2011
Go Nonotsha Malwapa ka go Oketsa Semowa
Lwetse 2011


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo Letswe 2011

Go Nonotsha Malwapa ka go Oketsa Semowa

Ithute sedirisiwa se mme, fa go tlhokega, buisanya le bokgaitsadi bao o baetelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe bokgaitsadi mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo • Lelwapa • Thuso

Julie B. Beck, Moporesidente wa Kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso, o ne a re: “Go godile go nna bopaki jo bo ntsi jwa boleng jwa barwaetsana ba Modimo. …Ke utlwile gore ga go ise go nne le tlhoko le le golo la go oketsega ga tumelo le tshiamo ya rona. Ga go ise go nne le letlhoko lele legolo la malwapa le magae a a thata.”

Bokgaitsadi ba ka thusa go diragatsa magae le malwapa a a thata jaaka ba direla godimo ga tshenolo ya bone. Kgonego ya go atlega, go amogela, le go dira godimo ga tshenolo ya bone ke botshipa jo bo botlhokwa go feta bole nosi joo bo ka fitlhelelwang mo botshelong jo,” Mokaulengwe Beck a tswelela. Go atlega go nna le Mowa wa Morena go simolola ka go eletsa o ne Mowa oo le gore go akanyetsa ka maemo a rileng a go itekanela semoweng. Go tshegetsa melao, go ikotlhaya, le go shafatsa dikgolagano tse di dirilweng ka kolobetso di isa ko masegong a go nna ka metlha le Mowa wa Morena le rona. Go dira le go tshegetsa dikgolagano tsa tempele gape go oketsa nonofo ya semowa le thata mo botshelong jwa mosadi. Dikarabo tse dintsi go dipotso tse dithata di bonwa ka go bala mafoko a tumelo gonne mafoko a tumelo ke thuso go isa tshenolong. … Thapelo ya malatsi otlhe e botlhokwa thata gonna le Mowa wa Morena gore o nna le rona.”1

Gape re nonotsha maloko lelwapa a rona semoweng jaaka re ba thusa go tlhaloganya thulaganyo ya bosakhutleng ya ga Rraetsho yo o kwa Legodimong. “Re ka dira eng botoka go baakanyetsa bana ba rona ka semowa mo maikarabelong a bone a bosakhutleng?” ga botsa Mogolwane M. Russell Ballard wa Khwaramo ya Baaposetole ba ba Lesome le bobedi. “Gongwe karabo e teng go gaisa ke ya go: Ba rute gore ba tshele jang melawana ya efangele.” Thuto e no e tla go tsweng thapelo ya malatsi otlhe, go ithuta mafoko a tumelo, le nako ya dijo ya lelwapa le sentle jaaka go tsenelela mantsiboa a mogae a malwapa a beke le beke le go ya Kerekeng. Mogolwane Ballard o tlhalosa: “Re ipaakanya letsatsi le letsatsi, jaanong, go botshelo jo bosakhutleng. Fa re sa ipakanyetse botshelo jo bosakhutleng, re ipaakanyetsa sengwe se se kwa tlase, gongwe sengwe se se kwa tlase thata.”2

Gotsweng Mafokong a Tumelo

Diane 22:6; 1 Johane 3:22; Dithuto le Dikgolagano11:13–14; 19:38; 68:25

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Moprofeti Joseph Smith o ne a ruta bokgaitsadi mo bo phuthegong ya Mokgatlho wa Thuso ka Moranang 1842 gore ba na le tshwanelo e e boitshegang go batla poloko ka bone. O ne a re, “Morago [ya me] taelo, le tla nna le maikarabelo a dibe tsa lona; go eletsega ka tlotla gore le tshwanetse go tsamaya fa pele ga Rraetsho yo o kwa Legodimong e le go ipoloka ka bo lona; rptlhe re na le maikarabelo go Modimo ka maitshwaro a re tokafatsang lesedi le botlhale jo re bo neetsweng ke Morena wa rona go kgona gore re ipoloke ka gone.3 O ba rutile gore e nne basiami ka bo bone, go nna batho ba ba boitshepo, le go ipaakanyetsa ditlhomo le dikgolagano tsa tempele.

Dintlha

  1. Julie B. Beck, “And upon the Handmaids in Those Days Will I Pour Out My Spirit,” Liahona, Motsheganong 2010, 10, 11.

  2. M. Russell Ballard, “Spiritual Development,” Ensign, Ngwa. 1978, 65, 66.

  3. Dithuto tsa Diporesidente tsa Kereke: Joseph Smith (2007), 355.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka thusa bakaulengwe bame jang go oketsa go ikemelela ga semowa?

  2. Ke ka tokafatsa jang go kgona ga me ke lemoga le go tshibogela Mowa o o Boitshepo?

Tshupetso ya senepe ka Welden C. Andersen

Gatisa