2010
Masego a Tempele
Diphalane 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Phalane 2010

Masego a Tempele

Tempele e tlisa lebaka mo matshelong a rona. E tlisa kagiso mo meweng ya rona- e seng kagiso e e fiwang ke batho mme ele kagiso e e solofeditsweng ke Morwa Modimo fa a ne are, “Kagiso ke a le e tlogelela, kagiso yame ke a lo efa.”

Mo tempeleng re ka utlwa re le gaufi le Morena

Ke akanya gore ga gona lefelo mo lefatsheng leo ke ikutlwang ke le gaufi thata le Morena go gaisa nngwe ya ditempele tsa Gagwe tse di boitshepo. Go kwalolola poko:

Legodimong le bo kgakala jo bo kae?

Ga le kgakala.

Mo ditempeleng tsa Modimo,

Le gone fela fa re leng teng.

Morena o ne are:

“Lo seka lwa ipeela dikhumo mo lefatsheng, ko motlhwa le ruse di dubakanyang, le ko magodu a thubang mme a utswe:

“Mme ipeeleng dikhumo tsa lona kwa legodimong, ko motlhwa kgotsa ruse di ka sekeng di dubake le ko magodung a ka sekeng a thube kana a utlwe:

“Gonne kwa dikhumo tsa lona dileng gone, ke koo dipelo tsa lona ditlaa nnang teng gape.”1

Go maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Malatsi a Bofelo, tempele ke lefelo lele boitshepo mo lefatsheng go gaisa otlhe. Ke ntlo ya Morena, e bile le jaaka mokwalo mo le kotswaneng la yone o bolela, tempele ke “boitshepo go Morena.”

Tempele e a re kuka e bile e re fe bosakhutlheng

Mo tempeleng, polane e e botlhokwa ya Modimo e a rutwa. Ke mo tempeleng ko eleng gore dikgolagano tsa bosakhutlheng di dirwang gone. Tempele e a re kuka, e re fe bosakhutlheng, e eme ele pilare go botlhe go bona, mme ere supegetse kwa kgalalelong ya selesitaleng. Ke ntlo ya Modimo. Tsotlhe tseo di diragalang mo teng ga lebota ya tempele ke tse di isang godimo gape ele tsa segosi.

Tempele ke ya malwapa, nngwe ya dikhumo tseo re nang le tsone go gaisa. Morena o ne a itebagantse ka tlhamalalo fa a bua le bontate, a supa gore re na le maikarabelo a go rata banyalani barona ka dipelo tsa rona tsotlhe le go ba otla le bana ba rona. O ne a supa gore tiro e kgolo e e digaisang e rona re le batsadi re ka e dirang e diragala mo magaeng a rona, gape magae a rona a ka nna magodimo, bogolo jang fa manyalo a rona a konoteletswe mo ntlong ya Modimo.

Mogolwane Matthew Cowley yo o tlhokafetseng, yo aneng ale mo Khoramong ya Baapasetola ba ba Lesome le bobedi, o ne nako nngwe a tlotla ka maitemogelo a gagwe a mantsiboa a matlhatso a ntatemogolo mongwe yo ka letsogo mo letsogong a neng a tshwara ngwana wa ngwana wa morwaetsana mo loetong go ya letsatsing la matsalo — e seng ko diphologolong kgotsa dibaesekopong mme kwa mabaleng a tempele. Ka teseletso ya motlhokomedi mabala, bobeding joo bo ne jwa tsamaela kwa dikgorong tsa tempele. O ne a gakolola gore a beye lebogo la gagwe mo le botaneng mme a itlhome mo lebating leo le legolo. Mme ka bonolo o ne a re go ene, “Gakologelwa gore gompieno o kgomile tempele. Letsatsi lengwe o tlaa tsena mo teng.” Mpho ya gagwe go yo monnye ene e se dinekere kgotsa Aisi kherimi mme e le maitemogelo a beilweng le goisa bosakhutlheng — kamogelo ya ntlo ya Morena. O ne a kgoma tempele, mme tempele e ne ya mokgoma.

