2010
Koketso ya Tumelo le Botho jwa Tshiamo
Phatwe 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phatwe 2010

Koketso ya Tumelo le Botho jwa Tshiamo

Ithute thuto e, mme jaaka go tlhokega buisanya le bokgaitsadi bao ba etelang. Dirisa dipotso gore di go thuse go thatafatsa bokgaitsadio le go dira Mokgatlho wa Thuso gore o nne o o tshelang mo botshelong jwa gago.

Setshwantsho
Relief Society seal

Tumelo • Lelwapa • Tirelo

Gotswa mo Lefokong

Isaiah 2:2–3; D&C 109:22–23; 110:8–10

Maikarabelo a Rona ke go Nna re Itekanetse go Obamela ko Tempeleng

“Dikgolaganyo tse re di dirang le ditlhomo tsa tsone tse re di amogelang ko tempeleng di nna beche go amogelwa mo bodulong jwa Modimo. Dikgolagano tse di re tsoleletsa go feta maatla a rona le boitshoko. Re dira dikgolagano go supa tiiso ya rona mo go ageng bogosi. Re ka nna batho ba kgolagano jaaka fa re beilwe ka fa tlase ga kgolagano le Modimo. Masego otlhe a a solofeditsweng ke a rona ka tumelo mo dikgolaganong. …

“Basadi ba mo Kerekeng ba ka dirang go amogela masego a tempele?

Ka baporofeti ba gagwe, Morena o laletsa bao ba ba iseng ba amogele masego a tempele go dira gotlhe mo ba go kgonang go tlhokega go atlega go a bona. O laletsa bone bao baba setseng ba amogetse masego a go boela kgapetsakgapetsa fa go kgonagala go akola gape maitemogelo, go oketsa pono le tlhaloganyo ya polane ya Gagwe ya bosakhutleng.

“Tla re itekaneleng go nna le teseletso ya tempele. Tla re yeng kwa tempeleng go konotelela malwapa a rona goisa bosakhutleng Tla re boeleng kwa tempeleng kgapetsakgapetsa jaaka fa seemo sa rona sere letla. Tla re feng masika a rona a a tlhokafetseng tshono go amogela ditlhomo tsa thatlogelo. A re akoleng maatla a semowa le tshenolo e re e amogelang fa re etela tempele kgapetsa kgapetsa.” Tla re nneng le tumelo mme re dire rebo re tshegetse dikgolagano tsa tempele gore re amogele masego a Tefo.1

Silvia H. Allred, mokhanselara wa ntlha mo boporesidente-kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso.

Gotswa Mo Ditsong

Mopresidente Gordon-B. Hinckley (1910-2008) o rutile gore Mokgatlho wa Thuso o godile gotsweng mo keletsong ya bokgaitsadi ya go obamela mo tempeleng:

Ka sebaka sa kago ya Tempele ya Kirtland basadi bane ba bilediwa go sila china ya bone go nna matlapana a mannye go tlhakangwa le polasetara e e dirisitsweng mo lekotswaneng ya tempele, ye e tlaa tshwarang lesedi la letsatsi le ngwedi mme le galaletse lesedi leo go ntlehatsa ponagalo ya kago.

“Ka dinako tseo, fa go ne go sena madi a mantsi mme gona le tumelo entsi, ba bereki bane ba afa thata ya bone le ditshompelo go kagong ya ntlo ya Morena. Basadi bane ba ba fa dijo, tseo ba ka di baakanyetsang go gaisa. Edward-W. Tullidge o begile gore e re basadi ba santse ba roka garatine ya tempele, Joseph Smith, a ba lebeletse, o ne are, Gosima, bokgaitsadiaka, le nna le dira go tlhala diatla. Bokgaitsadi ke bone gantsi bantlha gape bale kwa pele mo go tsotlhe ditiro tse di molemo. Marea o a nna wa ntlha kwa tsogong baswi; mme bokgaitsadi ke bone jaanong ba ntlha go bereka mo teng ga tempele.’ …

“Gape kwa Nauvoo, fa tempele e ne e santse e le kafa tlase e agwa, basadi bale mmalwa bane ba tlhakana mmogo go direla banna dikipa. Ene ele mo seemong sena se eleng gore bale masome mabedi ba bone bane ba kgobokane ka Labone, 17 Mopitlo 1842, kwa kamoreng e kwa godimo ya lebentlele la Moporofeti.”2 ka jalo a simolola Mokgatlho wa Thuso.

Re ka dirang?

  1. Ke ka afa thuso efe go thusa bokgaitsadiake go baakanyetsa le go tsena tempele?2

  2. Ke ka diragatsa sekao sa boswa jwa bokgaitsadiake ba maloba jang bao ba neng ba a fa setlhabelo go fiwa masego?3

  3. Ke ka nna le masego a tempele jang?

Dintlha

  1. Silvia H. Allred, “Holy Temples, Sacred Covenants,” Liahona, Nov. 2008, 113, 114.

  2. Gordon B. Hinckley, “Ambitious to Do Good,” Ensign, Mar. 1992, 2.

Gatisa