2012
Mo Gare ga Ipaakanyetso ya Gago ya Thomo
Phukwi 2012


Banana

Mo Gare ga Ipaakanyo ya Gago ya Thomo

Moporesidente Uchtdorf o bolelela barongwa gore ba ikakanye ba le mo legareng la dithomo tsa bone. O ka dirisa gape mogopolo o mo ipaakanyetsong ya thomo ya gago: o ka tswa o le 12 kgotsa 18, o ka ipaakanyetsa go diragatsa thomo.

Ke eng dilo tse o ka di dirang “mo gareng” ga go ipaakanyetsa thomo?

  • Ka metlha itekanele semoweng go ya tempeleng.

  • O ithute go lemoga tshedimoso go tsweng Moweng o o Boitshepo ka go kwala tshedimoso ya gago le go e diragatsa.

  • Rapelela barongwa.

  • Botsa barongwa mo kgaolong ya gago se ba gakololang gore o se dire go diragatsa thomo.

  • Ithute go somarela nako ya gago ka botswerere, go balelwa ditiro tsa botlhokwa jaaka tirelo, go ithuta Lefoko la Tumelo, le go kwala jenale.

  • Fa o buwa le leloko la lelwapa, a belana Lefoko la tumelo le le go tlhotlheleditseng mo bosheng. Tlhalosa seo se akanyang ka Lefoko la tumelo.

  • Botsa ditsala tsa gago kaga bodumedi jwa bone le se ba dumelang mo go sone. O nne le keletso ya go abelana tumelo ya gago. Ba laletse go tla kerekeng kgotsa ditiro.

Jaaka o lemoga gore o mo gare ga ipaakanyetso thomo ya gago, o ka tshela botshelo jwa gago gore o itekanele semoweng mo go tshepiweng ke Morena le bopati jwa Mowa.

Gatisa