Tempele e tlisa kagiso mo meweng ya rona

Jaaka re kgoma tempele gape re rata tempele, matshelo a rona a tlaa bonegetsa tumelo ya rona. Jaaka re ya kwa ntlong ya Modimo, jaaka fa re gakologelwa dikgolagano tse re di dirang teng, re tlaa kgona gore re tshegetse diteko dingwe le dingwe mme re fenye dithaelo dinngwe le dingwe. Tempele e tlisa lebaka mo matshelong a rona. E tlisa kagiso mo meweng ya rona- e seng kagiso e e fiwang ke batho mme ele kagiso e e solofeditsweng ke Morwa Modimo fa a ne are, “Kagiso ke a le e tlogelela, kagiso yame ke a lo efa: e seng jaaka fa lefatshe le efa, Ke a ele fa. Loseka lwa lesa dipelo tsa lona gore di tshwenyege, lefa ele go boifa.”2

Gona le tumelo e kgolo gareng ga Baitshepi ba malatsi a Bofelo. Morena o re fa ditshono go bona gore a re tlaa sala morago melao ya Gagwe, gore a re tlaa sala morago mekgaphi eo Jeso wa Nasaretha a e setseng morago, gore a re tlaa rata Morena ka pelo tsa rona tsotlhe, le thata, le tlhaloganyo, le maatla, mme re rate baagisanyi ba rona jaaka re ithata.3

Ke dumela mo seaneng seo se reng “Tshepa mo Moreneng ka pelo ya gago yotlhe; mme o se ikaege mo tlhaloganyong ya gago. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago mo leboge, mme o tlaa kaela metsamao ya gago.”4

Jalo go ntse go ntse jalo; jalo go tlaa nna jalo. Fa re diragatsa tiro ya rona mme re tshepe mo Moreneng, re tlaa tlatsa ditempele tsa Gagwe, e seng fela re dira ditlhomo tsa rona fela, mme gape re na le tshono ya go dira tiro ya ba bangwe. Re tlaa khubama mo dialetareng tse di boitshepo go nna baemedi mo dikonotelelong tseo di kopanyang banyadiwa ba borre le bomme le bana ba bone go isa bosakhutlheng. Barwa le barwaetsana bao ba itekanetseng semoweng bao ba lekanang ka dingwaga tse 12 ba ka nna baemedi go bao ba ba suleng ba sena masego a kolobetso. Seo e tlaa bo ele keletso ya Rraarona yo o kwa Legodimong go nna le wena.

Kgakgamatso e ne ya direga

Dingwaga tse ntsi tse di fitileng, mophathiriaka yo o boikokobetso wa tumelo, Mokaulengwe Percy K. Fetzer, o ne a bidiwa gore a tle fe masego a bophathiriaka go maloko a Kereke ao a neng a tshela fa morago ga Lesire la Tshipi.

Mokaulengwe Fetzer o ne a ya mo teng ga lefatshe la Poland ka malatsi ao a a lefifi. Melelwane e ne e tswetswe, mme gone go sena beng gae bao ba ba neng ba letlelelwa go tswa. Mokaulengwe Fetzer o ne a kopana le Baitshepi ba Majeremane bao baneng ba tswaletswe koo fa melelwane e ne e segiwa morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi mme lefatshe leo baneng ba nna mogolone ene ya nna Poland.

Moeteledipele gareng ga Baitshepi botlhe ba Majeremane e ne ele Mokaulengwe Eric P. Konietz, yo a neng a tshela koo le mogatse le bana ba gagwe. Mokaulengwe Fetzer o ne a fa Bakaulengwe ba ga bo Konietz le bana ba bone ba ba golwane masego a phathiriaka.

E ne yare Mokaulengwe Fetzer a boela ko United States, o ne a mpitsa mme a botsa gore a ka seke a nketela. E ne yare fa a ntse mo ofising yame, o ne a simolola go lela. O ne are, “Mokaulengwe Monson, e ne ya re ke baya diatla tsame mogodimo ga ditlhogo tsa maloko a lelwapa la ga Konietz, Kene ka ba solofetsa ditsholofetso tseo dika sekeng di diragale. Ke solofeditse Bakaulengwe baa bo Konietz gore ba tlaa kgona go boela kwa gagabo kwa Jeremane, le gore ga ba kitla ba tshwarwa ke tshwetso ya lekgotlana la mafatshe ao a fentseng le gore batlaa konotelelwa mmogo ele lelwapa mo ntlong ya Morena. Ke solofeditse morwaabo gore o tlaa swetsa mmishene, e bile Ke solofeditse morwaetsana wa bone gore o tlaa nyalwa mo tempeleng ya Modimo. Nna le wena re a itse gore ka lebaka la melelwane eo e e tswetsweng, ga ba kake ba kgona go amogela tiragalo tseo tsa masego ao. Ke dirileng?”

Ke ne kare, “Mokaulengwe Fetzer, Ke go itse tota mo eleng gore ke itse fa o dirile sone seo Rraetsho yo o kwa Legodimong a neng a batla gore o se dire.” Bobeding jwa rona re ne ra khubama go bapa le tafole mme ra tshololela dipelo tsa rona go Rraetsho yo o kwa Legodimong, re supa fa ditsholofetso di filwe go lelwapa leo le tlhwaafetseng mo go tsa tempele ya Modimo le mangwe masego ao ka jaanong ba sa a boneng. Ene ka bonosi Ke ene a ka tlisang kgakgamatso eo reneng re e tlhoka.

