2010
Mpho ya Selegodimo ya Malebogo
Ngwanatsele 2010


Molaetsa wa Bopresidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2010

Mpho ya Selegodimo ya Malebogo

Pelo ee itumetseng … e tla go tsweng go supa malebogo go Rara wa rona yoo kwa legodimong ka masego a Gagwe le bao ba re dikologileng ka gotlhe ba go neelang mo matshelong a rona.

Seno e ne ele karolo e e gakgamatsang. Fa Ke ne ke tlhongwa Moporesidente wa Kereke, Ke ne ka re, “Ke tlaa tsaya thomo e le nngwe ka bo nna. Ke tlaa nna mogakolodi wa Khwaere ya Thabanakele.” Ke ikgantsha tota ka khwaere e ya me!

Mme o kile a re go nna, “Tommy, Ke ikgantsha tota ka tsotlhe tse o di dirileng. Mme Ke na le kakgelo go e dira go wena. O ka bo o nnile le piano.”

Ka jalo ka ya fa pianong mme ka motshamekela nomore ngwe: “Ka jalo re ya,[ka jalo re ya] go moletlo wa matsalo.”1 Ke bo ke mo atla mo phatleng, mme ene a ntlamparela.

Ke a mo akanya. Ke akanya ka rre. Ke akanya ka botlhe Batshwara Thata-Kakaretso bao ba nthotloeditseng, le ba bangwe, go akaretsa batlholagadi ba ka ne ka baetela — ba le 85 — le koko ya sethuthafatsi, nako tse dingwe matsananyana go tsenya mo kgwatlheng.

Ke ne ka etela a le mongwe bosigo bongwe. E ne ele bosigogare, mme Ka tsena montlung ya tlhokomelo, mme motlokomedi a re, “Ke solofela fa a robetse, mme o mpoleletse gore ke netefatse go mo tsosa, gonne a re, ‘Ke a itse o tlaatla.’”

Ka tshwara matsogo a gagwe; a bitsa leina la me. O ne a tsogile tota. O ne a gatelala matsogo a me kwa molomo mme a re, “Ke itsile gore o tlaatla.” Ke ne ke ka seka ka tla jang?

Mmino o o monate o nkgoma ka tsela e ntseng jalo.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, re utlwile melaetsa e tlhotlheleditsweng ya nnete, ya tsholofelo, le ya lorato. Dikakanyo tsa rona difetogetse go Ene yo o re letlanyeditseng dibe, yoo re bontshitseng tsela ya go tshela le go rapela, le yoo re supegeditseng ka bo Ene ditiro tsa masego a tirelo — e leng Morena wa rona le Mmoloki, Jeso Keresete.

Mo bukeng ya ga Luke, kgaolo 17, re bala ka Ene:

“Mme go ne ga diragala gore, jaaka a ne a ya Jerusalema, a feta fa gare ga Samaria le Galilee.

“Mme jaaka a ne a tsena mo motsaneng mongwe, koo [a kopana] le banna ba le lesome ba lepero, baemetse kgakajana:

“Mme ba tsholetsa mantswe a bo ne, mme ba re, Jeso, Morena, re utlwele botlhoko.

“Mme fa a ba bona, a re go bo ne, Tsamayang le ye go itshupa kwa baperesiting. mme ga diragala, gore, jaaka ba tsamaya, ba nna phepa.

“Mme mongwe wa bone, fa a bona fa a fodile, a boela morago, mme ka lentswe le le kwa godimo a galaletsa Modimo,

“Mme a wa ka sefatlhego sa gagwe fa dinaong tsa gagwe, a mo fa ditebogo: mme ya bo e le MoSamaria.

“Mme Jeso a araba ka go re, Go ne go se lesome ba ba phepafaditsweng? ka jalo ba ba borobabongwe ba kae?

Ga bao ba ba boileng go neela Modimo kgalaletso, fa e se yo o sa itsiweng.

“Mme a mo raya a re, Emelela, tsaya tsela ya gago, tumelo ya gago e go itshepisitse.”2

Go yeng ka tsenelela ga selegodimo bao ba neng ba na le lepero ba bolokwa mo bo setlhogong, go nneng ga leso le go fiwa tetla e ntsha ya botshelo. Go neela malebogo ga a le mongwe go tlisitse masego a Morena; go sa supeng malebogo ga ba le borobabongwe, maswabi a Gagwe.

Bakaulengwe le bokgaitsadi, a re gakologelwa go fa ditebogo go masego a re a amogelang? Fa ka nnete re neela ditebogo ga dire thuse fela go lemoga masego a rona, mme gape a bula dipati tsa legodimo le gore thusa go utlwa lorato la Modimo.

