2010
Masego a Tempele
Phatwe 2010


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Phatwe 2010

Masego a Tempele

Ke santse ke gakologelwa fa batsadi bame ba tsaya lelwapa la rona kwa Tempeleng e e neng e sa tswa go agwa ya Swiss, ya ntlha mo Europa, gore renne lelwapa la bosakhutlheng. Ke ne kele 16 kanako eo ebile ke le yo mmotlana mo baneng ba bane. Re ne ra khubama mmogo kwa aletareng gore re konetelelwe mo lefatsheng ka maatla a boperesiti, ka tsholofelo e monate ya gore re ka konetelelwa go isa bosakhutlheng. Ga ke kitla ke lebala sebaka seo se segolo.

Fa ke le mosimane Ke ne ke kgatlhiwa ke gore re ne re kgabaganya melelwane ya mafatshe gore re ye go konetelelwa re le lelwlapa. Mo go nna go ne go supa tsela e tiro ya tempele e kgabaganyang melelwane ya mafatshe go tlisa masego a bosakhutlheng go botlhe banni ba lefatshe. Ditempele tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Malatsi a Bofelo ya Baitshepi di agilwe ka nnete go sologela molemo lefatshe lotlhe, go sa kgathalasege lefatshe, ngwao, kgotsa sepolotiki sefe.

Ditempele ke bosupi jo bo sa fokoleng jwa gore bosiami bo tlaa fenya. Mopresidente George Q. Cannon (1827–1901), Mogakolodi wa Ntlha mo Bopresidenteng jwa Ntlha, o ne nako ngwe are, “Ngwe le ngwe ya letlapa la motheo le le beiletsweng Tempele, gape le Tempele e e fetswang … e fokotsa maatla a ga Saatane mo lefatsheng, mme e oketsa maatla a Modimo le Bomodimo.”1

Lentswa tempele nngwe le nngwe e oketsa tlhotlheletso ya bosiami mo lefatsheng, masego a magolo, ka nnete, a tla go bao ba ba tsenang mo tempeleng. Koo re fiwa lesedi le le oketsegileng le kitso mme re dire dikgolagano tse di masisi gore, ga re di sala morago, di re thuse go tsamaya mo tseleng ya borutwana. Ka bokhutswane, tempele e re ruta ka ga lebaka lele boitshepo la botshelo mme e thuse gore re tseye ka mmele le moya thata ya nnete

Ga re etele tempele re itela fela, ka fa go ntseng ka teng. Nako nngwe le nngwe fa re tsena mo thutong tse tsa boitshepo, re tsaya karolo mo tirong e masisi ya borekolodi jwa pholoso bo diretswe go botlhe bana ba Modimo ka maduo a Tefo ya o Esi wa ga Rara. Se ke direlo e e seng ya tshonaga ele ya tirelo e e boitshepo gape ele nngwe e e letlelelang rona rele batho ba senama go tsa ya karolo mo tirong ya gagwe ya go nna ba boloki mo Ntsweng la Sione.

Go bao ba ba sa kgoneng go etela tempele jaanong ka lebaka lepe fela, Ke le rotloetsa gore lo dire tsotlhe mo maatleng a lona gore lo tshegetse teseletso ya tempele e ncha. Teseletso ya tempele ke sekao sa tumelo ya rona le maikaelelo go direla Morena. Ke se kao sa lorato mo Moreneng, gonne jaaka Jeso a rutile, “E ne yo o nang le melawana ya me, mme a e tshegetse, ene ke ene yo a nthatang: mme ene yo a nthatang o tlaa ratwa ke Rara, mme Ke tlaa morata, mme ke tlaa Iponagatsa go ene” (John 14:21).

Jaaka fa seemo sa lefatshe se tshwelela ka go nna sentle ka dikago tse di boitshepo tse di kgethetsweng Morena, ke thapelo yame ya gore re tla dira karolo ya rona ya go tlisa legodimo gaufi le lefatshe ka go nna re itekanetse go tshegetsa teseletso ya tempele le go e dirisa. Jaaka fa re dira jalo, bosiami bo tlaa ka nnete bo oketsege e seng fela mo matshelong a rona le magaeng mme le mo metseng ya rona le gape mo lefatsheng ka bophara.

Ntlha

  1. George Q. Cannon, kwa “The Logan Temple,” Millennial Star, Nov. 12, 1877, 743.

Go ruta go tswa Molaetseng o

Batho ka bontsi ba ithuta botoka gape ba gakologelwa sebaka fa o tlisa maano o dirisa ditshwantsho go na le fela fa o bua (bona Teaching, No Greater Call [1999], 182). Mo sebakeng sa thuto, a kanya go bontsha setshwantsho sa tempele Morago ga go bala temana, buisanya gore ke ka goreng tempele ele botlhokwa go Mopresidente Uchtdorf. Laletsa bana ba bannye mo lelwapeng go tshwantsha setshwantsho sa lelwapa la bone kwa tempeleng

Teaching, No Greater Call e bolela gore, “Rotloetsa bao oba rutang go ipeela kgonagalo kgotsa dikgonagalo tse di ka ba thusang go tshela melawana e o e rutileng” (159). Akanyetsa mo go baleng molaetsa wa ga Mopresident Uchtdorf le lelwapa mme o laletse maloko go kwala kgonagalo ka bonosi e e tlaa ba thusang go nna ba itekaneletse go nna le go dirisa teseletso ya tempele.

Gatisa