2012
Goetelelwapele ke Moporofiti yo o Tshelang
Mopitlo 2012


Bonana

Goetelelwapele ke Moporofiti yo o Tshelang

E rile kele 16, Ke ne ka nna le tshono ya go tsenelela konferense ya kakaretso ka bonna lwantlha. Lelwapa lame le ne le tshela ko Oregon wa bophirima, mo USA, mme re ne ra kgweeletsa kwa Utah go tsenelela konferense le go folosa morwarre yo mogolwane kwa senthareng ya ikatiso boanamisa tumelo.

Ke ne ka ya ko konferenseng ka keletso ya go rutwa ke Mowa o o Boitshepo. Ka maduo ao, Ke ne ka amogela tshupegetso gotsweng go Mowa eo Ke neng ka seke ka e amogela fa ke ne ke sa ipaakanya.

Ka sebaka sa nngwe ya diphuthego, mongwe le mongwe o ne a ema mme a opela sefela sa phuthego, “Re Kaele, O Jegofa yo Mogolo.” Jaaka fa re ne re opela, Ke ne ka nna le tlhotlheletso e e kgethegileng go leba mo tikologong ya Senthara ya Konferense. Ke ne ka dira jalo mme ke ne ka tlhajwa ke maatla a tshwaragano ya batho ba ba dikete koo jaaka rotlhe re ne re tsholetsa mantswe a rona re rorisa Modimo.

Jalo Ke ne ka nna le maitemogelo kook e neng ka ikutlwa jaaka Nephi fa a ne a bona pono ya setlhare sa botshelo, gonne Mowa o ne wa mpolelela gore, “Leba” (see 1 Nephi 11–14). Ke ne ka lebelela kwa go Moporesidente Thomas S. Monson mme ka ikutlwa gore botshwaragano jwa Kereke bo teng ka gore re eteletswepele ke moporofiti yo o tshelang. Ka bosupi jwa Mowa o o Boitshepo, Ke itse gore Moporesitente Monson ke moporofiti wa boammaaruri wa letsatsi la rona, gape Ke itse gore Jeso Keresete o etelelapele Kereke ka ene.

Gatisa