2010
Tempele e Boitshepo
Diphalane 2010


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Phalane 2010

Tempele e Boitshepo

Mo tempeleng, maloko a Kereke ao a ipaakantseng a ka tsaya karolo mo dikgolaganong tseo di isang bosakhutlheng le go feta ka pholoso tseo di senotsweng mo bathong.

Mo tempeleng reka tsaya karolo mo dikgolaganong tseo di isang bosakhutlheng le go feta ka pholoso

Go na le mabaka a mantsi ao mongwe a ka batlang go tla temepeleng ka one. Le tota tebego ya yone ka kwa ntle e fa lesedi la mabaka ao a boteng a semowa. Seo se supagala thata ka mabotana a a kwa teng. Mogodimo ga mabati a tempele go bonagala kgakololo “Boitshepo go Morena.” Fa o tsena tempeleng nngwe le nngwe e e tshwailweng, o mo ntlong ya Morena.

Mo tempeleng, maloko a Kereke ao a ipaakantseng a ka tsaya karolo mo dikgolaganong tseo di isang bosakhutlheng le go feta ka pholoso tseo di senotsweng mo bathong. Koo, mo moletlong o o boitshepo, motho o ka tlhapisiwa a otlwe e bile a fiwe ditaelo le go thatafadiwa a konotelwe. Mme fa re sena gonna re amogela masego a mmogo, re ka nna ra etelelapele bao ba ba setseng ba tlhokafetse ba sena tshono tsa go nna jalo. Mo tempeleng ditlhomo tse di boitshepo di diragadiwa mo go bao ba ba tshelang le bao ba ba suleng ka go tshwana.

Ditlhomo le mekete ya tempele di mo tlhofo di dintle gape di boitshepo

Go bala mafoko a tumelo ka kelotlhoko go senola gore Morena o ne a sa bolelele dilo tsotlhe go mongwe le mongwe. Go ne gona le ditsetlana tse di tlhomilweng tse di neng ele tsa pele mo go fiweng mafoko a a boitshepo ao. Mekete ya tempele ke nngwe ya tsone.

Ga renke re buisana ditlhomo tsa tempele kwantle ga tempele. Ga go ise goke go dirwe gore kitso ka mekete ya tempele enne fela ya batho ba ba potlana ba ba tlhophilweng, bao batla diragatsang gore ba bangwe ba seke ba ithute ka tsone. Ga go a nna yalo gotlhelele. Ka thata e kgolo re rotloetsa motho mongwe le mongwe go kgona le go ipaakanyetsa maitemogelo a tempele. Bao ba ba setseng ba tswa tempeleng ba rutilwe seo se se maleba: Letsatsi lengwe motho mongwe le mongwe yo o tshelang, yo o kileng a tshela o tlaa nna le tshono ya go utlwa efangele le go e a mogela kgotsa a gana se tempele e se fang. Fa tshono e e ganwa, kgano eo e tshwanetse gore e be ele kafa letlhakoreng la motho yoo.

Ditlhomo le mekete ya temepele di motlhofo. Di dintle. Di boitshepo. Di bewa ele le sephiri e seng gongwe di fiwe bao ba ba sa di ipaakanyetsa. Go tswa pelo ga se go ipaakanya. Dikeletso tse di tseneletseng ka bonosi ga se go ipaakanya. Ipaakanyetso ya ditlhomo e akaretsa dikgato tsa pele: tumelo, boikwatlhaelo dibe, kolobetso, tlhomamiso, boitekanelo (semoweng), le kgolo le seriti se se lekaneng ya ene yo o tlang a laleditswe jaaka molalediwa mo ntlong ya Morena.

Bao ba ba itekanetseng (semoweng) ba ka tsena mo tempeleng

Botlhe bao ba ba itekanetseng ka ditsela tsotlhe ba ka tsena mo tempeleng, koo gore ba amogelwe mo ditlhomong le kobamelong tsedi boitshepo.

Fa o na le maikutlo mangwe a tlhwatlhwa a masego a tempele le a boitshepo jwa ditlhomo tseo di diragadiwang mo tempeleng, o ka seke o batle go botsolotsa seemo se se kwa godimo ga se se tlhomilweng ke Morena sa go tsena mo tempeleng e e boitshepo.

