na le thuso e ntsi go re fa kgotlhatso mo lefatsheng le. E e kgolo go di gaisa ke Tefo ya ga Jesu Keresete. Ka ntlha ya se a se dirileng, dibe di ka tlhatswiwa ka metsi a kolobetso. Re ka ntshafatsa tshegofatso eo fa re tsaya selalelo ka tumelo le ka pelo e e boikotlhao.

Dimpho tsa semowa ke thuso e nngwe gape. Re fiwa Mowa wa ga Keresete ka matsalo. Se se re fa maatla go itse fa tshono e beilwe fa pele ga rona e e ka re gogelang go botshelong jo bo sa khutleng. Lefoko la Modimo ke tshupa-tsela e e tsepameng fa re le bala le Mowa yo o Boitshepo e le mopati wa rona.

Mowa yo o Boitshepo o re letlelela go supa malebogo le go kopa thuso mo thapelong ka mokgwa o o tlhapileng le ka tshepo e re kileng ra bo re e akola le Rraetsho kwa legodimong le e re tlaa nnang le yone fa re boela kwa go Ene. Puisanyo eo le Modimo e thusa go tlosa letshogo mo dipelong tsa rona jaaka e aga tumelo le lorato lwa Rraetsho kwa Legodimong le Jesu Keresete.

Boporisita jo bo boitshepo bo re fa kgotlhatso mo tirelong ya rona. Mo ditlhomong tsa jone re amogela maatla go direla bana ba Modimo le go ema kgatlhanong le thaelo ya bosula. Fa a re bitsa go direla, re na le tshepiso e: “Mme yo o tlaa le amogelang, foo ke tlaa bo ke le teng, gonne ke tlaa tsamaya pele ga difatlhego tsa lona. Ke tlaa bo ke le mo mojeng le mo molemeng wa lona, le Mowa wame o tlaa bo o le mo dipelong tsa lona, gape baengele bame ba tlaa lo dikaganyetsa, go le tshegetsa” (D&D 84:88).

Moporofite Joseph Smith mo tirelong ya gagwe o ne a na le mabaka go ka tlala letshogo. Mme Modimo o mo file bopelokgale ka tshepiso e ya sekai sa Morena:

“Le fa o ka latlhelwa mo mosimeng, kgotsa mo diatleng tsa babolai, le katlholo ya loso ya lebana le wena; fa o ka latlhelwa lewatleng; fa matsubutsubu a ka itaya kgatlhanong le wena; fa diphefo tse di boitshegang di ka nna mmaba wa gago; fa magodimo a ka kokoana bontsho, le dilo tsotlhe tsa ipopa go go kganela tsela; le godimo ga moo, fa legano la dihele ka sebele le ka go atlhamela, itse se, morwaake, gore dilo tse tsotlhe di tlaa go fa botlhale, e bile di tlaa go siamela.

“Morwa Motho o di bone tse tsotlhe. A o mogolo go na le ene?” (D&D 122:7–8).

Modimo o re file go le gontsi go feta selekanyo go thusa go nyeletsa letshogo le go re kgotlhatsa, go sa kgatlhalesege gore re lebagane le eng mo botshelong. Jaaka re atlarela thuso ya gagwe, o ka re tsholetsa go fitlha botshelo jo bo sakhutleng jo re bo senkang.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Jesu Keresete, Moruti Morena, o boditse kgapetsa dipotso go kgotlhatsa batho go akanya ka boteng le go dirisa melawana ea neng a e ruta. …Dipotso tsa gagwe di ne di gwetlha kakanyo, tshekatsheko-mowa, le maitlamo” (Teaching, No Greater Call [1999], 68). Akanyetsa go aga le go botsa dipotso di le mmalwa go thusa batho go tlhaloganya le go dirisa nnete e e rutwang mo molaetseng o. Sekai, o ka botsa, “Ke thuso efe e Modimo a go e fileng go nyeletsa letshogo le go go fa kgotlhatso?” kgotsa “Modimo o go thusitse jang go fenya letshogo la gago?” Kgotlhatsa batho go akanya ka boteng dikarabo tsa bone pele ba ka araba.

Gatisa