Tsala e rategang Moporesidente Gordon B. Hinckley o ne a re, “Fa o tsamaya le malebogo, ga o tsamaye le boikgogomoso le bo itebo kanosi le boikgagarupela, o tsamaya ka mowa wa go neela ditebogo o o tlang ko go wena le go segofatsa matshelo a lona.”3

Mo bukeng ya ga Mathaio mo Baebeleng, re nale nngwe ya letlotlo la malebogo, mo nakong e e le le supiwang ke Mmoloki. Jaaka Ane a tsamaya mo nageng malatsi a mararo, batho ba bafetang 4,000 ba mo setse morago le go tsamaya le Ene. O ne a nnale kutlwelobotlhoko mo go bo ne, ka gongwe ga ba a ja malatsi otlhe a mararo ao. Barutwana ba Gagwe, le go ntse jalo, ba botsa, “Re tlile go tsaya kae borotho jo bo kalo mo nageng, go jesa matshwititshwiti a batho?” Jaaka bontsi jwa rona, barutwana ba bona fela se setlhokegang.

“Mme Jeso o ne a ba raya a re, le na le dilofo di le kae? Mme [barutwana] ba re, Tse Supa, le ditlhapi tse dipotlana dile dinnye.

“Mme [Jeso] a laela matshwititshwiti a batho go nna fa fatshe.

“Mme a tsaya dilofo tse supa le di tlhapi, le go fa ditebogo, le go dikgaoganya, mme a neela balatedi, mme balatedi go matshwititshwiti a batho.

Lemoga gore Mmoloki o neetse ditebogo ka se ba ne ba na naso — mme dikgakgamatso tsa latela: “mme botlhe ba a ja, mme ba kgora: mme ba tsaya mangatho a dijo tse di neng di setse ditlatlana tse supa di tletse.4

Rotlhe re na le maitemogelo mo nakong fa reela tlhoko se re se tlhokang go nale le masego a rona. Ga re Epictetus moithutatlhaloganyo wa Mogerika, “Ene e le monna yoo botlhale yoo a neng a sa utlwe botlhoko mo dilong tse a senang tsone, mme a itumelela tseo a nang natso.”5

Malebogo ke molawana wa selegodimo. Morena o ne a buwa go tsweng tshenolo e e neetsweng Moporofiti Joseph Smith:

“O tla fa Morena Modimo wa gago ditebogo mo sengweng le sengweng. …

“Mme ga go sepe se motho a kgopisang Modimo, kgotsa kgatlhanong le seo bogale jwa gagwe bo a setukelang, fa e se fela bao ba sa buweng matsogo a gagwe mo sengwe le sengweng.6

Mo Bukeng ya ga Momone re bolelelwa go “tshela mo go neeleng ditebogo malatsi otlhe, ka mautlwelo botlhoko a mantsi le masego ao [Modimo] a go abetseng go wena.”7

Kgatlhanong le diemo tsa rona, mongwe le mongwe wa rona o nale se sentsi go se lebogela fa re ka ema le go tlhatlhanya ka masego a rona.

Se ke nako ya kgakgamatso go nna mo lefatsheng. Fa go santse go nale mo gontsi mo go phoso mo lefatsheng jaanong, go nale dilo tse dintsi tse di siameng le tse di molemo. Go na le manyalo a dirang sentle, batsadi ba ba ratang bana ba bo ne le go intsha setlhabelo, ditsala tsedi kgathalang ka rona le gore thusa, baruti ba rutang. Matshelo a rona a segofaditswe ka tsela e e sa balegeng.

Re ka itsholetsa le ba bangwe ka jalo fa re gana go sala mo seemong sa dikakanyo tse dilolea le go tlhagolela mo go rona mokgwa wa malebogo. Fa go sa fe malebogo go balelwa mo go maleo a tlhoafetseng, ka jalo malebogo a tsaya lefelo mo go khethegileng ga tshiamo. Mongwe o kile a re “malebogo ga se fela tshiamo e e tona, mme ke motsadi wa botlhe.”8

Re ka tlhagolela jang mo dipelong tsa rona mokgwa wa malebogo? Moporesidente Joseph F. Smith, Moporesidente wa Kereke wa borataro, o file karabo. One a re: “Monna yo o itumetseng o bona tse dintsi mo lefatshe go dilebogela, le mo go ene molemo o ketefalela bosula. Lorato lepalela letlhoo, le lesedi le kgweeletsa lefifi ko ntle ga botshelo jwa gagwe.” O tswelela: “Boikgogomoso bo senya malebogo le go beela go ikgagapelela mo lefelo la teng. Ka fa re itumelang ka gone mo boleng teng fa re itumetseng le go rata mebele e tshidileng, le ka fa re tshwanetseng go tlhagolela, ka tsela ya botshelo jwa thapelo, mokgwa wa ditebogo go Modimo le motho!”9

Moporesidente Smith o re bolelela gore botshelo jwa thapelo ke senotlolo sa go nnale malebogo.

