2012
Batlhokomedi ba Botshelo jwa Gae
Tlhakole 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Tlhakole 2012

Batlhokomedi ba Botshelo jwa Gae

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o thatafatse bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

“Le batlhokomedi ba botshelo jwa gae,” ga buwa Moporesident Gordon B. Hinckley (1910–2008) jaaka a ne a simolodisa “Lelwapa: Pego Kanamiso go Lefatshe” mo phuthegong ya kakaretso ya Mokgatlho wa Thuso ka 1995. “Le ba belegi ba bana. Le bao ba le ba otlang le nitimisa moteng ga bone mekgwa ya matshelo a bone. Ga gona tiro epe gape e otlololelang gaufi go selegodimo jaaka ya go otla ga barwa le barwaetsana ba Modimo.”1

Mo dingwageng tse di batlileng go tshwara 17 jaanong kanamiso e e tiisetse gore maikarabelo a a utlwalang a gareng ga go nonotsha malwapa le magae—go sa kgathalesege diemo tsa rona tsa jaanong. Barbara Thompson, jaanong eleng mogakolodi wa bobedi wa boporesidente jwa kakaretso jwa Mokgatlho wa Thuso, o ne a le kwa Thabanakeleng ya Salt Lake fa Moporesidente Hinckley a bala kanamiso lwa ntlha. “Seo e ne ele nako e kgolo,” o ne a gakologelwa. “Ke ne ka ikutlwa gore molaetsa o o a utlwala. Ke ne gape ka iphitlhela ke akanya, ‘Se ke kaelo e kgolo go batsadi. Gape ke maikarabelo a matona go batsadi.’ Ke ne ka akanya ka nakwana gore ele ruri ga o nkame thata ka gobo Ke sa nyalwa gape ke sena bana bape. Mme ka pele Ke ne ka akanya, ‘Mme e a nkama. Ke leloko la lelwapa. Ke morwadie, ke mokaulengwe, ke mmangwane, ke ntsalae, ke setlogolo, gape ke ngwana ngwana morwadie. Ke na le maikarabelo—le masego—ka gore Ke leloko la lelwapa. Le fa kene kele leloko le le nosi le le tshelang mo lwapeng lame, Ke ntse ke leloko la lelwapa la Modimo, gape ke na le maikarabelo a go thusa go nonotsha malwapa a mangwe.’”

Ka lesego, ga re a tlogelwa rele nosi mo maitekong a rona. “Thuso e kgolo go bogolo,” go bua Mokaulengwe Thompson, ke gore “re ya gonna mogo nonotsheng malwapa go itse le go sala morago dithuto tsa ga Keresete le go ikaega mo go Ene gore thusa.”2

Gotsweng Mafokong a Tumelo

Proverbs 22:6; 1 Nephi 1:1; 2 Nephi 25:26; Alma 56:46–48; Doctrine and Covenants 93:40

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

“E ne ya re Mokaulengwe Bathsheba W. Smith a direla ele moporesidente wa bone wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso [gotsweng 1901 go yeng ko go 1910], o ne a bona go tlhokagalo ya go nonotsha malwapa, mme ka jalo a nitamisa dithuto tsa sekolo tsa ga mme go bakaulengwe ba Mokgatlho wa Thuso. Dithuto di balela kgakololo mo nyalong, pele ga tlhokomelo pelegi, le go godisa ngwana. Dithuto tse di rotloeditse dithuto tsa Moporesidente President Joseph F. Smith ka ga Mokgatlho wa Thuso o thusang basadi mo dikarolong tsa kwa gae:

“‘Gongwe le gongwe ko go leng bosena kitsong kgotsa fela tlhokagalo ya go tlhaloganya mabapi le lelwapa, ditiro tsa lelwapa, le mabapi le maitlamo a a tshwanetseng go nna teng le a ka tshiamo a tshwanetseng go nna gareng ga monydi le monyadiwa le gareng ga batsadi le bana, koo thulaganyo e e teng kgotsa e gaufi, le ka mpho ya tlholego le ka tlhotlheletso eo e leng ya thulaganyo ba baakanyeditswe bale pudi matseba go fa taelo go yeng ka ditiro tsa botlhokwa tse.’”3

Dintlha

  1. Gordon B. Hinckley, “Stand Strong against the Wiles of the World,” Ensign, Nov. 1995, 101.

  2. Barbara Thompson, “I Will Strengthen Thee; I Will Help Thee,” Liahona and Ensign, Nov. 2007, 117.

  3. Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 153.

Ke ka dira eng?

  1. Ke ka thusa jang bakaulengwe bao Ke ba lebeletseng gore ba nonotshe malwapa?

  2. Ke ka nna motlhotlheletsi wa tshiamo jang mo lelwapeng?

Gatisa