2011
Ke Ka Bona Dikarabo ka Phuthego Kakaretsong
Lwetse 2011


Bana

Ke Ka Bona Dikarabo ka Phuthego Kakaretsong

Moporesidente Uchtdorf o rutile gore fa o akanya ka dipotso dingwe pele ga phuthego kakaretso, Morena o ka buwa le wena go tsweng go baporofiti le baaposetole ba Gagwe ka sebaka sa phuthego.

  1. Jaaka lelwapa kgotsa tlelase, buisanya ka seo le tlhokang go se ithuta, le fa e le ka bongwe kgotsa lo le mmogo. (Sekai: Ke ka nonotsha bopaki jwame jang? Ke ka rarabolola jang bothata ko sekolong?) Mo pampitshaneng kgotsa mo jenale ya gago, kwala fatshe dipotso tsa gago.

  2. Mo dibekeng tse di yang kwa phuthegong, o ka akanya le go rapela ka dipotso tseo.

  3. Reetsa ka kelotlhoko ka sebaka sa phuthego (go ka thusa go tsaya dintlha). Mme o kwale ka fa Morena—go yeng ka baeteledipele ba Kereke— ba arabileng dipotso tsa gago.

  4. Mo pamphitshaneng e ngwe, o ka tshwantsha setshwantsho sa gago o dira se o se ithutileng.

Gatisa