A go nna le dilwana go re direla boitumelo le re itumetse? Gongwe ka nakwana. Le go ntse jalo, dilo tseo tse di fang boteng le boitumelo jo bo sa feleleng le malebogo ke dilo tse madi a ka se di rekeng: malapa a rona, efangele, ditsala tsedi molemo, botsogo jwa rona, bokgoni jwa rona, le lorato le re le amogelang mo go bao ba re dikaganyeditseng. Le fa gontse jalo, tse dingwe tsa dilo tse re itetlelelang go ditsaya motlhofo.

Mokwadi wa Sekgowa Aldous Huxley o kwadile, “Batho ka bontsi ba na le bokgone jo bosa feleleng go tsaya dilo motlhofo.”10

Makgetlho a mmalwa re tsaya motlhofo batho ba barileng bao ba tshwanetsweng ke malebogo a rona. A re seka ra ema go fitlha go nna thari go supa malebogo ao. Go buwa ka ba a baratang ba tlhokafetse, monna mongwe a buwa ka go ikwatlaa ka tsela e: “Ke gakologela malatsi ao a boitumelo, le makgetlho a mmalwa Ke eletsa go buwa mo ditsebeng tsa baswi malebogo ao a ba tshwanetseng fa ba ne ba tshela, mme botlhoko bo mmpoetse.”11

Go tlogelwa ke ba o re baratang go tlisa boikotlhao mo dipelong tsa rona. A re fokotseng maikutlo ao jaaka go ka kgonega ka gore nako tsotlhe re supe lorato la rona le malebogo go bo ne. Ga re itse go leng ke gone go tla nnang thari.

Pelo ee itumetseng, jalo, e tla go tsweng go supa malebogo go Rara wa rona yoo kwa legodimong ka masego a Gagwe le bao ba re dikologileng ka gotlhe ba go neelang mo matshelong a rona. Se se batla maatla a tlhaloganyo — gone go fitlhelela re ithuta ka nnete le go tlhagolela mokgwa wa malebogo. Makgetlho a mmalwa re ikutlwa malebogo le go batla go supa ditebogo tsa rona mme re lebale go dira jalo kgotsa re sa nne teng go dira. Mongwe o kile a re “go ikutlwa malebogo mme o sa a supe go tshwana le go bofa mpho mme o seke o efe.”12

Fa re kopana le dikgwetlho le mathata mo matshelong a rona, go thata go tsepama mo masegong a rona. Le go ntse jalo, fa re ka kgoma ko boteng le go lebelela thata mo go tlhokegang, re tlaa kgona go ikutlwa le go lemoga tota ka fa re filweng ka teng.

Ke lo ngathela letlotlo la lelwapa lengwe le le kgonneng go bona masego mo gare ga dikgwetlho tse di tseneletseng. Se ke letlotlo le Ke le badileng dingwaga tse dintsi tsedi fitileng mme ke le beile gonne molaetsa yoo le o senolang. O kwadilwe ke Gordon Green mme ya tlhaga mo Koranta ya Amerika go feta dingwa the 50 tse di fitileng.

Gordon o bolelela ka fa a goletseng kwa masimong ka teng mo Canada, ko o ene le bokgaitsadie ba neng ba tshwanelwa ke go itlhaganela lwapeng go tswa sekolong fa bana ba bangwe ba tshameka bolo le go ya go thuma. Rraabo, lefa gontse jalo, o ne a nale bokgoni jwa go ba thusa go tlhaloganya gore tiro ya bo ne e kgobokanyetsa sengwe. Se e ne ele nnete bogolo jang morago ga nako ya thobo fa lelwapa le ipelelela Neelo ya ditebogo, go nne mo letsatsing le o rraabone o ba fa mpho e kgolo. O tsaya tshekatsheko ya tsotlhe tse banang natso.

