2010
Motho o Mosha
Phukwi 2010


bonana

Motho o Mosha

Ke ne kanna le nako e thata ke ikutlwa gore ke amogesegile. Lelwapa lame le ne mo bosheng le dule go kgabaganya lefatshe. Wata e re gorogileng mo go yone e ne e na le setlhopha se se tona sa banana mme seo e ne ele lantlha ke nna “motho yo mosha.” Se se botlhoko ke gore kene ke tshwanelwa ke go ya sekolong se se sha, mme dikakanyo ka bofefo tsa kgabaganya mo tlhaloganyong yame “Ke ya go bapa le mang ka dijo tsa motshegare?” Gongwe ke tlaa bona mongwe kwa Kerekeng, mme ke ka seka go ronkgela yo mongwe mo tafoleng ya gagwe ya dijo tsa motshegare, bogolo jang fa kene ke sa itse gore a ba tlaa batla tota gore ebe kele koo!

Letsatsi lame lantlha le ne lelebega le tsaya nako yotlhe. Labofelo bele ya dijo tsa motshegare ya lela. Ka boiketlo ka tsena mo ntlwaneng ya dijo tsa motshegare, ka rapela go Rraestho yo o kwa Legodimong gore a nthuse gore ke bone mongwe yo ke mo itseng. Ke ne ka sheba sheba go bona gore a gona le yo ke mo itseng. Ga go ope. Jalo ke ne ka ya kwa tafoleng e e neng e le kgakajana mo ntlwaneng ya dijo tsa motshegare mme ka ja dijo tsame.

Morago ka lone letsatsi leo, Ke ne ka lemoga sefatlhego se ke se tlwaetseng. Ke ne ka bona Tafite kwa seminari mosong oo. O ne a botsa go bona dinako tsame mme o ne a bona gore rotlhe re na le dinako tse di tshwanang tsa dijo tsa motshegare. “Hei, o ne o le kae ka dijo tsa motshegare gompieno?” o ne a botsa.

“Ke ne ka ja kwa letlhakoreng kgakanyana mo ntlwaneng, Ke ne ka araba.

“Gosiame, kamoso o tle go nna le nna ka nako ya dijo tsa motshegare,“ o ne a bua.

Ke lebogela Rraetsho yo o kwa Legodimong yo o lorato, yo a itseng tsotlhe di tlhoko tsa rona gape a araba nngwe e nngwe ya dithapelo tsa rona. Gape ke lebogela motho yo mongwe yo a neng a batla go tlisa letsogo la botsalano. Sengwe se se motlhofo jaaka go laletsa se ka dira pharologanyo yotlhe.

Gatisa