2011
Ga A Yo Fa, O Tsogile
Moranang 2011


Molaetsa wa Boporesidente Jwa Ntlha, Moranang 2011

Ga A Yo Fa, O Tsogile

Gompieno ke matlotla fela ao a emeng ka Khaperenamo, toropokgolo eo ya lotshitshilokadiba, boremelelo jwa boruti jwa Mmoloki jwa Galalia. Koo O rerile kwa senagogeng, a ruta kwa letlhakoreng la lewatle, mme a fodisa mo magaeng.

Kwa tshimologong ya boruti jwa Gagwe, Jeso o ne a tsaya temana gotswa go Isaiah: “Moya wa Morena Modimo o mo go nna; ka gore Morena o ntlotse go rera madume a molemo go bao ba ba boikokobetso; o nthumile go bofelela bao ba thubegileng dipelo, go bega kgololo go ba tshwarwa, le go bula dikgolegelo go bao ba ba bofeletsweng” (Isaiah 61:1; bona gape Luke 4:18) — pego e sekono ya polane ya selegodimo go falodisa barwa le barwaetsana ba Modimo.

Mme thero ya ga Jeso kwa Galalia e ne ele fela tshimologo. Morwa Motho o nnile ka nako tsotlhe phuthego e boifisang go e tshegetsa kwa thabeng e bidiwa Goegotha.

A tshwarwa mo Tshimong ya Gethesemane morago ga Selalelo sa Bofelo, a tlogetswe ke Barutwana ba Gagwe, o kgwetswe mathe, a bogisitswe, Jeso o ne a phutholola ka fa tlase sefapaano sa Gagwe se segolo go ya Khalefari. O ne a tswelela gotswa phenyong go ya ko thaelong, teketong, le loso mo sefapaanong.

Mo mafokong a pina ya “Toropokgolo e Boitshepo”

Ponatshego e ne e fetotswe. …

Maphakela a ne a le tsididi a le serame,

Jaaka fa moreti wa sefapaano o tsoga

Godimo ga thaba e e bodutu.1

Go rona Rraetsho yo o kwa Legodimong o ne a re file Morwaagwe. Go rona Mogolwaarona morwarre o ne a fa botshelo jwa Gagwe.

Ka nakwana ya bofelo Mongwarona o ne a ka nna a boela morago. Mme o ne A seka. O ne a feta tlase ga sengwe le sengwe gore A boloke sengwe le sengwe: losika lwa motho, lefatshe, le botshelo jotlhe joo bo kileng jwa nna teng.

Ga go mafoko ape mo bogosing jwa Sekeresete ao a rayang thata gonna gona le ao a builweng ke mongele go Marea Magatalena yo a neng a lela le Marea yo mongwe jaaka bane ba atumela phuphu go tlhokomela mmele wa Morena wa bone: “Ke eng lo senka motshidi gareng ga baswi? Ga a yo fa, o tsogile” (Luke 24:5–6).

Ka pego e, bao ba kileng ba tshela mme ba swa, bao jaanong ba tshelang mme nako nngwe ba tlaa swang, le bao ba ba tla santseng ba tla tsholwa mme ba emele go swa ba falodisitswe.

Ka maduo a phenyo ya ga Keresete godimo ga lebitla, rotlhe re tlaa tsoga baswing. Se ke thekololo ya motshidi. Paulo o ne a kwala:

“Go na le … mebele ya Selesetale, le mebele ya theresetale: mme kgalalelo ya selesetale e nngwe, le kgalalelo ya theresetale ke enngwe.

“Go na le kgalalelo e nngwe ya letsatsi, mme enngwe ke kgalalelo ya ngwedi, mme enngwe ke kgalalelo ya dinaledi: gonne naledi enngwe e farologana le naledi enngwe ka kgalalelo.

“Jalo gape ke tsogo ya baswi” (1 Corinthians 15:40–42).

Ke kgalalelo ya selesetale eo re e batlang. Ke fa pele ga Modimo koo re eletsang go nna. Ke lelwapa la sennela ruri leo re batlang go nna maloko gone.

Go Ene yo o golotseng mongwe le mongwe wa rona mo lesong le le sa feleng, Ke fa paki gore Ke moruti wa boammaaruri — mme o feta moruti. Ke sekao sa botshelo jo bo itekanetseng — mme o feta sekao. Ke ngaka e kgolo — mme o feta ngaka. Ke tota Mmoloki wa lefatshe, Morwa Modimo, kgosana ya Kagiso, Moitshepi ka Nosi wa Iseraele, e le ruri Morena yo o tsogileng, yo a begileng, “Ke nna wa ntlha le wa bofelo; Ke nna yo o tshidileng, Ke nna yo o bolailweng; Ke nna mmueledi le Rara” (D&C 110:4).

“Oh, ka monate tselana e e fang boipelo: ‘Ke a itse gore Morekolodi wame o a tshela!’”2

Ka se ke a Paka.

Dintlha

  1. Frederick E. Weatherly, “The Holy City” (1892).

  2. “I Know That My Redeemer Lives,” Hymns, no. 36.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

Baruti ba ba siameng ba rotloetsa kopano gareng ga bao ba ba rutang. Jaaka fa batho ba abelana matseno a bone mme ba reetsana ka tlotlo, ga se fela gore ba tlaa ipelela phefo e e aging go ithuta mme gape batlaa nna ba tshwaragana thata (bona Teaching, No Greater Call [1999], 63). Bokopano bo tlaa tlhabologa gareng ga bao o ba rutang jaaka fa ka tshisibalo o fa pako ya Tefo ya ga Jeso Keresete le Tsogo Baswing ya Gagwe. Bokopano jo bo ka thusa malwapa go sala morago kgakololo ya ga Mopresidente Monson ya go nna “lelwapa la sennela ruri.”

Gatisa