2011
Maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso
Moranang 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Moranang 2011

Maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

E ne yare fa boperesitente jwa rona lantlha bo bidiwa, re ne ra fiwa ditsompelo ka ga ditso tsa Mokgatlho wa Thuso. Re ne ra di ithuta ka thapelo, re batla go itse maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso le gore Morena o tlaa batla gore re direng. Re ne ra ithuta gore maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso jaaka a beilwe ke Morena ke go rulaganya, go rita, le go tlhotlheletsa barwaetsana ba Gagwe go re ba ipaakanyetse masego a botshelo jwa bosakhutlheng.

Go kgona maikaelelo a a Mokgatlho wa Thauso, Morena o laotse mongwe le mongwe wa bokgaitsadi le thulaganyo e ka botlalo gore e:

  1. Koketso ya Tumelo le Botho jwa Tshiamo

  2. Thatafatse malwapa le magae.

  3. Efe thuso ka go direla Morena le Bana ba Gagwe.

Re ka dira tiro e ka tsela ya Morena fela fa re senka, re amogela, re diragatsa mo tshenolong ya rona. Fa go re sena tshenolo ka bo rona, ga re kake ra kgona. Fa re diragatsa tshenolo, ga re ne re tlholwa. Moporofeti Nifae o re laola gore Mowa o Boitshepo o tlaa re bontsha “dilo tsotlhe gore [re] direng” (2 Nephi 32:5). Re tshwanetse ra itetlelela gore re iketle thata ka tshisibalo e kgolo go reetsa lentswe la Moya.

Bokgaitsadi, re na le karolo e botlhokwa ego e tshameka mo go thuseng go aga bogosi jwa Modimo le go baakanyetsa gotla ga Morena. Ruri, tiro ya Morena ga e kake ya direga go sena thuso ya barwaetsana ba Gagwe. Ka ga seo, Morena o solofela gore re oketse dikabelo tsa rona. O solofela gore re diragatse maikaelelo a Mokgatlho wa Thuso go feta pele.

Julie B. Beck, Mopresidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso.

Gotsweng Mafokong a tumelo

Deuteronomy 6:5–7; Luke 10:30–37; James 1:27; 2 Nephi 25:26; Mosiah 3:12–13

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Ka Seetebosigo 9, 1842, phuthego ya Mokgatlho wa Thuso, moporofeti Joseph Smith o ne a ruta bokgaitsadi gore mokgatlho wa bone “ga se fela go thusa batlhoki, mme ke go boloka batshidi.”1 Puisanyo e ya semowa gape ele ya maikaelelo ka senama e file botho go Mokgatlho wa Thuso ka ditso tsa one. Ka 1906 Mopresidente Joseph F. Smith (1838-1918) o ne a ruta gore: “[Mokgatlho wa Thuso] ga se fela gore o dirane le botlhoki jwa batlhoki, balwetse le bahumanegi, mme karolo nngwe ya tiro ya one—le karolo e kgolo, gape—ke go lebelela fa morago ga botshogo jwa semowa le pholoso ya bommagwe bana le barwaetsana ba Sione; go bona gore ga go ope yo o tlhokomologilweng, mme gore botlhe ba sireleditswe kgatlhanong le botlhoka-tshego, petso, le maatla a lefifi, le masula ao a a a tshosetsang mo lefatsheng.”2 Ka 2001 Mogolwane M. Russell Ballard wa Khwaramo ya Baaposetola ba ba Lesome le Bobedi o ne a gatelela gore, “Mongwe le mongwe wa bokgaitsadi mo Kerekeng yo a dirileng kgolagano le Morena o na le taolelo ya selegodimo go thusa go boloka batshidi, go etelelapele basadi ba lefatshe, go ba thatafatsa magae mo Sione, le go aga bogosi jwa Modimo.”3

Dintlha

  1. Joseph Smith, mo History of the Church, 5:25.

  2. Dithuto tsa Boporesidente jwa Kereke: Joseph F. Smith (1998), xiv, 21-22

  3. M. Russell Ballard, “Women of Righteousness,” Liahona, Dec. 2002, 39.

Ke ka dirang?

  1. Ke bone tlhotlheletso efe mo go thuseng bakaulengwe bame go oketsa tumelo le bosiami jwame le go thatafatsa malwapa le magae? Ke ka afa thuso efe?

  2. Ke ka dirisa molaetsa yo jang go thatafatsa tumelo yame le go oketsa maitlamo a me mo bosiaming jwame?

Gatisa