Mo maphakeleng a Neelo ya ditebogo o ba tsaya go ya motomong wa diapole, ditanka tsa ditloo,kherotse dipakilwe mo motlhabeng, le dithaba tsa dikgetsitsa ditapole le tsone le diphisi, mmidi, dinawa, jelisi, murubere, le sengwe le sengwe se beilwe go tlatsa dishelofo. O ne a letla bana go bala sengwe le sengwe ka kelotlhoko. Ba bo ba tswela kwa ntle ka mabelong le bona gore tlhaga e kana kang le gore go nale e kana kang mo seraleng. Ba bale dikgomo, dikolobe, dikoko, thekhi, le digeese. Rraabone o ne are o batla go bona kafa di emeng ka gona, mme ba itse sentle gore o batla gore ba lemoge gore mo letsatsi leo la dijo ka fa khumo e Modimo a ba segofaditseng ka yone le go nyenye ka dioura tsa bo ne tsa tiro. La bofelo, fa ba nna fa fatshe go ja dijo tse mmaabone a di baakantseng, masego ao e ne ele sengwe se ba se utlwileng.

Gordon o supile, lefa gontse jalo, gore Neelo ya ditebogo ye a e gakologelwang thata ka go leboga ke ngwaga yo o neng o lebega ba sena sepe se ba ka se lebogelang.

Ngwaga e simolotse sentle: ba na le tlhaga e setseng, dipeo tse di ntsi, dilithara tse nne tsa dikolobe, mme rraabone a nale madi a mannye a segetse fa thoko gore nako nngwe a reke sedirisiwa se se pakang tlhaga — moshine o o gakgamatsang o balemi ka bontsi ba lorang go nna nao. Ke ngwaga e gape e motlakase o ne wa tla motoropong ya bo ne — e seng tota kwa go bo ne gonne ba ne ba sa kgonne.

Bosigo bongwe fa mmaagwe Gordon a dira tiro e tona ya go tlhatswa, rraagwe a tsena le go tsaya tshono ya gagwe ya boto e tlhatswetsang mme a kopa mosadi go itheetsa le go roka. Ene a re, “O tsaya nako e ntsi o tlhatswa go na le e go robala. Ao akanya gore re ka emanyana mme ra tsaya motlakase?” La fa a ne a itumetse ka mogopolo oo, o ne a rothisa keledi kgotsa tse pedi fa akanya ka sedirisiwa se se pakang tlhaga se se ka rekwang.

Ka jalo mogala wa motlakase wa ya tseleng ya bo ne ngwaga oo. Le fa e ne ese sepe se magasigasi, ba reka moshine o tlhatswang o berekang ka bo o ne tsatsi lotlhe le dipone tse di bonesang thata go tswa gongwe le gongwe mo siling. Go ne go se dipone tse di tshelwang leokwane, go se mogala wa lebone o o kgaolwang, go se sethibela mosi se tlhatshwang. Lebone la ya ka setu ka khaboteng.

Go tla ga motlakase mo tshimong ya bo ne e ele sengwe sa bofelo se sentle se se ba diragaletseng ngwaga oo. Jaaka fela fa dijalo tsa bone di simolola go tlhoga mo mmung, pula ya simolola. Fa metsi a simolola go kgala, go ne go se semela gope se se setseng. Ba jwala gape, mme pula e ntsi ya beletsa dijwalo mo lefatsheng. Ditapole tsa bo ne dibolela mo dithetseng. Ba rekisa dikgomo dingwe tsa bo ne le dikolobe tsotlhe le diruiwa tsotlhe tse banang natso tse ba neng ba batla go nna natso, di rekwa ka tlhwatlhwa ee ko tlase gonne mongwe le mongwe o ne a dira jalo. Tsotlhe tse ba di robileng ngwaga oo e neele digwere tse dineng di bopame ke matsubutsubu.

Ka jalo ya nna Neelo ya Ditebogo gape. Mmaabone a re, “Gongwe re ka e lebala ngwaga oo. Ga re nale fa ele nonyane epe ya metsi e setseng.”

Mo maphakeleng a Neelo ya ditebogo, le fa gontse jalo, rraagwe Gordon a tla a tshotse mmutla o tsebe ditelele mme a kopa mosadi go o apaya. Le fa a ngosela a simolola tiro, a supa go tlaa tsaya lebaka go apaya selo se thata se sa bogologolo. Fa jaanong e le mo tafoleng le dingwe tsa digwere tse difalotseng, bana ba gana go ja. Mmaagwe Gordon a lela, mme rraagwe a dira sengwe se sa itsiweng. A ya kwa khaboteng, a tsaya lebone la leokwane, a tsaya a isa kwa tafoleng, mme a le tshupa. A bolelela bana gore ba ye go tima dipone tsa motlakase. Fa gone go nale le lebone gape, ba seka ba kgona go dumela gore gone go le lefifi jalo pele. Bagakgamalela gore ga baisi ba bo ne sepe se sena lesedi le le galalelang jalo le dirwa ke kgonego ya motlakase.

