2012
Ba rotloetse go Rapela
Tlhakole 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Tlhakole 2012

Ba rotloetse go Rapela

E rile kele ngwana yo monnye, batsadi bame ba ne ba nthuta ka sekai sa bone go rapela. Ke ne ka simolola k setshwantsho mo tlhaloganyong yame sa ga Rraetsho yo o kwa Legodimong ale kgakala. Jaaka ke ne ke gola, maitemogelo ame ka thapelo a ne a fetoga. Setshwantsho same mo tlhaloganyong yame e nnile Rraetsho yo o kwa Legodimong yo o gaufi, yo o tlhatshitsweng ke lesedi le le galalelang, mme a nkitse sentle.

Phetogo eo e tsile jaaka Ke ne ke nna le bopaki jo bo nepagetseng jwa gore pego ya ga Joseph Smith ya maitemogelo ka 1820 ko Manchester, New York, ke boammaaruri:

“Ke bone pilara ya lesedi le le tota mo godimo ga tlhogo yame, go feta kgalalelo ya letsatsi, leo le fologetseng ka bonya go fitlhela le wela go nna.

“Ka bonako gone ga bonagala gore Ke ipone ke golotswe gotswa mo mmabeng yo a neng a mpofeletse. Fa lesedi le sena go wela mo go nna Ke ne ka bona Batho ba babedi, bao phatshimo le kgalalelo ya bone e neng e gaisa tlhaloso tsotlhe, ba eme mo godimo game mo phefong. Mongwe wa bone o ne a bua le nna, a mpitsa ka leina mme a re, a supa yo mongwe—Yo ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!” (Joseph Smith—History 1:16–17).

Rraetsho yo o kwa Legodimong o ne a le fa ditlhophaneng (tsa ditlhare) ka letsatsi leo le lentle la dikgakologo. O ne a bitsa Joseph ka leina. Mme O ne a mo supegetsa fa Mmoloki wa lefatshe ele “Morwa wa Gagwe yo o Rategang.” Nako le nako le gongwe le gongwe fa o rapela, bopaki jwa gago jwa netafatso ya kgalalelo ya maitemogelo ao e ka go segofatsa.

Rara yo o re mo rapelang ke Modimo wa kgalalelo yo a tlhodileng mafatshe ka Morwa wa Gagwe yo o Rategang. O utlwa dithapelo tsa rona jaaka a utlwile thatpelo ya ga Joseph—sentle jaaka e kete di fiwa fa pele ga Gagwe. O re ratile ka botlalo mo eleng gore o file Morwa wa Gagwe ele Mmoloki. Ka mpho eo O dirile gore re kgone gore re nne le bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng. Mme O re fa, ka thapelo mo leineng la Morwa wa Gagwe, tshono go buisana le Ene mo botshelong kgapetsakgapetsa jaaka re itlhophela.

Batshegetsi ba boperesiti mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo bana le tshepo e e boitshepo go “etela ntlo ya leloko lengwe le lengwe, le go ba rotloetsa go rapela ka puo le ka pelo” (D&C 20:47; kgatelelo e tladitswe).

Go na le ditsela tse dintsi tseo di rotloetsang motho go rapela. Sekai, re ka a fa bosupi jwa gore Modimo o re file taelo ya go rapela nako ka metlha, kgotsa re ka tlhalosa dikai gotsweng mafokong a tumelo le go tsweng maitemogelong a masego ao a tswang mo dithapelong tsa malebogo, boingotlo, le go botsa. Ka sekai, Ke ka a fa bopaki jwa gore Ke itse gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o araba dithapelo. Ke amogetse kaelo le kgomotso gotsweng mafokong ao a tsileng mo tlhaloganyong ya me, mme Ke a itse ka Mowa gore mafoko a ne a tswa ko Modimong.

Moporofiti Joseph Smith o ne a nnile le maitemogelo ao, le wena o ka nna le one. O amogetse karabo eo ka thapelo ya pelo ya maikutlo:

“Morwaaka, kagiso e nne moweng wa gago; matlhotlhapelo a gago le dipogisego tsa gago e tlaa nna fela tsa nakwana;

“Mme jalo, fa o itshoka sentle, Modimo o tla a go tlhatlosetsa godimo” (D&C 121:7–8).

Se ene ele tshenolo gotsweng go Rara yo o lorato go morwaagwe yo o boikanyego mo tlalelong e kgolo. Ngwana mongwe le mongwe wa Modimo a ka buisanya le Ene ka thapelo. Ga go na thotloetso go rapela eo e nnileng le maduo a magolo go nna jaaka ya maikutlo a lorato le lesedi leo le tlang ka dikarabo go dithapelo tsa boikokobetso.

Re nne le bopaki jwa molao ope wa Modimo ka go tshegetsa one molao oo (bona John 7:17). Se ke boammaaruri ka molao wa gore re rapele nako tsotlhe ka puo le ka pelo. Jaaka kele morutuntshi wa gago le tsala ya gago, Ke solofetsa gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa gago le gore ka that ya Mowa o o Boitshepo, o ka itse ka bo wena gore dikarabo ditswa go Ene.

Go ruta go tswa Molaetseng o.

  • “Ditshwantsho ke didirisiwa tsa botlhokwa go thatafatsa kakanyo ya boanelwa bogolo jwa thuto” (Teaching, No Greater Call [1999], 176). Bontsha botaki jwa ga Joseph Smith kgotsa Pono ya Ntlha. Buisanya maitemogelo a ga Joseph Smith a nnileng nao le thapelo. Dithapelo tsa gago di tla a nna le mosola thata jang fa o tshwantshanya “Rraetsho yo o kwa Legodimong … gaufi,” jaaka Moporesidente Eyring?

  • Jaaka Moporesidente Eyring a ne a gakolola, akanyetsa go neelana bopaki jwa gago ka thapelo, o tlhalose ditshegofatso tse o di amogetseng ka le baka la thapelo, kgotsa go neelana mafoko a tumelo ka ga thapelo.

Gatisa