O tshwanetse wa nna le teseletso e e ncha go amogelwa mo tempeleng. Teseletso e e tshwanetse gore e bewe monwana ke badiredi ba Kereke baba letleletsweng. Bao fela ba ba itekanetseng (semoweng) ba tshwanetse go ya tempeleng. Mobishopo wa kgaolo ya gago, kgotsa mopresidente wq lekalana o na le maikarebelo a go go botsa ka boitekanelo (semoweng) jo bo tseneletseng pele ga o fiwa ditlhomo tsa tempele. Tlhotlhomiso e ke e e botlhokwa jo bogolo, gonne ke nako ya go i tshekatsheka le motlhanka yo o tlhomilweng ke Morena mo tseleng ya botshelo jwa gago. Fa go na le sengwe se se fatlhang mo botshelong jwa gago, mobishopo wa gago o tlaa kgona go go thusa go se siamisa. Ka tsela e o ka bega kgotsa o ka thusiwa go bega boitekanelo (semoweng) go tsena mo tempeleng ka kamogelo ya Morena.

Tlhtlhomiso ya teseletso ya tempele e dirwa sephirng gareng ga bishopo le leloko la Kereke le le nang le keletso. Fana leloko le budiwa dipotso tse di batlisisang ka ga maitshwaro a botho jwa gagwe, boitekanelo (semoweng), tshephagalo ya gagwe go Kereke le badiridi ba yone. Motho o tshwanetse go supa gore o sekono mo go ikgapheng gape a tshegetsa Lefoko la Tlhalefo, a duela tsa lesome, a tshela kagisong le dithuto tsa Kereke, gape a sa ikopakopanye kgotsa a utlwelabotlhoko ditlhopha tseo di latlhegetsweng ke boammaaruri. Bishopo o laetswe gore sephiri mo go tshegetseng mathata a le mongwe le mongwe yo o tlhotlhomisiwang ke se se botlhokwa thata.

Dikarabo tseo di letlelelwang mo dipotsong tse bishopo a di botsang di tlwaelesegile go lemoga boitekanelo (semoweng) sa motho go amogela teseletso ya tempele. Fa mmatli a sa tshegetse melao kana gona le sengwe seo se sa felang ka ga botshelo jwa gagwe seo se tlhokang go baakanngwang, gotlaa bo go le botlhokwa go bontsha ikwatlhaelo dibe ya nnete pele ga teseletso e ka fiwa.

Morago ga bishopo a ka tshwara tlhotlhomiso eo, mopresidente wa seteiki le ene o tshwara tlhotlhomiso pele ga o ka fiwa ditlhomo tsa tempele.

Dithuto mo tempeleng di a tshwantshanya

Pele ga o ya ko tempeleng lwantlha, kana le fa ele gantsi o ya, go ka go thusa gore o lemoge gore dithuto tsa mo ditempeleng di dirwa ka popego ya tshwantshanyo. Morena Mongwarona wa Moruti, o re file ditaelo tsa Gagwe ka tsela e.

Tempele ke sekolo se segolo. Ke ntlo ya go ithuta. Mo tempeleng matlhasedi ke a a tshegediwang gore a nne a a siametseng taelo kaga mathata ao a semowa a a koteng. Mogolwane John A. Widtsoe yo o tlhokafetseng wa Khoramo ya Baaposetola ba ba Lesome le bobedi e ne ele mopresidente wa Mmadikolo o o neng a haphegile gape a itsege lefatshe ka bophara mo go tsa thuto. O ne a na le tshisimogo mo tirong ya tempele mme o ne are ka nako nngwe:

“Ditlhomo tsa tempele di akaretsa polane yotlhe ya pholoso, jaaka e rutwa gotsweng mo nakong le nako ke baeteledipele ba Kereke, mme e sedimosa mathata ao aleng thata go tlhaloganyesega. Ga go na tshokolo kgotsa tshokeletso mo go ruteng dithuto tsa tempele mo togomaanong e kgolo ya pholoso. Botlhale bogolo jo bo tletseng jwa khumiso semoweng ke nngwe ya boammaaruri jwa ditlhomo tsa tempele. Bontsi le go feta, tshekatsheko e e feletseng ya polane e e golang ya Efangele, e dira kobamelo ya tempele, nngwe ya ditsela tsa go nosetsa tlhaloganyo mabapi le popego ya Efangele” (“Temple Worship,” Utah Genealogical and Historical Magazine, Apr. 1921, 58).

