2012
Ke Eng Re Tlhoka Baporofiti?
Mopitlo 2012


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Mopitlo 2012

Ke Eng Re Tlhoka Baporofiti?

Ka gore Rraetsho yo o kwa Legodimong o rata bana ba Gagwe, Ga a ba tlhogela go tsamaya mo botshelong jwa lefatshe le ba sena tshupegetso le kaelo. Dithuto tsa ga Rraetsho yo o kwa Legodimong ga se tlwaelo, tse di itsegeng, di amogelesegile ele mofuta yo o ka o selang mo bukaneng kwa marekisetsong a dibuka a selegae. Ke tsa Motshidi wa Selesiale yo o maatla-otlhe, a na le kitso-yotlhe yo o ratang bana ba Gagwe. Mo gontsi mo mo mafokong a Gagwe ke sepiri sa dingwaga— senotlolo sa boitumelo mo botshelong jo le mo lefatsheng le le tlang.

Rraetsho yo o kwa Legodimong o senola botlhale jo go bana ba Gagwe mo lefatsheng ka batlhanka ba Gagwe baporofiti (bona Amos 3:7). Go tswa mo malatsing a ga Atamo, Modimo o buile go bana ba Gagwe ka diorakele (metswedi ya botlhale) eo e rebotsweng ka go senola thato ya Gagwe le kgakololo go ba bangwe. Baporofiti ke barutuntshi bao ba ba tlhotlheleditsweng mme ba nna ka metlha ele basupi ba ga Jeso Keresete (bona D&C 107:23). Baporofiti ga ba bue fela go batho ba nako ya bone, mme gape ba bua le batho ka nako tsotlhe ka bophara. Mantswe a bone a boelediwa ka dingwaga tsa makgolo ele kgolagano ya thato ya Modimo go bana ba Gagwe.

Gompieno ga go farologane gotsweng mo dingwageng tse di fetileng. Morena ga a rate batho ba letsatsi la rona gole gonnye gona le ka dinako tse di fetileng. Nngwe ya melaetsa e e galalelang ya Puseletso ya Kereke ya ga Jeso Keresete ke gore Modimo o tswelela a bua go bana ba Gagwe! Ga a iphitlha kwa magodimong mme o bua gompieno jaaka a dirile mo malatsing a bogologolo.

Bontsi jo Morena a bo senolang go baporofiti ba Gagwe bo ikemiseditse go kganela bohutsana gorona ka bongwe le rele batho. Fa Modimo a bua, O dira jalo go ruta, go tlhotlheletsa, go tokafatsa, le go tlhagisa bana ba Gagwe. Fa ka bongwe kana re le batho re itlhokomolosa ditaelo tsa ga Rraetsho yo o kwa Legodimong, re dira jalo ka bodiphatsa jwa teko, khutsafalo, le pereko.

Modimo o rata bana ba Gagwe botlhe. Ke sone se a ikuwelang thata le rona ka baporofiti ba Gagwe. Fela jaaka re batla se se gaisang go bao re ba ratang, Rraetsho yo o kwa Legodimong o batla seo se gaisang go rona. Ke sone se ditaelo tsa Gagwe di leng botlhokwatlhokwa mme fa gongwe dile potlako. Ke sone se a sa re latlhang gompieno mme a tsweletseng ka go senola thato ya Gagwe ka baporofiti ba Gagwe. Phelelo ya rona le phelelo ya lefatshe la rona e ikaegile mo go utlweng le go sekegeleng lefoko le le senotsweng la Modimo go bana ba Gagwe.

Ditaelo tse di senang tlhwatlhwa go batho ka bophara di fitlhelwa mo Baebeleng, Buka ya ga Momone, Dithuto le Dikgolagano, le Perele ya Tlhwatlhwa e Kgolo. Mo godimo ga moo, Morena o bua go rona ka batlhanka ba Gagwe, jaaka A tsile go dira gape ka konfrense e e tlang ya kakaretso.

Go bao botlhe ba ba ipotsang gore a selo seo se ka nna teng—bao ba ka nnang ba botsa gore, “A go a kgonega gore Modimo a bue le rona gompieno?”—ka pelo yame yotlhe Ke go laletsa gore “otle o bone” (John 1:46). Bala lefoko la Modimo jaaka fa le fitlhelwa mo mafokong a tumelo. Reetsa konferense ya kakaretso ka tsebe e e eletsang go utlwa lentswe la Modimo leo le filweng ka baporofiti ba Gagwe ba malatsi a bofelo. Tlaya, utlwa, mme o bone ka pelo ya gago! Fa o senka “ka pelo tse dinnete, ka maikaelelo a nnete, lona le tumelo mo go Keresete, [Modimo] o tlaa supa boammaaruri jwa sone go lona, ka thata ya Mowa o o Boitshepo” (Moroni 10:4). Ka le mo maatleng a, Ke a itse gore Jeso Keresete o a tshela e bile o supegetsa Kereke ya Gagwe ka moporofiti yo o tshelang, le tota ka Moporesidente Thomas S. Monson.

Barwarre le bokgaitsadiaka, Modimo ka tota o a bua go rona gompieno. Mme O eletsa gore bana ba Gagwe botlhe ba reetse ebe ba dira sa lentswe la Gagwe. Jaaka re dira jalo, Morena o tlaa re segofatsa le go gore tlamela thata, gotlhe mo botshelong jo le ka mafatshe a a tlang.

Gatisa