2011
Phuthego Kakaretso—Tshegofatso E seng ya Tlwaelo
Lwetse 2011


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha Letswe 2011

Phuthego Kakaretso Tshegofatso E seng ya Tlwaelo

Leloko la Kereke le le siameng le ne le buwa le moagisanyi yo e seng wa tumelo ya rona. Fa setlhogo sa puisanyo se fetogela kwa phuthego kakaretso, moagisanyi a botsa, “Wa re le nale baporofiti le baaposetole? Le gore gabedi mo ngwageng ba senola lefoko la Modimo mo bophuthegeng ya lefatshe ka bophara?”

“Go jalo,” leloko la fetola ka manontlhotlho.

Moagisanyi a akanya ka seo sebakanyana. O ne a lebega a kgatlhega mo go tlhoafetseng mme a botsa, “Ba ne ba reng mo phuthego kakaretsong ya bofelo?”

Mo nakong e leloko la Kereke le le molemo la tswa mo maikutlong a a itumedisang a go abelana efangele go isa ko maikutlong a a tobekaneng. A leka ka fa a kgonang, a seka a kgona go akanya ka dintlha tsa puisanyo e lengwe.

Tsala ya gagwe a bona se se tshwenya mme a re, “O mpolelela gore Modimo o buwa le batho mo malatsing a rona mme ga o gakologelwe se a se buileng?”

Mokaulengwe a ikutlwa a ikokobeditswe ke phetolo e. O ne a ikana gore o tla dira botoka go gakologelwa mafoko a a builweng ke batlhanka ba Morena mo phuthego kakaretsong.

Rotlhe re itse gore go thata jang go gakologelwa molaetsa mongwe le mongwe wa phuthego kakaretso, mme ke manontlhotlho gore ga re tlhokane le gore re tobekane fa re sa gakologelwe sengwe le sengwe. Le fa gontse jalo, go melaetsa mo phuthego kakaretsong nngwe le nngwe eo e neelwang jaaka mpho le tshegofatso go tswa legodimong e lebagane le diemo tsa botshelo jwa rona.

Mo go ipaakanyetseng phuthego kakaretso, tlaa ke fe mogopolo e meraro e motlhofo ya dithuto tse di ka re thusang botoka go amogela, go gakologelwa, le go tsentsha mo tirisong mafoko a a builweng ke batlhanka ba Morena.

1. Maloko a Kereke a na le tshwanelo ya tshenolo jaaka ba reetsa le go ithuta mafoko a tlhotlheletso ao a buiwang kwa phuthego kakaretsong.

Jaaka o ipaakanyetsa phuthego kakaretso, Ke go lalaetsa go tlhatlhanya dipotso tseo o tlhokanang go di a karaba. Sekai, o ka nna wa eletsa thata tsela le kaelo ke Morena mabapi le dikgwetlho tse o di lebaganeng.

Dikarabo go dithapelo tsa gago tse dirileng di kanna tsa tla ka tlhamalalo go tswa puisanyong e faphegileng kgotsa gotsweng seeleng se se rileng. Ka nako tse dingwe dikarabo di ka tla mo go sa lemotshegeng mo mafokong a ka se tlhalosegeng, seele, kgotsa pina. Pelo e e tletseng ka malebogo ele masego a botshelo le keletso e boteng go utlwa le go sala morago mafoko a bogakolodi a ka re baakanyetsa tsela ya tshenolo ka bo rona.

2. O seka wa fokotsa molaetsa fela ka gore o utlwala o o itse.

Baporofiti ka tlwaelo ba rutile ka go boeletsa, ke molao wa go ithuta. O tla utlwa go boeletsa mo ditlhogong le dithuto mo phuthego kakaretsong. A ke go netefaletse: se ga se ka gore ke go tlhoka bodiragatsi kgotsa go akanya. Re tswelela re utlwa melaetsa mo dilo tse di tshwanang ka gonne Morena o re ruta le go tsenya go ditlhaloganyo tsa rona le dipelo melawana ya tshimologo e e rileng ya botlhokwa jo bogolo jwa bosakhutleng e tshwanetseng go tlhalogangwa le go diragadiwa pele ga re ka tswelela mo dilong di sele. Moagi yo o botlhale la ntlha o baya motheo pele a godisa mabota le go rulela.

Mafoko a a buiwang kwa phuthego kakaretsong a tshwanetse go nna khamphase e e re supegetsang tsela mo dikgweding tse di tlang.

Fa re reetsa mme re sale morago tlhotlheletso ya Mowa, di tla dira jaaka Liahona, a re kaela mo masaitsiweng, mokgatsha wa dikgwetlho le dithaba tse di fa pele (bona 1 Nifae 16).

E sa le lefatshe le simolola, Modimo o ne a tsosa baporofiti bao ba buwang go rata ga legodimo go batho ba nako ya bo ne. Ke maikarabelo a rona go reetsa le go diragatsa melaetsa e Morena a re tlamelang ka yone.

Rara wa Legodimo yo o kutlwelobotlhoko le lorato ga a re tlogela le gore ga a kake a tlogela bana ba Gagwe. Gompieno, fela jaaka dinako tse di fitileng, O tlhophile baaposetole le baporofiti. O tswelela ka go senola lefoko la gagwe go bo ne.

Ke monyetla o gakgamatsang go utlwa melaetsa ya Modimo go mongwe le mongwe wa rona sebaka sa phuthego kakaretso! A re ipaakanye sentle go masego a magolo a kaelo ya selegodimo re e neelwa ke batlhanka ba Gagwe ba ba tlhophilweng.

Go nne se ga se lesego la tlwaelo.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

  • Bala mekwalwana mmogo. Rotloetsa ba lelwapa go supa dilo tse ba ka di reetsang ka sebaka sa phuthego kakaretso.

  • Go thusa bana ba bannye go diragatsa bogakolodi jo bo ntshitsweng ke Moporesidente Uchtdorf, ba supegetse ditshwantsho tsa Batshwara Thata-Kakaretso (e fitlhelwang mo kgatisong ya bophuthego ya Liahona). Tla ba itse gore Boporesidente jwa Ntlha le Khwaramo ya ba Balesome le Bobedi ya Baaposetole ba tlile go buwa mo phuthego kakaretso. Rotloetsa bana go reetsa bophuthego le go tshwantsha setshwantsho go ba thusa go gakologelwa seo ba se ithutileng. Batsadi ba ka etela conferencegames.lds.org tiragalo tse dintsi tsa bophuthego tsa bana.

Tetla: senepe ka Les Nilsson

Gatisa