Fa ele gore o tlaa ya tempeleng mme o gakologelwe gore thuto eo ke e e tshwantshanyang, ga o kitla o ya ka moya o o siameng mme o tswe pono ya gago e sa oketsega, oikutlwa o tlhatlhogetse, ka kitso e e oketsegileng mo go tseo eleng tsa semowa. Polane ya go ruta e siame E tlhotlheleditswe. Morena ka bo Ene, Mongwarona wa Moruti, o ne a ruta barutwana ba gagwe ka ditshwantsho — tsela nngwe ya go bapisa dilo ka tshwantshanyo tseo ka mokgwa mongwe dineng di ka nnang thata go tlhaloganngwa.

Tempele ka bo yone e nna setshwantshanyo. Fa ele gore o kile wa bona tempele bosigo, e tshubilwe dipone gotlhe, o itse gore e ka nna lefelo le le lebegang tota. Ntlo ya Morena, e tlhatshwitswe ke lesedi e emeletse mo lefifing, e nne tshwantshiso ya maatla le tlhotlheletso ya efangele ya ga Jeso Keresete e eme ele pakane mo lefatsheng le le nwelang thata mo lefifing la semowa.

Fa o sena go tsena mo tempeleng, o fetola diaparo tsa gago tsa ka kwantle mo go tse ditshweu tsa tempele. Phetolo e ya diaparo e diragala mo lefelong le go apolelwang mo go lone, ko mongwe le mongweng a fiwang loko le phatlha ya lefelo go aparela teng go le sephiri ka botlalo. Mo tempeleng keletso ya kapari e e sa fatlheng e tshegediwa ka kelo tlhoko. Jaaka fa o baya diaparo tsa gago mo lokong, o tlogela le matshwenyego a gago le difatlho koo le tsone. O gatogela go tswa mo sephiring sa lefelo le go apolelwang gone o apere bosweu, mme o ikutlwe o le mmogo le go lekalekana le bao ba ba go dikulugileng, ba apere go tshwana.

Lenyalo la tempele ke lone tlhomo ya bofelo mo tempeleng

Lona bao ba le lebileng nyalo ya tempele le ka nna la batla goitse gore go ya go diragalang. Ga re boelele mafoko a nyalo ya konotelelo ya tempele kwa ntle ga tempele, mme reka tlhalosa kamore ya konotelelo gore e ntle mo seemong sa yone, e didimetse gape e sisibetse ka semowa, mme e segofaditswe ke tiro eo e diriwang gone.

Pele ga boo-babedi batla ko aletareng go konotelelwa ka tlhomo, ke tshono ya yoo eteletsengpele go oketsa, le ya boo-babedi go amogela dikgakololo. Tse ke nngwe ya dikakanyo tse boo-babedi ba ba potlana baka di utlwang ka sebaka seo.

“Gompieno ke lenyalo la gago. O hohoma maikutlo ka lenyalo la gago. Ditempele di ageletswe ele lefelo la botshabelo mo ditlhomong tsedi ntseng jaana. Ga re mo lefatsheng. Dilo tsa selefatshe gadi bereke fa gape di tshwanetse gore di seka tsa tlhotlheletsa sere se dirang fa. Re dule mo lefatsheng go tsena mo tempeleng ya Morena. Seno e nna letsatsi la rona lele botlhokwa la botshelo jwa rona go feta.

“O ne wa tsholwa, wa lalediwa gotla lefatsheng ke batsadi bao ba neng ba baakanyeditse thabanakele ya mmopa go mowa wa gago gore o nne. Mongwe le mongwe wa lona o kolobeditswe. Kolobetso, tlhomo ya boitshepo, ke tshwantshanyo ya go tsokotswa, tshwantshanyo ya loso le tsogo ya baswi. E rotloetsa boikwatlhao le phimolo ya dibe. Sakeramente ya Selalelo sa Morena ke shahalo ya dikgolagano tsa kolobetso, mme re tlaa kgona fa re etselela, go phimolwa dibe.

