2012
Barwaetsana mo Bogosing Jwame
Mopitlo 2012


Molaetsa wa Thuto ya Ketelo, Mopitlo 2012

Barwaetsana mo Bogosing Jwame

Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga.

Tumelo, Lelwapa, Thuso

Re barwaetsana ba ga Rraetsho yo o kwa Legodimong. O a re itse, o a re rata, gape o na le thulaganyo go rona. Karolo ngwe ya thulaganyo eo e balelela go tla mo lefatsheng go ithuta go tlhopha molemo godimo ga bosula. Fa re itlhophela go tshegetsa melao ya Modimo, re Mo tlotla le go mo itsise borona rele barwaetsana ba Modimo. Mokgatlho wa Thuso o re thusa go gakologelwa boswa jo jwa selegodimo.

Mokgatlho wa Thuso le ditso tsa one di re thatafatsa le go re rotloetsa. Julie B. Beck, moporesidente wa Mokgatlho wa Thuso ka karetso o ne are: “Jaaka rele barwaetsana ba Modimo, re ipaakanyetsa maemelo a bosakhutlheng, mme mongwe le mongwe wa lona o na le tshadi ya gagwe, tlholego, le maikarabelo. Katlego ya malwapa, metse, le Kereke e, le thulagano ya pholoso ya tlhwatlhwa e ikaegile mo boikanyegong jwa gago. … [Rraetsho yo o kwa Legodimong] o ikemiseditse gore Mokgatlho wa Thuso o thuse go aga batho ba Gagwe le go ba baakanyetsa masego a tempele. O ne a nitamisa [Mokgatlho wa Thuso] go lebaganya barwaetsana ba Gagwe le tiro ya Gagwe le go lateledisa thuso ya bone mo go ageng bogosi jwa Gagwe le go thatafatsa magae a Sione.”1

Rraetsho yo o kwa Legodimong o re file tiro e e tlhamaletseng go thusa go aga Bogosi jwa Gagwe. O re segofaditse gape ka dimpho tsa semowa tse re di tlhokang go diragatsa tiro ya eo e e kgethegileng. Ka Mokgatlho wa Thuso, re na le ditshono go dirisa dimpho tsa rona go thatafatsa malwapa, go thusa bao ba ba tlhokang, le go ithuta gore re tshele jang rele barutwana ba ga Jeso Keresete.

Moporesidente Dieter F. Uchtdorf, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, o ne a re ka borutwana: “Ka go tsamaya ka bopelotelele mo tseleng ya borutwana, re bontsha go rona sekale sa tumelo ya rona le maikemisetso a rona go amogela thato ya Modimo gona le ya rona.”2

Tla re gakologelweng gore re barwaetsana ba Modimo mme re leke ka bojotlhe go tshela jaaka barutwana ba Gagwe. Jaaka fa re dira jalo, re tla bo re thusa go aga bogosi jwa Modimo fana mo lefatsheng mme re nne boitshepo go boela fa pele ga Gagwe.

Gotsweng Mafokong a tumelo

Zechariah 2:10; Doctrine and Covenants 25:1, 10, 16; 138:38–39, 56; “The Family: A Proclamation to the World” (Liahona and Ensign, Nov. 2010, 129)

Gotsweng mo Ditsong tsa Rona

Ka Moranang 28, 1842, Moporofiti Joseph Smith o ne are go bakaulengwe mo Mokgatlhong wa Thuso: “Jaanong le beilwe mo seeming seo le ka direlang go yeng ka boikutlwelo botlhoko joo Modimo a bo jwetseng mo go [lona]. … fa o tshelela ditshono tsa gago, baengele ga bane ba kganelwa gore e nne bo mmata ba gago.”3

Go lemoga maatla a Mokgatlho wa Thuso go direla ba bangwe le go thusa batho go oketsa tumelo, Zina D. H. Young, moporesidente wa boraro wa Mokgatlho wa Thuso wa kakaretso, o ne a solofetsa bakaulengwe ka 1893, “Fa lo ka epa mo boteng jwa dipelo tsa lona lo tlaa bona, ka thuso ya Mowa wa Morena, perele ya tlhwatlhwa e kgolo, bopaki jwa tiro e.”4

Dintlha

  1. Julie B. Beck, “‘Daughters in My Kingdom’: Ditso le Tiro ya Mokgatlho wa Thuso,” Liahona, Nov. 2010, 112, 114.

  2. Dieter F. Uchtdorf, “The Way of the Disciple,” Liahona, Motsheganong 2009, 76.

  3. Joseph Smith, mo Ditso tsa Kereke, 4:605.

  4. Zina D. H. Young, “How I Gained My Testimony of the Truth,” Jenale ya Young Woman’, Apr. 1893, 319.

Ke ka dirang?

  1. Ke ka thusa jang bakaulengwe bame go fitlhelela kwa batshwanetseng ele barwaetsana ba Modimo?

  2. Ke ka diragatsa jang mo botshelong jwame kgakololo le tlhagiso eo e filweng basadi mo Dithuto le Dikgakololo 25?

Gatisa