2010
Ditsala tsa Boikanyego
Phukwi 2010


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phukwi 2010

Ditsala tsa Boikanyego

Nngwe e kgolo ya kgakologelo e Mmoloki a ka re e fang ke ya go re bitsa “ditsala.” Re itse fa a rata ka lorato lole tletseng botlhe bana ba ga Rraetsho yo o kwa Legodimong. Le gone go bao ba baneng ba ntse ba ikanyega mo ditirelong tsa bone go Ene, o seegetse fa thoko setlhogo se se kgethegileng. O tlaa gakologelwa mafoko gotswa mo sekesheneng ya 84 ya Dithuto le Dikgolagano: “Mme gape kelo raya kere ditsala tsame, gonne gotsweng fa ke tlaa lo bitsa ditsala tsame, go botlhokwa gore ke lofe taelo e gore lone tota jaaka ditsala tsame, ka malatsi a keneng kena nabo, Ke tsamaya go rera efangele ka maatla ame” (D&C 84:77).

Re nna ditsala tsa gagwe fa re direla ba bangwe go Ene. Ke sekai se se tletseng sa tsala eo re tshwanetseng go nna yone. O batla fela seo se gaisang go bana ba Rraetsho yo o Kwa Legodimong. Boitumelo jwa bone ke boitumelo jwa gagwe. O utlwa dilelo tsa bone jaaka e kete ke tsa gagwe gonne o duetse tlhwatlhwa ya maleo otlhe a bone, a itseela go Ene matshwanyego otlhe a bone, a tshegetsa mathata otlhe a bone, mme a utlwa ditlhologelo tsa bone tsotlhe Maikaelelo a gagwe a phepha. Ga a batle go itsege ka bo Ene mme go fa kgalalelo yotlhe go Rraagwe yo o kwa Legodimong. Tsala ka botlalo Jeso Keresete, o ka botlalo mo go feng boitumelo go ba bangwe, a sena bopelotshetlha.

Mongwe le mongwe wa rona yo a dirileng kgolaganyo ya kolobetso o solofeditse go sala morago sekai sa gagwe le go tshegetsa makgweleo ya ba bangwe jaaka a ka dira (bona Mosiah 18:8).

Mo malatsing a a latelang le tlaa nna le ditshono tse dintsi go nna tsala ya gagwe. E kanna fa o tsamaya mo tseleng e e lerole. E kanna jaaka fa o nna mo koloing ya tsela ya seporo. E kanna jaaka fa o batla setilo sa go nna mo phuthegong ya Kereke. Fa o lebeletse o tlaa bona mongwe a tshotse mekgweleo e e bokete. E kanna ya nna mekgweleo ya selelo kgotsa ya kilo. Go kanna ga bonagala go wena fela fa o rapetse gore moya o go fe matlho go bona mo dipelong le go go solofetsa go kukela godimo matsogo a a wang.

Karabo ya thapelo ya gago e kanna sefatlhego sa tsala ya bogologolo, mongwe yo o iseng o mmone ka dingwaga mme yo matlhoko a gagwe a tlang ka potlako mo tlhaloganyong le pelo le maikutlo a eketeng ke a gago. Ke kile ka nna le seo se diragala go nna. Ditsala tsa bogologolo di kile tsa nthwara go kgabaganya dimaele le dingwaga go fa thotloetso fa Modimo fela ele Ene a ba boleletseng mekgweleo yame.

Baporofeti ba Modimo ba re kopile gore re nne ditsala tsa boikanyego go bao ba batlang Kerekeng jaaka ba sokologi le go tswa le tsolo go bao ba ba duleng tseleng. Re ka dira jalo, mme re ya go dira jalo fa ka nako tsotlhe re gakologelwa Mmoloki. Fa re tshwara go fa thuso le go tsholetsa mekgweleo, O tshwara le rona. O tlaa re isa go bao ba ba tlhokang. O tlaa re segofatsa go utlwa seo ba se utlwang. Jaaka fa re ganelela mo maitekong a rona a go direla re tla nna ka pela pela re fiwe mpho ya go ikutlwa lorato la gagawe. Seo se tla re fa bopelokgale le thata ya go thusa gape le gape ka boikanyego.

Mme ka nako le ka bosakhutlheng, re tlaa utlwa boipelo jwa go amogelwa mo setlhopheng sa ditsala tsa gagwe tse di boikanyo. Ke rapelela masego ao go rona rotlhe le bone bao retlaa ba direlang.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Maloko a malwapa a ka tsaya karolo thata fa ba ka botswa go batla lefoko la tumelo le mafoko a baporofeti. (bona Teaching, No Greater Call [1999], 55). Jaaka fa o bala temana, botsa maloko a lelwapa go supa melawana e e tlaa thusang gore ba bidiwe ditsala tsa Morena.

Teaching, No Greater Call e bega gore: “Fa o na le mekgwa ya lorato la ga Keresete, o tla bo o ipaakantse botoka go ruta efangele. O tla tlhotlhelediwa go thusa ba bangwe go itse Mmoloki le go mo sala morago” (12). Supa mo temaneng melalwana e e ka go thusang gore o nne botoka mo boruting jwa ko gae. Boisanya se le mmata wa gago, mme o sekaseke ka thapelo gore o ka nna “tsala ya boikanyego” jang go bao o ba direlang.

Gatisa