“Wena, motsei, o ne wa tlhongwa boperesiti. Lwa ntlha o ne wa fiwa Boperesiti jwa ga Arone mme o ne wa tshwelela ka diofisi tseo- deacone, boruti, le boperesiti. Jalo letsatsi lene la tla ffa o bonwe o itekanetse (semoweng) go fiwa Boperesiti jwa ga Melekhesedeke. Boperisiti joo, boperisiti jo bogolo, bo tlhalosiwa ele boperesiti ka seemo sa Modimo, kgotsa Boperesiti jo bo Boitshepo ka fa morago ga maemo a Morwa Modimo (bona Alma 13:18; Helaman 8:18; Doctrine and Covenants 107:2–4). O filwe ofisi mo boperesiting. Jaanong o mogolwane.

“Mongwe le mongwe wa lona o filwe khumiso semoweng. Mokhumisong eo o amogetse peeletso e e nang le kgonego a bosakhutlheng. Mme mo go tsena tsotlhe, ka ntlha nngwe, e ne ele dikgato tsa paakanyetso ya go tla mo aletareng gotla go konotelelwa go mogatse wa monna le mogatse wa mosadi ka nako le bosakhutlheng. Jaanong o nna lelwapa, o gololesegile go tsaya tshwetso ya go tlhola botshelo, go nna le tshono ka kobamelo le setlhabelo go tlisa bana mo lefatsheng le go ba godisa le go ba otla ka tshireletso ka botshelo jwa bone mo lefatsheng; go ba bona batla letsatsi lengwe, jaaka fa o tlile, go tsaya karolo mo ditlhomong tse di botshepo tsa tempele.

“O tla ka tshosologo e bile o setse o atlhotswe gore o itekanetse (semoweng). Go amogelana mo kgolaganong ya nyalo ke maikarabelo a magolo, ao a a tlisang le one masego a a sa kalweng.”

Maatla a a konetelelang a bofelela mo lefatsheng le ko legodimong

Fa re ka tlaloganya gotlhe ditso le thuto ta tiro ya tempele, re tshwanetse go tlhaloganya gore maatla a a konetelelang ke eng. Re tshwanetse go bona, gofetanyana ka gerata, gore ke eng dinotlolo tsa tetla tsa konetelelo maatla di le botlhokwa.

“E ne yare Jeso a tla kwa lotshitshing lwa Caesarea Philippi, o ne a botsa barutwana, are, Batho bare Nna Morwa motho ke mang? …

“Mme Simon peter o ne a araba, O Keresete, Morwa Modimo yo o tshelang.

“Mme Jeso o ne are go ene, O lesego, Simon Bar-jona: gonne nama le madi ga di a go senolela se, mme Rara yo o kwa legodimong.

“Mme kare go wena, O Petoro, mme fa godimo ga letlapa le Ke tlaa aga kereke yame; mme dikgoro tsa mokoti ga di kitle di e fenya.

“Mme Ke tlaa go fa dinotlolo tsa bogosi tsa legodimo: mme sengwe le sengwe se o tlaa se bofelelang mo lefatsheng se tlaa bofelelwa kwa legodimong: mme sengwe le sengwe se o tlaa se bofololang mo lefatsheng setlaa bofololwa kwa legodimong” (Matthew 16:13, 16–19).

Peter o ne a ya go tshegetsa dinotlolo. Peter o ne a tshegetsa maatla a go konotelela, yone tetla eo e e nang le maatla a a bofelelang kgotsa a konetelela molefatsheng kgotsa a bofolla molefatsheng mme go tlaa nna jalo ko legodimong. Dinotlolo tseo ketsa Mopresidente wa Kereke- moporofeti, molebi, le mosenodi Maatla ao a a boitshepo a mo Kerekeng jaanong. Ga go sepe seo se tshegediwang ka boitshepo jo bogolo segopolwa ke bao ba itseng bo mosola jwa tetla e. Ga go sepe seo se tshwarwang ka bo gaufi. Go na le banna ba le palo potlana fela bao baneng ba letleletswe go tshegetsa maatla a mo lefatsheng ka bophara ka nako nngwe le nngwe — mo tempeleng nngwe le nngwe gona le bakaulengwe bao ba filweng maatla a go konotelela. Ga go ope yo a ka a bonang fa e se gotswa kwa go moporofeteng, molebing, le mosenoding le Mopresidente wa Kereke yaga Jeso Keresete wa Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

