2012
Thapelo ya Me ya Tumelo
Tlhakole 2012


Bonana

Thapelo ya Me ya Tumelo

E ne ya re kele 18, Ke ne ke bereka mo lebentleleng la ditulo kele motho wa morekise. Nako ya mmereko wa me e ne ele dingalo. Ke ne ke bereka gotsweng kwa go 8:00am go isa ko go 10:00pm., Mosupulogo go ya kwa Matlhatsong. Ke ne se hutsafala ka gore Ke ne ke sa kgone go tsaya karolo mo ensechuti le ditirelo tsa Kereke.

K e ne ka simolola go rapela go Rraetsho yo o kwa Legodimong ka tumelo e tona go mmotsa gore a nthuse go bona tiro eo ke neng ke sa tlhoke go bereka sa Matlhatso gore ke kgone go ya kwa ensechuti le ditirelo tse dingwe.

Letsatsi lengwe ko tirong Ke ne ke thusa monna. Re ne ra simolola go bua, mme o ne a re o berekela ko bankeng e kgolo. Ke ne ka mmotsa gore ke ka gaisanya jang ka phatlha e e bulegileng ya mmereko mo kgwebong e. O ne a neela leina la gagwe le nomore ya mogala mme a mpolelela gore Ke ka mo leletsa mohiri mme ke mmolelele gore Ke a mo itse. Ke ne ka ya kwa bankeng mme ka dira ditlhatlhobo tseo dineng di tlhokafala. Ke ne ka atlega mme ka simolola go bereka di oura tse di borataro ka letsatsi gotsweng Mosupologong go ya go Labotlhano, ke amogela magato a le mararo mo go seo keneng ke se amogela pele.

Ke a itse gore Morena o a re kaela fa re eletsa go Mo baya kwa pele. O a nkaela gape le gompieno. Ke a itse gore molawana wa thapelo ke wa boammaaruri.

Gatisa