Kgakgamatso e ne ya direga. Tumalano e ne ya bewa monwana gareng ga baeteledipele ba goromente wa Poland le baeteledipele ba Phatlhalatsa ya Feterale ya Jeremane, e letlelela banni ba Jeremane bao baneng ba kganeletswe mo kgaolong eo gore ba ye kwa Jeremane o Bophirima. Bakaulengwe ba boorra Konietz le bana ba bone bane ba ya Jeremane wa Bophirima, mme mokaulengwe Konietz o ne a nna bishopo wa wate ye baneng ba tshela mo go yone.

Lelwapa lotlhe la bo Konietz lene la ya kwa tempeleng e e boitshepo ko Switzerland. Mme kemang yo eneng ele mopresidente ya a ileng a ba amogela ka sutu e tshweu ka mabogo a a bulegileng? E ne e se ope fa e se Percy Fetzer — mophathiriaka yo a ba fileng tsholofetso eo. Jaanong, mo bokgoning jwa gagwe ele mopresidente wa Tempele ya Bern Switzerland, o ne a ba aogela mo ntlong ya Morena, go diragatsa tsholofetso eo, mme a konotelela mogatse wa monna le mosadi gotlhe le bana ba bone go batsadi ba bone.

Morwaetsana yo mmotlana o ne kgabagare a nyalwa mo ntlong ya Morena. Morwa yo mmotlana o ne a amogela pitso mme a diragatsa mmishene ka botlalo.

“Retlaa le bona kwa tempeleng!”

Go bangwe ba rona, loeto go ya tempeleng ke dikgato tse dinnye fela. Mogo ba bangwe, ke mawatle go kgabaganya le dimmaele go ya pele ga ba ka tsena mo tempeleng ya Modimo.

Dingwaganyana tse di fitileng, pele ga pheleletso ya tempele mo Aferika Borwa, ke sa ntse ke tseneletse konferense ya kgaolo mo go seo seneng se bidiwa Salisbury, Rhodesia, Ke ne ka kopana le mopresidente wa kgaolo, Reginald J. Nield. Ene le mogatse le barwaetsana ba gagwe bao ba ba ntle ba ne ba kopana le nna jaaka fa ke ne ke tsena mo chapeleng. Bane ba ntlhalosetsa gore ba ntse ba beeletsa ditsompelo tsa bone le gore ba ipaakanyetsa letsatsi leo ba ka sepelelang kwa tempeleng ya Morena. Mme, jang, tempele e ne ele kgakala thata.

Kwa pheletsong ya bokopano, barwaetsane ba bantle bao ba mpotsa dipotso kaga tempele: “Tempele e ntse jang? Gotlhe mo re go boneng ke setshwantsho.” “Retlaa ikutlwa jang fa re tsena mo tempeleng?” “Retlaa gakologelwa eng thata?” Go isa kwa aoureng Ke ne ka nna le tshono ya go buisanya le basetsana ba bane ka ga ntlo ya Morena. E ne yare fa ke ya kwa boemelong fofane, ba ne ba ntsholeletsa mabogo, mme mosetsana yo mmotlana thata o ne are, “Re tlaa go bona kwa tempeleng!”

Ngwaga morago ga moo Ke ne ka nna le tshono ya go dumedisa lelwapa la ga Nield mo Tempeleng ya Salt Lake. Mo kamoreng e e tshisibetseng ya konotelelo Ke ne ka nna le tshono ya go kopanya goisa bosa khutlheng, le ga nako, Bakaulenge boorra Nield. Mabati a ne jaanong a butswe, mme barwaetsana bao ba bantle, mongwe le mongwe wa bone a apere bosweu thwaa, a tsena mo kamoreng. Bane ba atlarela mmabo, gotswen foo rrabo. Dikeledi dine dile mo matlhong a bone, mme malebogo a le mo dipelong tsa bone. Re ne rele gaufi le legodimo. Ka bontle mongwe le mongwe o ne a ka re, Jaanong re lelwapa la bosakhutlheng.”

Se ke masego a a kgatlhisang a a emetseg bao batlang kwa tempeleng. A mongwe le mongwe wa rona a tsele ka boitekanelo, ka matsogo a sekono le dipelo tse di tsweu, gore tempele e kgome matshelo a rona le a malwapa a rona.

Legodimong le bo kgakala jo bo kae? Ke fa bopaki gore mo tempeleng tse diboitshepo ga le kgakala gotlhelele — gonne ke gone mo mafelong a kwa legodimo le kopanang le lefatshe mme Rraetsho yo o kwa Legodimong o fa bana ba Gagwe masego a a gaisang.

Gatisa