2011
Molemo, Botoka, Botoka Thata
Lwetse 2011


Bonana

Molemo, Botoka, Botoka thata

Mo puisano ya gagwe Phukwi 2007 ya bophuthego kakaretso, Mogolwane Dallin H. Oaks wa Khoramo Ba Balesome le Bobedi ya Baaposetole o ne buwa ka ditiragalo tse di “molemo, botoka, le botoka thata.” Fa a ne a tsena fa karolong ya go “iphitisa lenaneo mo baneng,” Ke ne ka babalelwa ke molato mo setilong sa me.

Ke itse ke ne ke dira thata go fetelela. Kene ke le mo metshamekong ya sekolo, ke tsaya dikgwetlho tsa ditlelase mo sekolong, mme gape ke inaakantse le ditiragalo tse dingwe. Ke ntse ke sa tsenelele ditiragalo tsa Bosadi Potlana ka boikanyego, mme bo Sontaga ba me ba tletse ka matshwenyego a go leka go fetsa tiro ya kwa lapeng ka metsotso ya bofelo. Ithutuntsho mo kopelong le go sekaseka pampiri ya dikgang ya sekolo gone go latlhile bo leng jwa monate mme bo nnile tiro.

Puisano ya Mogolwane Oaks e dirile gore ke lebe sentle dinako tsa me. Ditiragalo tsa me di ne dile molemo, mme di ne dile dintsi thata. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlhopha tse di botoka. Jaaka ke ne ke leka go tsaya tshwetso ya gore ke tlogela ditiragalo dife, Ke ne ka lemoga gore efangele ya ga Jeso Keresete e ne e le botoka mo mongweng le mongweng gore a ka nna nayo. Ke ne ka baya thapelo le go ithuta lefoko la tumelo kwa godimo ga tsotlhe, mme e sa le jalo, botshelo jwa me bo tsamaile boreledi thata.

Mogolwane Oaks o nthutile gore fa re dira se Morena a batlang re se dira la ntlha, sengwe le sengwe se tla wela sentle mo mannong. Fa ke ithuta mafoko a tumelo pele Ke tshameka metshameko kgotsa le gone pele Ke dira tiro ya kwa lapeng, sengwe le sengwe se se botlhokwa se tla diragala. Fa Ke baya botshelo jwa me gaufi le Morena, e seng ke Mo tsenya jaaka kakanyo ya morago, botshelo jwa me bo nna le koketsego ya boleng jwa kagiso le katlego.

Jaanong Ke kelotlhoko thata go reetsa kgakololo e e nelwang kwa phuthego kakaretsong!

Tshupetso ka Paul Mann

Gatisa