dijo di ne tsa segofadiwa, mme mongwe lemongwe a ja. Fa dijo di fela, botlhe ba nna ka tidimalo. Go kwala Gordon:

“Mo boikokobetsong jwa lesedi le lennye la lebone le legologolo re ne ra simolola go bona sentle gape. …

“E ne [ele] kapei e rategang. Mmutle o ditsebe ditelele o ne o na le tatso ya thekhi le digwere di ne di siame re sa gakologelwe. …

“… [Lapa [la rona] … , mo go tsotlhe le ditlhokang, le ne le humile [go] rona.”13

Bakaulengwe le bokgaitsadi, go supa malebogo go matlhogonolo le tlotlo, go dira malebogo go kgethegile le tlotlego, mme go tshela ka malebogo nako tsotlhe mo dipelong ke go kgoma legodimo

Jaaka Ke tswala maphakela ano, ke thapelo ya me go tlhakanya le tsotlhe tse re di itumeletseng, re nne re senola malebogo a rona go Morena wa rona le Mmoloki, Jeso Keresete. Efangele e e galalelang e fa dikarabo go dipotso tse dikgolo tsa botshelo: Re tswa ko kae? Re batlang fa? Mowa wa rona o ya kae fa re swa? Efangele e e tlisa go bao batshelang mo lefifing lesedi la nnete ya selegodimo.

O re rutile go rapela. O re rutile go tshela. O re rutile go swa. Botshelo jwa gagwe ke mpho ya lorato. Balwetse o ba fodisitse; ba bagatakilweng o ba tsholeditse; baleofi o ba bolokile.

Kgonego e tona, O eme a le nosi. Baapositoli bangwe banyatsa; yo mongwe a mo rekisa. Masole a Roma ba mo tlhaba mo le tlhakoreng. Dilalome tse di tenegileng tsa mo gapela botshelo. Jalo ga sekela go tswa lentsweng la Gologota mafoko a kutlwelobotlhoko: “Rara, baitshwarele, go nne ga baitse se ba sedirang.’14

Ke mang yoo “monna wa mahutsana, … a tlwaetse khutsafalo”?15 “Ke mang Kgosi e ya kgalalelo,”16 yo Morena wa barena? Ke Morena wa rona. Ke Mmoloki wa rona. Ke Morwa Modimo. Ke Mosimolodi wa Poloko ya Rona. O gatelela, “Ntshale morago.”17 O laela, “Tsamaya, mme o dire jalo.”18 O kopa, “Obamelang melawana yame.”19

A re mo sa leng morago. A re kopiseng sekai sa Gagwe. A re obameleng mafoko a Gagwe. Fa re dira, re mo neela mpho ya selegodimo e bong malebogo.

Nnete ya me, thapelo ya maikutlopelo ke gore re ka bongwefela jwa matshelo re senole tshiamo ee gakgamatsang ya malebogo. A e tsenelele mo go yone mebele e tshidileng, jaanong le ka bosakhutleng Mo leineng le le boitshepho la ga Jeso Keresete, Mmoloki wa rona, amen.

Dintlha

  1. John Thompson, “Birthday Party,” Teaching Little Fingers to Play (1936), 8.

  2. Luke 17:11–19.

  3. Teachings of Gordon B. Hinckley (1997), 250.

  4. Bona Mathaio 15:32; ditlhalo ditsentswe.

  5. The Discourses of Epictetus; with the Encheiridion and Fragments, trans. George Long (1888), 429.

  6. Dithuto le Dikgologano 59:7, 21.

  7. Alema 34:38.

  8. Cicero, in A New Dictionary of Quotations on Historical Principles, sel. H. L. Mencken (1942), 491.

  9. Joseph F. Smith, Gospel Doctrine,5th ed. (1939), 263.

  10. Aldous Huxley, Themes and Variations (1954), 66.

  11. William H. Davies, The Autobiography of a Super-Tramp (1908), 4.

  12. William Arthur Ward, in Allen Klein, comp., Change Your Life! (2010), 15.

  13. Adapted from H. Gordon Green, “The Thanksgiving I Don’t Forget,” Reader’s Digest, Nov. 1956, 69–71.

  14. Luke 23:34.

  15. Isaia 53:3.

  16. Pesalema 24:8.

  17. Mathaio 4:19.

  18. Luke 10:25–37.

  19. Johane 14:6.

Gatisa