2010
Dithuto tsa Nako ya Rona
Ngwanatsele 2010


Dithuto tsa Nako ya Rona

Boperesita jwa Melekiseteke le Mokgatlho wa Thuso mo Sontageng wa bone e tlaabo ikgethela mo “Dithuto tsa Nako ya Rona” Thuto engwe le ngwe e ka baakanyediwa mo puo engwe kgotsa dipuo tse mmalwa mo phuthego kakaretso ya bosheng. Boporesidente ba Seteiki le kgaolwana ba ka tlhopha dipuisano tse ditla dirisiwang, kgotsa ba ka neela bobishopo le boporesidente ba makala maikarabelo ao. Baeteledipele ba tshwanetse go gatelela boleng jwa bakaulengwe mo Boperesita jwa Melekiseteke le bokgaitsadi mo Mokgatlho wa Thuso go ithuta dipuisanyo dile dingwe mo Sontageng yoo.

Bao batlang thutong ya Sontaga wa bone ba rotloediwa go ithuta le go tlisa montlung ya borutelo buka ya kgatiso ya phuthego kakaretso.

Megopolo go Ipaakanyetsa Thuto go tsweng Dipuisanyong

Rapela gore Mowa o o Boitshepo o nne le wena jaaka o ithuta le go ruta puisanyo (dipuisanyo). O ka nna wa raelesega go baakanyetsa thuto e o dirisa didirisiwa di sele, mme puisanyo tsa phuthego di mo lenaleo le laotsweng. Thomo ya gago ke go thusa ba bangwe go ithuta le go tshela efangele e e rutwang mo phuthego kakaretso ya bosheng ya Kereke.

Lebelela puisanyo (dipuisanyo), o batla melawana le dithuto tse dikgotsofatsang letlhoko la maloko a tlelase. Gape lebelela metshameko,kaedi ya mafoko aa boitshepo, le ditemana go tsweng puisanong (dipuisano) tse ditla go thusang go ruta nnete ee.

Dira metlhale ya gore o tla ruta jaang melawana le dithuto tse. metlhale ya gago e tshwanetse go akaretsa dipotso tse tla thusang maloko a tlelase:

  • Go leba melawana le dithuto mo puisanyong(dipuisanyong)

  • Go akanya ka ditlhaloso tsa tsone.

  • Ngathelana go tlhaloganya, megopolo, maitemogelo, le bopaki.

  • Go diragatsa melawana le dithuto tse mo matshelong a bo ne.

Dikgwedi

Di dirisiwa tsa Thuto ya Sontaga sa Bone

Ngwanatsele 2010– Moranang 2011

Dipuisanyo e anamisitswe Ngwanatsele 2010 Liahona *

Tlhakole 2011–Phalane 2011

Dipuisanyo e anamisitswe Tlhakole 2011 Liahona*

Gatisa