Moporofeti Joseph Smith are gantsi o ne a tle a budiwe potso e “A ga re kake ra bona pholoso re sa dira ditlhomo tsena tsotlhe, jalo jalo.?’ Ketlaa araba, Nnyaa, e seng pholoso yotlhe. Jeso o ne are, ‘Gona le bonno jwa magasigasi montlong ya ga Rara, mme ke ya go lo baakanyetsa.’ [Bona John 14:2.] Ntlo fana jaaka e biditswe e ka bo e ranolotswe bogosi; mme mongwe le mongwe yo o tlhatlhogisiwang kwa bonnong jwa magasigasi jo bo kwa godimo le go feta o tshwanetse gore a tshele molao wa selesetale, le molao otlhe fela” (in History of the Church, 6:184).

Tempele ke motswedi wa maatla a semowa

Tempele ke legare tota la thata ya semowa sa Kereke. Re tshwanetse ra solofela gore moganetsi o tlaa itlhakanyatlhakanya le rona rele Kereke le rona rele batho jaaka fa re senka go tsaya karolo mo tirong e e boitshepo e e tlhotlheleditsweng. Tiro ya tempele e tlisa kganetso e ntsi ka gore ke yone motswedi wa matla a mantsi a semowa go Baitshepi ba malatsi a Bofelo le Kereke ka kakaretso.

kwa peo letlapeng ya tshwayo ya Tempele ya Logan Utah, Mopresidente George Q. Cannon, ka nako eo ele wa Bopresidente jwa Ntlha, o ne a dira pego e:

“Letlapa lengwe le lengwe la motheo leo le beeletsweng Tempele, le Tempele nngwe le nngwe e e feditsweng ka maemo a Morena a a senotseng ka boperesiti jwa gagwe jo bo boitshepo, e fokotsa maatla a ga Sataane mo lefatsheng, mme e oketse maatla a Modimo le Bomodimo, e sutisa magodimo ka maatla a magolo mo boemong jwa rona, e tlise ebo e bitse tlase go rona masego a Badimo a bosakhutlheng, le bao ba ba nnang kwa pele ga bone” (in “The Logan Temple,” Millennial Star, Nov. 12, 1877, 743).

Fa maloko a Kereke a le mo mathateng kgotsa fa ditshwetso tse di botlhokwa ke re gateletse thata mo ditlhalganyong tsa rona, ke selo sa tlwaelo gore baye kwa tempeleng. Ke lefelo le le siameng go isa ditlhoko tsa rona. Mo tempeleng re ka kgona go fiwa pono ya semowa. Koo, ka sebaka sa nako eo ya tirelo ya tempele, re “kwantle ga lefasthe.”

Fa gongwe dikakanyo tsa rona di tlala ka mathata mme gona le dilo tse dintsi tse di re hupetsang ka kelelelo ka ponyo ya leitlho mo eleng gore ga re kake ra akanya sentle le go bona sentle. Kwa tempeleng lerole la tshiro le lebega le wetse tlase, mouwane le lotobo dilebega di nyelela, mme re ka “bona” dilo tseo re neng re sa kgone go di bona pele mme re bone tsela ka mathata e reneng re sa kgone go e bona pele.

Morena o tlaa re segofatsa jaaka fa re tsena ditlhomo tsedi boitshepo tsa tiro ya ditempele. Masego ao ga a ne a felela fela mo ditirelong tsa rona tsa tempele. Re tlaa segofadiwa mo medirong yotlhe ya rona.

Ditiro tsa rona mo tempeleng di re khurumetsa ka thebe le tshireletso

Ga gona tiro epe e e sireletsang mo Kerekeng go gaisa tiro ya tempele le tshekatsheko ya ditso tsa lelwapa eo e e rotloetsang. Ga gona tiro epe e e itshekisang semoweng. Ga gona tiro epe e re e dirang e e re fang maatla a mantsi. Ga go na tiro e e tlhokang mokgele o mogolo wa tshiamo.

Ditiro tsa rona mo tempeleng di re khurumetsa ka thebe le tshireletso, gotlhe ka bonosi le rele batho.

Jalo tlang tempeleng — tlang le tle go tsaya masego a lona. Ke tiro e boitshepo.

Gatisa