2010
Go thatafatsa Malwapa le Magae
Phukwi 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phukwi 2010

Go thatafatsa Malwapa le Magae

Bala puisanyo e, mme ka fa go tlhokafalang, o e buisanye le bakaulengwe bao ba etelang. Seo ke potso e e go thusang gore o thatafatse bakaulengwe ba gago go dira Mokgatlho wa Thuso gore o tshele o nne karolo ya botshelo jwa gago.

Go tsweng mo Lefokong la Tumelo: Genesis 18:19; Mosiah 4:15; D&C 93:40; Moses 6:55–58

Go thatafatsa ka Tshono Nngwe le nngwe

“Mongwe le mongwe wa rona o mo lelwapeng lele farologanyeng. Malwapa a mangwe ana le ntate le mme le bana mo gae. Banyalani ba bangwe ga ba sa tlhole bana le bana kwa gae. Bontsi jwa maloko a Kereke ba nosi, mme bangwe ke batsadi ba banosi. Bangwe ke ba tlholagadi le ba swagadi ba tshela bale nosi.

“Go sa kgathalesege gore lelwapa la rona le lebega jang, mongwe le mongwe wa rona a ka bereka go thatafatsa malwapa a rona kgotsa go thusa mo go thatafatseng ba bangwe.

“Nako nngwe ke nna kwa gae la setlogolo sa me le lelwapa la gagwe. Mo maitsiboeng pele ga bana ba ya go robala, re ne ra nna le maitiso a lelwapa a ma khutshwane le polelo go tswa mo mafoko aa boitshepo a tumelo. Rraabo o ne a ba bolelela ka ga lelwapa la ga Lehi le kafa a neng a ruta bana ba gagwe gore ba tshwanetse go tshegetsa thata thobane ya tshipi, yeo e el eng lefoko la Modimo. Go tshegetsa thata thobane ya tshipi go tlaa ba sireletsa mme go ba ise kwa boipelong le boitumelong. Fa ba ka tlogela thobane ya tshipi, gona le kgonagalo ya go kgangwa ke metsi a noka e e leswe.

“Go kaela bana ka seo, mmaabo o ne a nna ‘thobane ya tshipi’ eo baneng ba tshwanetse go ingaparela ka yone, mme rraabo o ne a tshameka tiro ya ga diabole, a leka go gogela bana kgakala le tshireletso le boitumelo. Bana ba ne ba rata polelo mme ba ithuta gore go botlhokwa jang go ingaparela thata ka thobane ya tshipi. Morago ga mafoko aa boitshepo a tumelo e ne ya nna nako ya thapelo ya lelwapa. …

“Mafoko aa boitshepo, maitiso a lelwapa, le thapelo ya lelwapa di ka thatafatsa malwapa. Re tshwanetse go tsaya tshono go thatafatsa malwapa mme re rotloetsane go nna mo tseleng e e siameng.”1

Barbara Thompson, mogakolodi wa bobedi mo Mokgatlhong wa Thuso wa Boporesidente jwa Kakaretso.

Reka Dira Jang?

  1. Ke afe maano ao aka thatafatsang malwapa le magae ao ka abelanang le bakaulengwe ba gago? Jaaka fa o akanya diemo tsa bone, Moya o tlaa tlisa dikakanyo mo tlhaloganyong ya gago.

  2. Ke tshwetso dife tse o ka di fetolang kgwedi e tseo dika thatafatsang botoka lelwapa la gago le legae?

Go tsweng Mo Ditsong

Gotsweng kwa tshimologong ya Mokgatlho wa Thuso o nnile le kgwetlho ya go thatafatsa malwapa le magae. Moporofeti Joseph o ne a ruta phakela mo phuthegong ya Mokgatlho wa Thuso gore, “Fa o ya kwa gae, o seka wa kgotshwa kgotsa wa boisa lefoko le le sa siamang go monna wa gago, mme letla bopelontle, boineelo le lorato di apese diriro tsa gago go isa kwapele.”2

Ka 1914 Moporesidente Joseph F. Smith o ne a bolelela bakaulengwe ba Mokgatlho wa Thuso a re, “Gago na le go ikgatholosa kgotsa le fa ele go tlhoka go tlhaloganya malebang le lelwapa, … se ke sone se lekalana le leleng teng kgotsa le gaufi jwa letsogo, mme ka kukelo ya tlholego le tlhotlheletso tseo eleng tsa lekalana le ba baakanyeditse gape ba ipaakantse go fa taelo mabapi le ditiro tseo tsa botlhokwa.”3

Dintlha

  1. Barbara Thompson, “His Arm Is Sufficient,” Liahona, May 2009, 84.

  2. Dithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: Joseph Smith (2007), 369.

  3. Dithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: Joseph F. Smith (1998), xiv, 21-22.

Gatisa